Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega

Dikgakololo Tsa ga Jehofa di a Ikanyega

“Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.”—PES. 19:7.

1. Gantsi batho ba Modimo ba ithuta ditlhogo dife, mme re solegelwa molemo jang ke go di boaboeletsa?

FA O ntse o baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo, a o kile wa akanya jaana, ‘A ga re a ka ra sekaseka kgang eno mo nakong e e fetileng?’ Fa e le gore o na le lobaka lo loleele o kopanela le phuthego ya Bokeresete, gongwe o lemogile gore gangwe le gape re ithuta ditlhogo tse di tshwanang. Gantsi re ithuta ka Bogosi jwa Modimo, thekololo, tiro ya go dira barutwa le dinonofo tse di jaaka lorato le tumelo. Fa re sekaseka ditlhogo tse di jaaka tseno, seno se re thusa gore tumelo ya rona e nne e nonofile le gore re ‘nne badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.’—Jak. 1:22.

2. (a) Gantsi polelwana dikgakololo tsa Modimo e kaya eng? (b) Dikgakololo tsa Modimo di farologana jang le tsa batho?

2 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “kgakololo” gantsi le kaya melao le ditaelo tse Modimo a di nayang batho ba gagwe. Go farologana le melao ya batho, e gantsi e tlhokang go fetolwa le go tlhabololwa, melao ya ga Jehofa yone e a ikanyega ka metlha. Le fa mengwe ya yone e diretswe nako e e rileng kgotsa boemo jo bo rileng, ga e ke e nna le diphoso. Mopesalema o ne a re: “Tshiamo ya dikgakololo tsa gago ke ya bosakhutleng.”—Pes. 119:144.

3, 4. (a) Dikgakololo tsa ga Jehofa di ka akaretsa eng? (b) Baiseraele ba ne ba ka solegelwa molemo jang ke go di ikobela?

3 Gongwe o ka tswa o lemogile gore ka dinako dingwe dikgakololo tsa Jehofa di akaretsa melaetsa ya tlhagiso. Ka metlha Modimo o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go tlhagisa setšhaba sa Iseraele. Ka sekai, pelenyana fela ga Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a ba tlhagisa jaana: “Itiseng gore pelo ya lona e se ka ya hepisiwa, mme lo bo lo fapoga lo obamela medimo e mengwe lo e ikobela, mme bogale jwa ga Jehofa jwa lo tukela.” (Dute. 11:16, 17) Baebele e bontsha gore Modimo o ne a naya batho ba gagwe dikgakololo tse dintsi tse di mosola.

 4 Ka makgetlho a le mantsi, Jehofa o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba mmoife, ba reetse lentswe la gagwe ba bo ba itshepise leina la gagwe. (Dute. 4:29-31; 5:28, 29) Ga go pelaelo gore, fa ba ne ba ka ikobela dikgakololo tseno, ba ne ba tla amogela masego a mantsi.—Lefi. 26:3-6; Dute. 28:1-4.

KAFA BAISERAELE BA NENG BA TSIBOGELA DIKGAKOLOLO TSA MODIMO KA GONE

5. Ke eng fa Jehofa a ne a lwela Kgosi Hesekia?

5 Modimo o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe go ralala hisitori ya Baiseraele e e neng e tletse ka ditiragalo. Ka sekai, fa Kgosi Senakeribe wa Asiria a ne a tlhasela Juda a bo a tshosetsa Kgosi Hesekia gore o tla mo menola mo pusong, Jehofa o ne a tsereganya ka go romela moengele wa gagwe. Mo bosigong bo le bongwe fela, moengele wa Modimo o ne a bolaya “monna mongwe le mongwe yo o pelokgale yo o thata” mo masoleng a Asiria, ka jalo, Senakeribe o ne a patelesega go boela morago a tlhabilwe ke ditlhong. (2 Ditir. 32:21; 2 Dikg. 19:35) Ke eng fa Modimo a ne a lwela Kgosi Hesekia? Ka gonne Hesekia o ne “a nna a ngaparela Jehofa. A se ka a fapoga mo go mo saleng morago, mme a tswelela a boloka ditaelo tsa gagwe.”—2 Dikg. 18:1, 5, 6.

Dikgakololo tsa ga Jehofa di ne tsa tlhotlheletsa Josia gore a femele kobamelo ya boammaaruri (Bona serapa 6)

6. Kgosi Josia o ne a bontsha jang gore o ikanya Jehofa?

6 Sekao se sengwe sa motho yo o neng a ikobela ditaelo tsa ga Jehofa ke Kgosi Josia. Go simolola a sa ntse a le dingwaga di le robedi fela, o ne “a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa . . . A se ka a fapogela kafa mojeng kgotsa kafa molemeng.” (2 Ditir. 34:1, 2) Josia o ne a bontsha gore o ikanya Jehofa ka go tlosa medingwana mo nageng, a bo a busetsa kobamelo ya boammaaruri. Go dira jalo go ne ga dira gore Josia a segofadiwe mmogo le setšhaba sotlhe.—Bala 2 Ditiragalo 34:31-33.

