Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 PUISANO LE MOAGELANI

Ke Eng fa Modimo a Letleletse Pogo?

Ke Eng fa Modimo a Letleletse Pogo?

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Katlego o etetse mosadi mongwe yo o bidiwang Goitsemang.

MODIMO O IKUTLWA JANG FA RE BOGA?

Katlego: Dumela Goitsemang. Ke itumela go bo ke go fitlhetse mo gae.

Goitsemang: Le nna ke itumetse.

Katlego: Nako e e fetileng fa ke ne ke le fano, re ne ra tlotla ka gore Modimo o ikutlwa jang fa re boga. * O ne wa tlhalosa gore ke sengwe se o ntseng o ipotsa ka sone ka nako e telele, segolobogolo morago ga gore mmaago a gobale mo kotsing ya koloi. Gone mmaago o tsogile jang?

Goitsemang: Go na le malatsi a ka one a tsogileng sentle mme ka a mangwe ga a tsoge sentle. Gompieno o tsogile sentle.

Katlego: Ke itumelela go utlwa seo. E tshwanetse ya bo e le kgwetlho tota go sa kgobege marapo fa o le mo seemong se se jaaka seno.

Goitsemang: Ee ke kgwetlho. Ka dinako tse dingwe ke ipotsa gore mmè o sa ntse a tla boga nako e kana kang.

Katlego: Gone ke ga tlholego go ikutlwa jalo. O ka tswa o gakologelwa gore kwa bofelong jwa loeto lwa rona lo lo fetileng, ke ne ka go tlogela ka potso ya gore ke eng fa Modimo a letleletse pogo go tswelela pele fa e le gore o na le maatla a go e fedisa.

Goitsemang: Ee, ke a gakologelwa.

Katlego: Pele ga re sekaseka karabo e e tswang mo Baebeleng, mma re boeletse dintlha di le mmalwa tse re neng re bua ka tsone mo nakong e e fetileng.

Goitsemang: Go siame.

Katlego: Sa ntlha, re ile ra ithuta gore tota le monna yo o ikanyegang wa motlha wa ditiragalo tsa Baebele o ne a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ise a ko a mo omanye go bo a ne a botsa ka seo, e bile Modimo ga a ka a mo raya a re o tlhoka fela tumelo e e oketsegileng.

Goitsemang: Ke ne ke simolola go utlwa seo.

Katlego: Gape re ne ra ithuta gore Jehofa Modimo ga a batle go re bona re boga. Ka sekai, Baebele ya re fa batho ba gagwe ba ne ba le mo matshwenyegong, “go ne go mo tshwenya thata.” * A ga go gomotse go itse gore Modimo o re utlwela botlhoko fa re boga?

Goitsemang: Ee, gone.

Katlego: Sa bofelo, re ne ra dumalana gore fa re akanya ka maatla a magolo a Mmopi wa rona a nang le one, ga go pelaelo gore o kgona go tsaya kgato mme a fedise pogo nako nngwe le nngwe.

Goitsemang: Ke sone se ke sa se tlhaloganyeng. Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela gore dilo tseno tsotlhe tse di bosula di direge fa e le gore o na le maatla a go di thibela gore di se ka tsa direga?

KE MANG YO O NENG A BUA BOAMMAARURI?

Katlego: Re ka simolola go batla karabo ya potso ya gago ka go bula buka ya ntlha ya Baebele e leng Genesise. A o itse pego e e buang ka Adame le Efa le ka setlhare se se ileditsweng?

Goitsemang: Ee, re ithutile ka kgang eo kwa sekolong sa Sontaga. Modimo o ne a re ba se ka ba ja setlhare se se rileng, mme ba ne ba se ja fela.

 Katlego: Ke boammaaruri. Jaanong, mma re tlhome mogopolo mo ditiragalong tse di dirileng gore Adame le Efa ba leofe. Ditiragalo tseo di amana ka tlhamalalo le potso ya gore ke ka ntlha yang fa re boga. A o ka re balela Genesise kgaolo 3, temana 1 go ya go 5 tsweetswee?

