Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

Kgwetlho ya go Rata Modimo

Kgwetlho ya go Rata Modimo

“‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha.”Jesu Keresete, 33 C.E. *

Ke kgwetlho mo bathong bangwe go rata Modimo. Mo go bone, go lebega ba ka se kgone go tlhaloganya Modimo, ka gonne a le kgakala e bile a le setlhogo. Ela tlhoko kafa batho bangwe ba ileng ba ikutlwa ka teng:

  • “Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse mme ka nako e e tshwanang ke ne ke bona e kete o kgakala, e kete a ka se kgone go nkutlwa. Ke ne ke akanya gore Modimo ga a na maikutlo.”—Marco, Italy.

  • “Le fa ke ne ke batla go direla Modimo ka pelo yotlhe, go ne go lebega a le kgakala thata. Ke ne ke akanya gore ke Modimo yo o setlhogo, yo o batlang fela go re otlhaya. Ke ne ke sa dumele gore a ka kgona go bontsha lorato.”—Rosa, Guatemala.

  • “Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke akanya gore Modimo o ne a batlana le diphoso mo go rona e bile a iketleeditse go re otlhaya fa re tshwanelwa ke go otlhaiwa. Moragonyana ke ne ke akanya gore ga a botsalano. Mo go nna, Modimo o ne a tshwana le tonakgolo e e laolang batho—mme tota e sa ba kgatlhegele.”—Raymonde, Canada.

Wena o akanya jang? A Modimo ga a ratege? Bakeresete ba ile ba ipotsa potso eo makgolo a mantsi a dingwaga. Tota e bile, mo Metlheng ya Bogare, bontsi jwa batho ba ba mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba sa rapele Modimo Mothatayotlhe. Ka ntlha yang? Batho ba ne ba mmoifa ka tsela e e feteletseng. Rahisitori e bong Will Durant ene a re: “Moleofi a ka kgona jang go rapela Modimo yo o boifisang jaana e bile a se botsalano?”

Go tlile jang gore Modimo a tsewe a “boifisa e bile a se botsalano”? Tota Baebele e ruta eng ka Modimo? A go ithuta boammaaruri ka Modimo go ka go thusa gore o mo rate?