7. Fa Baiseraele ba ne ba itlhokomolosa dikgakololo tsa ga Jehofa, ba ne ba nna le diphelelo dife?

7 Ka maswabi, ga se ka metlha batho ba Modimo ba neng ba ikanya dikgakololo tsa ga Jehofa ka botlalo. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, ba ne ba nna ba fetofetoga, ka dinako dingwe ba nna kutlo mme ka dinako tse dingwe ba sa nne kutlo. Fa tumelo ya bone e ne e koafala, gantsi ba ne ba “akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto,” fela jaaka Paulo a ne a bolela. (Baef. 4:13, 14) Mme fela jaaka go ne ga bolelelwa pele, fa ba ne ba sa ikanye dikgakololo tsa Modimo, ba ne ba nna le diphelelo tse di botlhoko.—Lefi. 26:23-25; Jer. 5:23-25.

8. Re ka ithuta eng mo sekaong sa Baiseraele?

8 Sekao sa Baiseraele se ka re solegela molemo ka tsela efe? Fela jaaka Baiseraele, batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba newa kgakololo le kotlhao. (2 Pet. 1:12)  Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le ka re gakolola nako nngwe le nngwe fa re le bala. E re ka re kgona go itirela ditshwetso, re ka tlhopha go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa kgotsa go dira se re bonang se siame mo matlhong a rona. (Dia. 14:12) A re sekasekeng mabaka mangwe a go bo re ka ikanya dikgakololo tsa ga Jehofa, le kafa re solegelwang molemo ka gone fa re di ikobela.

IKOBELE MODIMO MME O TSHELE

9. Fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng, Jehofa o ne a ba tlhomamisetsa jang gore o ba eme nokeng?

9 Fa Baiseraele ba ne ba simolola loeto lo lo neng lwa tsaya dingwaga di le 40 mo ‘nageng e kgolo le e e boitshegang,’ Jehofa ga a ka a ba tlhalosetsa ka botlalo go sa le gale gore o tla ba kaela jang, le go ba sireletsa le go ba tlhokomela. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape o ne a ba bontsha gore ba ne ba ka mo ikanya ba bo ba ikanya ditaelo tsa gagwe. Jehofa o ne a dirisa pilara ya leru motshegare le ya molelo bosigo, go gakolola Baiseraele gore o ne a ba ema nokeng fa a ntse a ba eteletse pele mo nageng e e nang le maemo a a sa itumediseng. (Dute. 1:19; Ekes. 40:36-38) Gape o ne a ba tlamela ka se ba neng ba se tlhoka. “Diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala, le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga.” Ruri “ba ne ba sa tlhaele sepe.”—Neh. 9:19-21.

10. Jehofa o kaela batho ba gagwe jang gompieno?

10 Gompieno batlhanka ba Modimo ba gaufi le go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo. A re ikanya Jehofa gore o tla re tlamela ka se re se tlhokang gore re falole “pitlagano e kgolo” e e tlang? (Math. 24:21, 22; Pes. 119:40, 41) Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a dirise pilara ya leru kgotsa ya molelo go re thusa gore re tsene mo lefatsheng le lesha. Le fa go ntse jalo, o dirisa phuthego ya gagwe go re thusa go nna re ntshitse matlho dinameng. Ka sekai, go ile ga gatelelwa thata gore re ikage semoyeng ka go nna le thuto ya motho a le esi ya Baebele, go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, mmogo le go nna gone ka metlha kwa dipokanong le mo bodireding. A re dirile diphetogo gore re kgone go ikobela ditaelo tseno? Go dira jalo go tla re thusa gore re nne le tumelo e e tla re thusang gore re kgone go tsena mo lefatsheng le lesha.

Go dirisa dikgakololo tsa ga Jehofa go re thusa gore re boloke Diholo tsa rona tsa Bogosi di babalesegile e bile go le motlhofo go di dirisa (Bona serapa 11)

11. Dingwe tsa ditsela tse di bontshang gore Modimo o amega ka rona ke dife?

11 Ditaelo tse re di neilweng di re thusa go nna re thantse semoyeng, gape di re thusa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Dingwe tsa ditaelo tseno di akaretsa go leba dilo tse di bonalang ka tekatekano le go boloka leitlho la rona le sa raraana gore re se ka ra tlhobaela thata. Gape re ile ra solegelwa molemo ke kaelo e e malebana le tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone, go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng le go dira tshwetso ya gore re batla go nna le thutego e e kana kang. Mme akanya ka dikgakololo tse re ileng ra di newa malebana le pabalesego ya magae a rona, dikoloi tsa rona, Diholo Tsa Bogosi le go nna re ipaakanyeditse maemo a tshoganyetso a a ka tlhagang. Dikgakololo tse di ntseng jalo di bontsha gore Modimo o amega ka rona.

