Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ATAMALANA LE MODIMO

“Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”

“Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”

A Jehofa o anaanela se baobamedi ba gagwe ba se dirang go leka go mo itumedisa? Bangwe ba ka nna ba re nnyaa, ba bolela gore Modimo ga a re kgatlhegele. Mme go bua jalo tota ke go senya Modimo leina. Lefoko la gagwe e leng Baebele le neela bosupi. Le re tlhomamisetsa gore Jehofa o anaanela maiteko a baobamedi ba gagwe ba a dirang. Ela tlhoko mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Bahebera 11:6.

Go tlhokega eng go itumedisa Jehofa? Paulo a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” Ela tlhoko gore Paulo ga a re go thata go itumedisa Modimo kwantle ga tumelo. Go na le moo, moaposetoloi a re ga go kgonege go dira jalo. Ka mafoko a mangwe, go botlhokwa go nna le tumelo gore re itumedise Modimo.

Ke tumelo e e ntseng jang e e itumedisang Jehofa? Tumelo ya rona e tshwanetse go akaretsa dilo tse pedi. Sa ntlha, re “tshwanetse go dumela gore o gone.” Re ne re ka kgona jang go itumedisa Modimo fa e le gore re belaela gore o teng? Le fa go ntse jalo, tumelo ya mmatota e akaretsa se se fetang seo, ka gonne tota le madimona a dumela gore Jehofa o teng. (Jakobe 2:19) Fa re dumela gore tota Modimo o teng, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go dira sengwe, se se rayang gore, re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo ka go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo.—Jakobe 2:20, 26.

Sa bobedi, re “tshwanetse go dumela gore” Modimo ke “moduedi.” Motho yo o nang le tumelo ya mmatota o tlhatswegile pelo tota gore maiteko a gagwe a go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo ga se a lefela. (1 Bakorintha 15:58) Re ka itumedisa Jehofa jang fa e le gore re belaela gore o kgona e bile o batla go re duela? (Jakobe 1:17; 1 Petere 5:7) Motho yo o akanyang gore Modimo o tshwanetse a bo a sa kgathale, a sa re anaanele e bile a le pelotshetlha tota ga a itse Modimo yo Baebele e buang ka ene.

Jehofa o duela bomang? Paulo a re: “Ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Buka nngwe e e kwaletsweng baranodi ba Baebele e bolela gore lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “mmatlang ka tlhoafalo” ga le kaye “go ya go batla” go na le moo, le kaya go tla mo Modimong “ka go mo obamela.” Buka e nngwe e tlhalosa lediri leno la Segerika e le tsela e e akantshang maiteko a magolo thata. Ee, Jehofa o duela ba tumelo ya bone e ba tlhotlheletsang go mo obamela ka lorato lo lo tswang pelong le ka tlhoafalo.—Mathaio 22:37.

Re ka itumedisa Jehofa jang fa e le gore re belaela gore o kgona e bile o batla go re duela?

Jehofa o duela jang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang? O ba solofeditse tuelo e e botlhokwa thata ya isagwe e e bontshang bopelotshweu le lorato lwa gagwe lo logolo—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. (Tshenolo 21:3, 4) Tota le gone jaanong, batho ba ba batlang Jehofa ka tlhoafalo ba nna le masego a magolo. Ka thuso ya moya o o boitshepo le botlhale jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, ba tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.—Pesalema 144:15; Mathaio 5:3.

Ga go pelaelo gore Jehofa ke Modimo yo o anaanelang le yo o itumelelang tirelo e e ikanyegang ya baobamedi ba gagwe ba ba tlhoafetseng. A go itse seo go go tlhotlheletsa gore o batle go atamalana le ene? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng o sa ithute mo go oketsegileng malebana le kafa o ka bontshang le go lwela go nna le tumelo e Jehofa a tla e duelang?

Dikgaolo Tsa Baebele Tse di ka Balwang ka Ngwanatsele

Tito 1-3; Filemone 1-25; Bahebera 1-13Jakobe 1-5