Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ATAMALANA LE MODIMO

‘Jehofa O ne A lo Itshwarela a Gololesegile’

‘Jehofa O ne A lo Itshwarela a Gololesegile’

“Motho yo o sa kgoneng go itshwarela ba bangwe o itshenyetsa ditsela.” Mafoko ao a rahisitori wa lekgolo la bo17 la dingwaga wa Moboritane e bong Edward Herbert a bontsha lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go itshwarela batho ba bangwe: Go ise go ye kae, le rona re tla tlhoka go itshwarelwa. (Mathaio 7:12) Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le le botlhokwa le go feta la go bo re tshwanetse go itshwarela ba bangwe. Ela tlhoko mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Balokosa 3:13.—Bala.

E re ka rotlhe re sa itekanela, ka dinako tse dingwe re ka nna ra tena kgotsa ra kgopisa ba bangwe mme le bone ba ka dira se se tshwanang mo go rona. (Baroma 3:23) Re ka dira jang gore re tswelele re agisana le batho ba bangwe ba ba sa itekanelang? A tlhotlhelediwa ke Modimo, Paulo o ne a re gakolola gore re itshokele ba bangwe le go ba itshwarela. Kgakololo eo e sa ntse e le botlhokwa le gompieno fela jaaka e ne e ntse fa e ne e kwalwa dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng. Mma re sekaseke mafoko a ga Paulo.

“Tswelelang lo itshokelana.” Mafoko a a reng “tswelelang lo itshokelana” a ranola lefoko la Segerika le le akantshang go itshoka kgotsa itshwara. Buka nngwe ya re Bakeresete ba bontsha nonofo eno ka “go ikemisetsa go itshokela batho ba diphoso tsa bone kgotsa mekgwa ya bone e e sa itumediseng e ba tenang.” Lefoko le le reng “itshokelana” le bontsha gore go amega batho babedi. Se se rayang gore, fa re gakologelwa gore mekgwa ya rona le yone e ka tswa e kgopisa ba bangwe, re ka se ka ra dira gore dilo tse re sa di rateng ka ba bangwe di senye kagiso ya rona le bone. Mme go tweng fa ba bangwe ba re leofela?

“Tswelelang . . . lo itshwarelana lo gololesegile.” Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “itshwarelana lo gololesegile” “ga se lefoko le le tlwaelegileng la go itshwarela  . . mme ke lefoko le le gatelelang thata tsela ya go itshwarela e e bontshang bopelotshweu.” Buka e nngwe ya re lefoko leo le ka kaya “go dira sengwe se se kgotsofatsang, go dira molemo, go direla motho selo se se mo solegelang molemo.” Re bontsha gore re pelotshweu ka go iketleeletsa go itshwarela tota le fa re na le “lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” Mme gone ke eng fa re tshwanetse go iketleeletsa go direla ba bangwe molemo o o ntseng jalo? Ka gonne go ise go ye kae le rona re ka tlhoka gore motho yo o re kgopisitseng a re bontshe molemo ka gore le rona a re itshwarele.

“Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” Leno ke lebaka le legolo la go bo re tshwanetse go itshwarelana re gololesegile: Jehofa Modimo o re itshwarela a gololesegile. (Mika 7:18) A o ko o akanye ka molemo o mogolo o Jehofa a o diretseng baleofi ba ba ikwatlhayang. Go farologana le rona, Jehofa ga a leofe. Le fa go ntse jalo, o iketleeleditse e bile o itshwarela baleofi ka botlalo tota le fa a itse gore le ka motlha go ka se tlhokege gore baleofi bao le bone ba mo itshwarele. Ga go pelaelo gore Jehofa ke ene sekao se se molemo go gaisa mo go itshwareleng baleofi ba ba ikwatlhayang!

Jehofa ke ene sekao se se molemo go gaisa mo go itshwareleng baleofi ba ba ikwatlhayang!

Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e dira gore re atamalane le ene e bile e re tlhotlheletsa gore re batle go mo etsa. (Baefeso 4:32–5:1) Re tla bo re dira sentle fa re ka ipotsa gore, ‘E re ka Jehofa a re itshwarela ka bopelotshweu jaana, nka gana jang go itshwarela motho yo mongwe yo o sa itekanelang, yo a ikwatlhayang go tswa pelong go bo a nteofetse?’—Luke 17:3, 4.