DIKGAKOLOLO DI THUSITSE BAKERESETE BA BOGOLOGOLO GO NNA BA IKANYEGA

12. (a) Ke kgang efe e gangwe le gape Jesu a neng a bua le barutwa ba gagwe ka yone? (b) Ke tiro efe ya boikokobetso e Petere a neng a nna a e gakologelwa ka lobaka lo loleele, mme rona e tshwanetse go re ama jang?

12 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba Modimo ba ne ba amogela dikgakololo ka metlha. Gangwe le gape Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe ka botlhokwa jwa go lwela go nna boikokobetso. Le fa go ntse jalo, ga se fela gore o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore go kaya eng go nna boikokobetso—o ne a ba bontsha gore ba ka dira seo jang. Mo letsatsing la bofelo la ga Jesu mo lefatsheng, o ne a kokoanya baaposetoloi ba gagwe gore ba keteke Tlolaganyo. Fa baaposetoloi ba gagwe ba ntse ba ja, Jesu o ne a ema a bo a ba tlhapisa dinao—e leng tiro e gantsi e neng e dirwa ke motlhanka. (Joh. 13:1-17) Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba nna ba gakologelwa  tiro eno e e neng e bontsha boikokobetso. Mo e ka nnang dingwaga di le 30 morago ga foo, moaposetoloi Petere yo o neng a le gone fa tiragalo eo e ne e direga, o ne a naya badumedimmogo le ene kgakololo e e malebana le boikokobetso. (1 Pet. 5:5) Sekao sa ga Jesu se tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona gore a bontshe boikokobetso fa a dirisana le ba bangwe.—Bafil. 2:5-8.

13. Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe ka botlhokwa jwa go leka ka natla go nna le nonofo efe e e tlhokegang?

13 Gape Jesu o ne a nna a tlotla le barutwa ba gagwe ka botlhokwa jwa go nna le tumelo e e nonofileng. Fa barutwa ba sena go palelwa ke go leleka ledimona le le neng le le mo mosimaneng mongwe, ba ne ba botsa Jesu ba re: “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go le leleka?” Jesu o ne a araba jaana: “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne ammaaruri ke a lo raya, Fa lo na le tumelo ya bogolo jwa tlhaka ya mosetara, . . . ga go na sepe se se tla nnang se sa kgonege mo go lona.” (Math. 17:14-20) Mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a ruta barutwa ba gagwe gore tumelo ke nonofo ya botlhokwa. (Bala Mathaio 21:18-22.) A re letla gore ditaelo tse di agang tse re di newang kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye le kwa dipokanong tsa Bokeresete di nonotshe tumelo ya rona? Tseno ga se dikokoano tse di itumedisang fela; mme gape di re naya tshono ya gore re bontshe gore re ikanya Jehofa.

14. Ke eng fa go le botlhokwa gore re lwele go nna le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete gompieno?

14 Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di na le dikgakololo tse dintsi tse di re thusang gore re ratane. Jesu o ne a re taelo ya bobedi e kgolo thata ke go ‘rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’ (Math. 22:39) Ka tsela e e tshwanang, morwarraagwe Jesu ka rraagwe o ne a re lorato ke “molao wa segosi.” (Jak. 2:8) Moaposetoloi Johane o ne a re: “Baratwa, ga ke lo kwalele taelo e ntšha, mme taelo e kgologolo e lo nnileng le yone go tloga kwa tshimologong.” (1 Joh. 2:7, 8) Johane o ne a kaya eng fa a ne a bua ka “taelo e kgologolo”? O ne a bua ka taelo ya gore re bontshe lorato. E ne e le “kgologolo” ka gonne Jesu o ne a buile ka yone masomesome a dingwaga pelenyana, “go tloga kwa tshimologong.” Mme gape, e ne e le “ntšha” ka gore e ne e tlhoka gore barutwa ba bontshe lorato lwa go intsha setlhabelo, e leng nonofo e ba neng ba tla e tlhoka fa ba lebana le maemo a masha. E re ka re le barutwa ba ga Keresete, a ga re anaanele ditlhagiso tse di re thusang go itisa kgatlhanong le moya wa boithati o o anameng thata mo lefatsheng leno, o o ka dirang gore re se ka ra rata moagelani?