Goitsemang: Ke tla e bala. “Jaanong noga ya itshupa e le botlhajana thata mo dibataneng tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo a di dirileng. Ka jalo ya raya mosadi ya re: ‘A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?’ Foo mosadi a raya noga a re: ‘Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, “Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.’” Foo noga ya raya mosadi ya re: ‘Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.’”

Katlego: Ke a leboga. Mma re sekaseke ditemana tseno go sekaenyana. Sa ntlha, ela tlhoko gore noga e ne ya bua le mosadi e bong Efa. Karolo e nngwe ya Baebele e bontsha gore tota e ne e le Satane Diabolo yo o neng a bua, a dirisa noga. * Satane o ne a botsa Efa malebana taelo ya Modimo ka setlhare se se rileng. A o etse tlhoko gore Modimo o ne a re kotlhao e ne e tla nna eng fa Adame le Efa ba ka ja mo go sone?

Goitsemang: Ba ne ba tla swa.

Katlego: Ee, ke boammaaruri. Go tswa foo, ka mafoko a gagwe a a latelang, Satane o latofatsa Modimo ka tatofatso e e masisi. Ela tlhoko gore o ne a reng: “Ruri ga lo kitla lo swa.” Satane o ne a re Modimo o bua maaka!

Goitsemang: Ga ke ise ke ko ke utlwe karolo eo ya kgang eno.

Katlego: Mme fa Satane a ne a re Modimo ke moaki, o ne a tsosa kgang e go neng go tla tsaya nako gore e rarabololwe. A o tlhaloganya gore ka ntlha yang go ntse jalo?

Goitsemang: Hmm. Tota ga ke itse.

Katlego: Gongwe nka go direla sekai seno go tlhalosa ntlha eo. Mma re re ka letsatsi lengwe nna ke go raya ke re maatla go go feta. O ne o ka mpontsha jang gore ga ke bue boammaaruri?

Goitsemang: Ke akanya gore re ne tla tshwanelwa ke go dira teko nngwe.

Katlego: Ee, seo ke boammaaruri. Gongwe re ne re tla tlhopha sengwe se se bokete le go bona gore ke mang yo o kgonang go se tsholetsa. Tota e bile, go motlhofo go bona gore ke mang yo o maatla go feta.

Goitsemang: Ke tlhaloganya se o se buang.

Katlego: Mme go tweng fa e le gore mo boemong jwa gore ke re ke na le maatla go go feta, ke bo ke re ke ikanyega go go feta? Eo e ka se nne kgang e e motlhofo jalo, a ga go jalo?

Goitsemang: Ee, gone.

Katlego: Boammaaruri ke gore, go ikanyega ga se sengwe se se tshwanang le maatla, se motho a ka se bontshang ka go a lekanya.

Goitsemang: Nnyaa.

Katlego: Boammaaruri ke gore, tsela e le nngwe fela ya go rarabolola bothata jono e tla nna ka go dira gore go fete nako e e lekaneng gore batho ba bangwe ba bone gore ke mang mo go rona yo o ikanyegang tota.

Goitsemang: Seo se a utlwala.

Katlego: Jaanong, lebelela gape pego eno ya Genesise. A Satane o ne a re o maatla go gaisa Modimo?

Goitsemang: Nnyaa.

Katlego: Modimo o ka bo a bontshitse ka bonako gore ga a bue boammaaruri. Go na le moo, Satane o ne a bolela gore o ikanyega go feta Modimo. Tota e bile, o ne a raya Efa a re, ‘Modimo o a lo bolelela maaka, mme nna ke lo bolelela boammaaruri.’

Goitsemang: Seo se a kgatlha.

Katlego: Ka jalo, ka botlhale jwa gagwe, Modimo o ne a itse gore tsela e e molemo ya go rarabolola bothata jono, e ne e tla nna ka go letla gore go fete nako e e rileng. Kgabagare, go tla bonala sentle gore ke mang yo o neng a bua boammaaruri le gore ke mang yo o neng a bua maaka.

