Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE

Boammaaruri Bo ka Go Golola

Boammaaruri Bo ka Go Golola

Ka letsatsi lengwe kwa Jerusalema, Jesu o ne a bua ka Rraagwe, Jehofa e bile a senola baeteledipele ba bodumedi jwa maaka ba motlha wa gagwe. (Johane 8:12-30) Se a se buileng ka nako eo se re ruta kafa re tshwanetseng go sekaseka ka gone ditumelo tse di leng teng gompieno ka Modimo. Jesu o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.

“Nnela ruri mo lefokong la me.” Fano Jesu o ne a re bontsha tsela ya go sekaseka gore a dithuto tsa bodumedi di “boammaaruri.” Fa o utlwa sengwe se se buiwang ka Modimo, ipotse gore, ‘A seno se tsamaisana le mafoko a ga Jesu le Dikwalo tsotlhe tse di Boitshepo?’ Etsa batho ba ba ileng ba utlwa moaposetoloi Paulo a bua mme ba bo ba “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno [dilo tse ba neng ba di ithuta] di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

Batho botlhe ba ba nopotsweng mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono e bong Marco, Rosa le Raymonde, ba ile ba tlhatlhoba ka kelotlhoko dilo tse ba di dumelang ka go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ba ile ba ithuta eng?

Marco: “Motho yo o neng a re ruta Baebele o ne a araba potso nngwe le nngwe e nna le mosadi wa me re neng re e botsa a dirisa Dikwalo. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e ne ya simolola go gola mme gape re ne ra simolola go atamalana thata jaaka monna le mosadi!”

Rosa: “Kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore Baebele e ne e le buka ya filosofi fela e e lekang go tlhalosa ka Modimo e dirisa megopolo ya batho. Le fa go ntse jalo, ka bonya ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke na le tsone go tswa mo Baebeleng. Gone jaanong, Jehofa ke motho wa mmatota mo go nna. Ke Mongwe yo nka mo ikanyang.”

Raymonde: “Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse gore ke ithute ka ene. Go ise go ye kae morago ga foo, nna le monna wa me re ne ra simolola go ithuta Baebele. Kgabagare, re ne ra ithuta boammaaruri ka Jehofa! Re ne ra itumela thata go ithuta gore ke Modimo yo o ntseng jang.”

Baebele ga e senole fela maaka a a buiwang ka Modimo; e senola le boammaaruri ka dinonofo tsa gagwe tse dintle. Ke Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng mme le re thusa go “itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.” (1 Bakorintha 2:12) Ke eng o sa iponele ka bowena kafa Baebele e arabang dipotso tse di tlwaelegileng ka teng mme e le tsa botlhokwa thata tse di kaga Modimo, maikaelelo a gagwe le isagwe ya rona? Bala dingwe tsa dikarabo tsa dipotso tseno kafa tlase ga setlhogo se se reng “Dithuto Tsa Baebele >Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” mo go www.pr418.com/tn. Gape o ka kopa thuto ya Baebele mo go website eo kgotsa mo go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re tlhomamisegile gore fa o ka dira jalo, o ka fitlhela go le motlhofo thata go rata Modimo go na le kafa o neng o akantse ka teng.