Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Kgosi E ne E Itumetse Thata!

Kgosi E ne E Itumetse Thata!

E NE e le ka Phatwe 1936. Lefelo e ne e le Swaziland Royal Kraal. Robert le George Nisbet ba ne ba sa tswa go tshameka mmino le dipuo tse di rekotilweng tsa ga Mokaulengwe J. F. Rutherford mo koloing ya bone e e nang le sebuelagodimo. Kgosi Sobhuza II o ne a itumetse thata. George o tlhalosa jaana: “Re ne ra tlhabiwa ke ditlhong fa kgosi e ne e batla go reka motšhini o o neng o tshameka direkoto, direkoto le sebuelagodimo sa molaetsa wa Bogosi!”

Robert o ne a kopa maitshwarelo mme a tlhalosa gore dilo tseno ga di rekisiwe. Ka ntlha yang? Ka gonne e le tsa mongwe. Kgosi e ne e batla go itse gore ke tsa ga mang.

Robert o ne a araba ka go re, “Ke tsa Kgosi e nngwe.” Go tswa foo Sobhuza o ne a botsa gore Kgosi eo ke mang. Robert o ne a re: “Ke Jesu Keresete, Kgosi ya Bogosi jwa Modimo.”

Sobhuza o ne a bua jaana ka tlotlo e e boteng: “Ee, ke Kgosi e kgolo. Ga ke batle go tsaya sepe sa gagwe.”

Robert o ne a kwala jaana: ‘Ke ne ka kgatlhiwa thata ke botho jwa Kgosikgolo eo, e bong Kgosi Sobhuza. O ne a itse go bua Seesemane sentle, a sa ikgantshe e bile a se mabela, o ne a bua a sa potapote mme o ne a atamelesega. Ke ne ka nna le ene mo ofising ya gagwe mo e ka nnang metsotso e le 45, fa George a ntse a tshameka mmino kwa ntle.’

Robert o tswelela ka go re: ‘Moragonyana mo letsatsing leo, re ne ra ya kwa Swazi National School, fa re le koo re ne ra nna le maitemogelo a a kgatlhang tota. Re ne ra rerela mogokgo wa sekolo seo mme o ne a iketleeleditse go reetsa. Fa re umaka motšhini mme re mo kopa gore re tshamekele sekolo sotlhe dipuo tse di rekotilweng, o ne a itumela tota a bo a bitsa baithuti ba ka nna lekgolo gore ba tle go nna mo bojannyeng mme ba reetse. Re ne ra bolelelwa gore kwa sekolong seo se segolwane basimane ba ne ba rutiwa temothuo, go jala ditshingwana, go betla, go aga, Seesemane le dipalo; mme basetsana bone ba ne ba rutiwa tiro ya booki, ditiro tsa mo gae le ditiro tse dingwe tse di botlhokwa.’ Mmèmogolo wa ga Kgosikgolo ke ene a neng a simolola sekolo seo. *

Baithuti ba sekolo se segolwane ba ba neng ba reeditse puo ya phatlalatsa kwa Swaziland ka 1936

Fa e sa le ka 1933, Kgosi Sobhuza o ne a itumelela go reetsa babulatsela ba ba neng ba tla kwa Kgotleng ya Kgosi. Mo lekgetlong lengwe o ne a bo a phutha bafemedi ba gagwe, e leng masole a le 100 go tla go reetsa molaetsa wa Bogosi o o rekotilweng. O ne a  dira peeletso ya dimakasine mme a amogela dikgatiso tse bakaulengwe ba neng ba di tshotse. Go ise go ye kae Kgosi e ne ya batla e nna le laeborari e e feletseng ya dikgatiso tsa molaetsa wa Bogosi. Mo godimo ga moo, o ne a boloka laeborari eo e feletse le fa puso ya Boritane ya bokolone e ne e thibetse dikgatiso tsa rona ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe.

Kgosi Sobhuza II o ne a tswelela a amogela Basupi kwa Kgotleng ya Kgosi e e kwa Lobamba, a bo a bitsa baruti gore ba tle go reetsa dipuo tsa Baebele. Mo lekgetlong lengwe fa Mosupi wa mo lefelong leo yo o bidiwang Helvie Mashazi, a ne a tlotla ka Mathaio kgaolo 23, setlhopha sengwe sa baruti se ne sa tlola ka bogale mme ba leka go mo pateletsa go nna fa fatshe. Le fa go ntse jalo, Kgosi e ne ya tsereganya mme ya kopa Mokaulengwe Mashazi gore a tswelele. Mo godimo ga moo, Kgosi e ne ya bolelela bareetsi gore ba kwale ditemana tsotlhe tsa Baebele tse di umakilweng mo puong!

Mo lekgetlong lengwe, morago ga go reetsa puo e e neng e neetswe ke mokaulengwe wa mmulatsela, baruti ba le banè ba ba neng ba le gone ba ne ba re: “Ga re tlhole re le baruti mme re Basupi ba ga Jehofa.” Go tswa foo ba ne ba botsa mmulatsela yoo gore a o na le dibuka tse di tshwanang le tse Kgosikgolo a nang le tsone.

Go tloga ka bo1930 go fitlha Kgosikgolo a swa ka 1982, o ne a tlotla Basupi ba ga Jehofa mme o ne a sa letle gore ba bogisiwe ka ntlha ya go sa dire dingwao tsa Seswati. Ka jalo, Basupi ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go mo leboga, mme ba ne ba hutsafalela loso lwa gagwe thata.

Mo masimologong a 2013, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 3 000 kwa Swaziland. E re ka naga eno e na le baagi ba ba fetang milione, mmoledi a le 1 o lebanwe ke batho ba le 384 ba a tshwanetseng go ba rerela. Babulatsela ba ba fetang 260 ba ne ba dira ka natla mo diphuthegong di le 90, mme batho ba le 7 496 ba ne ba nna gone mo Segopotsong ka 2012. Ga go pelaelo gore naga eno e sa ntse e ka nna le palo ya baboledi ba ba oketsegileng. Basupi ba ba neng ba etela Swaziland ka dingwaga tseo tsa bo1930, ba ne ba thaya motheo o o nonofileng tota.—Go tswa mo mabolokelong a rona mo Afrika Borwa.

^ ser. 8 The Golden Age, June 30, 1937, tsebe 629.