KGANG E E BOTLHOKWA

Goitsemang: Mme fa Efa a sena go swa, a seo se ne se sa bontshe gore Modimo o ne a buile boammaaruri?

 Katlego: Ee, ka tsela nngwe go ne go ntse jalo. Mme kgwetlho ya ga Satane e ne e akaretsa se se fetang seo. Lebelela gape temana 5. A o etse tlhoko gore Satane o ne a raya Efa a reng gape?

Goitsemang: O ne a re fa a ka ja ga leungo leo, matlho a gagwe a tla bulega.

Katlego: Ee, mme o ne a tla ‘tshwana le Modimo, a itse molemo le bosula.’ Ka jalo, Satane o ne a bolela gore go na le sengwe se se molemo se Modimo a sa batleng gore batho ba nne le sone.

Goitsemang: Ke a bona.

Katlego: Mme le seo e ne e le kgwetlho e kgolo.

Goitsemang: O raya jang?

Katlego: Ka mafoko ao, Satane o ne a kaya gore Efa—gape le batho botlhe—ba tla tshela botoka fa ba sa busiwe ke Modimo. Le mo kgannyeng eno, Jehofa o ne a itse gore tsela e e molemo ya go rarabolola kgang eo ke ka go dira gore Satane a leke go supa boammaaruri jwa se a se buang. Ka jalo, Modimo o ne a letla Satane gore a buse lefatshe leno ka nakwana. Seo se tlhalosa lebaka la go bo go na le pogo e kana kana—ke ka gonne Satane, e seng Modimo, ke mmusi wa mmatota wa lefatshe leno. * Mme go na le dikgang tse di itumedisang.

Goitsemang: Dikgang tseo ke eng?

Katlego: Baebele e re ruta dintlha tse pedi tseno tse di boammaaruri ka Modimo. Sa ntlha, Jehofa o amega ka rona fa re boga. Ka sekai, ela tlhoko mafoko a ga Kgosi Dafide, a a mo go Pesalema 31:7. Dafide o ne a boga thata mo botshelong jwa gagwe, mme ela tlhoko gore o ne a kgona go raya Modimo a reng fa a ne a mo rapela. A o re balela temana eo tsweetswee?

Goitsemang: Ee, ke tla e bala. Ya re: “Ke tla ipela ke bo ke itumela mo bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka gore o bone pogisego ya me; o itsile matshwenyego a moya wa me.”

Katlego: Ka jalo, tota le fa Dafide a ne a boga, o ne a gomodiwa ke go itse gore Jehofa o bona sengwe le sengwe se se mo diragalelang. A seo se a go gomotsa—go itse gore Jehofa o itse sengwe le sengwe, tota le botlhoko jo re bo utlwang, jo batho ba bangwe ba sa bo tlhaloganyeng ka botlalo?

Goitsemang: Ee, go a nkgomotsa.

Katlego: Boammaaruri jo bongwe jo bo itumedisang ke gore Modimo a ka se dumele gore re boge go ya go ile. Baebele e ruta gore go ise go ye kae o tla fedisa puso e e boikepo ya ga Satane. Mme o tla dirolola ka botlalo dilo tse di bosula tse di diragetseng, go akaretsa le dilo di diragaletseng wena le mmaago. A nka boa gape beke e tlang gore ke tle go go bontsha gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa pogo yotlhe? *

Goitsemang: Nka itumelela seo.

A go na le kgang nngwe mo Baebeleng e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse ka dilo dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang kgotsa dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, o se ka wa okaoka go botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla itumelela go tlotla le wena ka dipotso tseo.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng: “Puisano le Moagelani—A Modimo o a Amega fa re Boga?” mo makasineng wa Phukwi 1, 2013. O ka itseela yone mo go www.pr418.com/tn.

^ ser. 61 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.