Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE | TOTA MOLAETSA WA BAEBELE WA RENG?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Kgatlhegela Baebele?

Baebele ke buka e e tumileng thata. Ka ntlha yang? Ka gonne go motlhofo go e tlhaloganya. E na le dipego tsa dilo tse di diragetseng tsa batho ba mmatota, kafa ba ileng ba dirisana ka teng le kafa ba ileng ba dirisana le Modimo ka teng. Dipego tseno di re ruta dithuto tse di mosola di dirisa mafoko a a sa raraanang a a ka tlhalosiwang ka dipuo di le dintsi e bile a tlhaloganngwa ke batho ba ba nnang le fa a le kae kgotsa ba ba tshelang mo nakong le fa e le efe. Mme melaometheo ya Baebele e bereka ka dinako tsotlhe.

Se se botlhokwa le go feta, Baebele e bontsha gore ga se buka fela e e buang ka Modimo mme gape e tswa kwa Modimong. E senola leina la Modimo, botho jwa gagwe le boikaelelo jwa gagwe jo bo sa fetogeng jwa go bo a bopile lefatshe le batho. Gape Baebele e tlhalosa kafa molemo o sa bolong go tswelela o le teng le fa go na le tlhotlheletso ya bosula: e leng kgang e e amang batho botlhe e e felelang ka boitumelo. Go bala Baebele re ikemiseditse go amogela dikgopolo tse disha go tla dira gore re nne le tumelo le tsholofelo.

Mo Baebeleng, go na le tshedimosetso e re ka se kang ra e bona gope go sele. Ka sekai, Baebele e re bolelela boammaaruri ka dilo tse di jaaka tseno:

  • Gore re tswa kae le gore ke ka ntlha yang fa re boga

  • Dithulaganyo tsa Modimo tsa go golola batho

  • Se Jesu a se re diretseng

  • Se se tla diregang ka lefatshe le ka batho

Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke ditsebe tse di latelang ka bokhutshwane go bona gore tota molaetsa wa Baebele ke eng?