15. Tiro ya konokono ya ga Jesu e ne e le eng fa a ne a le mo lefatsheng?

15 Jesu o ne a kgatlhegela batho. Re bona tsela e a neng a amega ka batho ka yone fa a ne a fodisa batho ba ba lwalang le ba ba bokoa  le fa a ne a tsosa baswi. Le fa go ntse jalo, tiro ya konokono ya ga Jesu e ne e se go alafa batho mo mmeleng. Tiro ya gagwe ya go rera le go ruta e ne ya ama matshelo a batho ka tsela e e nnelang ruri. Jang? Ka sekai, re a itse gore batho ba Jesu a neng a ba fodisa le ba a neng a ba tsosa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, kgabagare ba ne ba tsofala ba bo ba swa, mme gone ba ba neng ba amogela molaetsa wa gagwe ba ne ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 11:25, 26.

16. Tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa e dirwa ka selekanyo se se kana kang gompieno?

16 Tiro ya go rera e Jesu a neng a e simolola mo lekgolong la ntlha la dingwaga e dirwa ka selekanyo se segolo thata gompieno. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Math. 28:19) Ruri ba ile ba dira jalo, mme le rona re ka re re dira jalo! Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le supa ba rera ka Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo mo dinageng di feta 230, e bile ka metlha ba ithuta Baebele le batho ba le dimilione. Tiro eno ya go rera ke bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo.

IKANYE JEHOFA GOMPIENO

17. Paulo le Petere ba ne ba ntsha kgakololo efe?

17 Ga go pelaelo gore dikgakololo di ne tsa thusa Bakeresete ba bogologolo gore ba nne ba nitame mo tumelong. Akanya fela kafa Timotheo a neng a kgothatsega ka gone, fa moaposetoloi Paulo yo o neng a le mo kgolegelong a ne a mmolelela jaana: “Nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng a o neng wa a utlwa mo go nna.” (2 Tim. 1:13) Fa moaposetoloi Petere a sena go kgothatsa Bakeresete ka ene gore ba leke go nna le dinonofo tse di jaaka boitshoko, lorato lwa bokaulengwe le boikgapo, o ne a re: “Ke tla go dira mokgwa go lo gakolola ka metlha ka dilo tseno, le mororo lo di itse lo bile lo tlhomame mo boammaaruring.”—2 Pet. 1:5-8, 12.

18. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leba dikgakololo jang?

18 Makwalo a Paulo le Petere ba a kwadileng a umaka “mafoko a a neng a buiwa pelenyana ke baporofeti ba ba boitshepo.” (2 Pet. 3:2) A bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kgopisiwa ke kaelo eno? Nnyaa, ka gonne e ne e le tsela e Modimo a neng a ba bontsha lorato ka yone, e e neng ya ba thusa go ‘tswelela ba gola mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.’—2 Pet. 3:18.

19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya dikgakololo tsa ga Jehofa, mme go dira jalo go re solegela molemo jang?

19 Gompieno re na le mabaka a mantsi a go ikanya dikgakololo tsa ga Jehofa tse di mo Lefokong la gagwe le le ikanyegang, e leng Baebele. (Bala Joshua 23:14.) Mo go yone, re bona kafa Modimo a neng a dirisana le batho ba ba sa itekanelang ka gone go ralala dingwaga di le dintsi. Ditiragalo tseno tsa nako e e fetileng, di kwaletswe rona gore di re solegele molemo. (Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11) Re bone boporofeti jwa Baebele bo diragadiwa. Boporofeti bo ka tshwantshiwa le dikgakololo tse di boleletsweng pele. Ka sekai, batho ba le dimilione ba ile ba thologela mo kobamelong ya boammaaruri ya ga Jehofa, fela jaaka go ne ga bolelelwa pele gore go tla diragala mo “bofelong jwa metlha.” (Isa. 2:2, 3) Maemo a lefatshe a a ntseng a senyegela pele le one a diragatsa boporofeti jwa Baebele. Mme jaaka re sa tswa go tlhalosa, tiro e e oketsegileng ya go rera e e ntseng e tswela pele mo lefatsheng lotlhe, e diragatsa mafoko a ga Jesu ka tlhamalalo.—Math. 24:14.

20 Se Mmopi wa rona a se dirileng mo nakong e e fetileng, se bontsha gore re ka mo ikanya. A seno se re solegela molemo? Re tshwanetse go ikanya dikgakololo tsa gagwe. Ke sone se Rosellen a neng a se dira. A re: “Fa ke simolola go ikanya Jehofa ka botlalo, ke ne ka simolola go bona sentle kafa a ntlhokometseng ka lorato ka gone le kafa a nnonotshang ka gone.” E kete le rona re ka solegelwa molemo ke go ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa.