Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | A RE TLHOKA MODIMO?

Ke Eng fa Potso Eno e le Botlhokwa?

Ke Eng fa Potso Eno e le Botlhokwa?

“A o akanya gore ga o tlhoke Modimo? Batho ba le dimilione ba akanya jalo.” Seo e ne e le setlhogo sengwe mo lomating lwa phasalatso lo lo dueletsweng ke setlhopha sengwe sa balatolamodimo. Go bonala bone ba akanya gore ga ba tlhoke Modimo.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ba ba bolelang gore ba dumela mo Modimong, ba dira dilo e kete ga ba dumele gore o teng. Bishopomogolo mongwe wa Katoliki e bong Salvatore Fisichella, o ne a bolela jaana ka batho ba ba mo kerekeng ya gagwe: “Fa batho ba re lebile, ba ka se akanye gore re Bakeresete ka gonne re tshela fela jaaka batho ba ba sa dumeleng mo Modimong.”

Batho ba bangwe ba tshwaregile thata go ka akanya ka Modimo. Ba akanya gore o kgakala thata go ka nna le seabe mo matshelong a bone. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba akanya fela ka Modimo fa ba le mo mathateng kgotsa fa ba tlhoka sengwe—e nna e kete ke motlhanka wa bone yo o tshwanetseng go dira sengwe le sengwe se ba se batlang.

Ba bangwe ga ba bone mosola wa dithuto tsa bodumedi kgotsa tota e bile, ga ba dire se dikereke tsa bone di se rutang. Go umaka sekai se le sengwe, diperesente di le 76 tsa Bakatoliki ba kwa Jeremane ba dumela gore ga go phoso fa monna le mosadi ba nna mmogo pele ga lenyalo—sengwe se se thulanang le dithuto tsa kereke ya bone le dithuto tsa Baebele. (1 Bakorintha 6:18; Bahebera 13:4) Gone ke boammaaruri gore ga se Bakatoliki fela ba ba sa direng se dikereke tsa bone di se rutang. Baruti ba le bantsi ba ngongorega ka gore batho ba ba mo dikerekeng tsa bone ba itshwara jaaka batho ba ba sa dumeleng mo Modimong.

Dikai tseno di dira gore re ipotse potso eno: A tota re tlhoka Modimo? Potso eno ga e bolo go bodiwa. E ile ya bodiwa ka lekgetlho la ntlha mo bukeng ya ntlha ya Baebele. Gore re tle re bone karabo ya potso eo, mma re ele tlhoko dipotso di le mmalwa tse di ileng tsa bodiwa mo bukeng ya Baebele ya Genesise.