Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—Motlamedi le Mosireletsi wa Rona

Jehofa—Motlamedi le Mosireletsi wa Rona

“Gonne o tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna, . . . ke tla mo falotsa. Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.”—PES. 91:14.

1, 2. Maemo a rona a lelapa a farologana jang mme tsela e re ithutileng boammaaruri ka yone le yone e farologana jang?

JEHOFA ke ene a simolotseng thulaganyo ya lelapa. (Baef. 3:14, 15) Le fa re tswa mo lelapeng le le lengwe, mekgwa ya rona le maemo a rona ga a tshwane. O ka tswa o ne o nna le batsadi ba gago go tswa fela fa o sena go tsholwa go fitlha o gola. Ba bangwe ba ka tswa ba swetswe ke batsadi ba bone, gongwe e le ka ntlha ya bolwetse, kotsi kgotsa ka ntlha ya masetlapelo mangwe. Ba bangwe bone ba ka tswa ba sa itse batsadi ba bone.

2 Mo lelapeng la ga Jehofa la baobamedi ba gagwe, maemo a semoya ga a tshwane. O ka tswa o ‘goletse mo boammaaruring’ mme batsadi ba gago ba jaleletse melaometheo ya Modimo mo go wena. (Dute. 6:6, 7) Kgotsa o ka tswa o le mongwe wa batho ba le diketekete ba ba ithutileng boammaaruri ba rerelwa ke batlhanka bangwe ba ga Jehofa.—Bar. 10:13-15; 1 Tim. 2:3, 4.

3. Ke eng se rotlhe re tshwanang ka sone?

3 Go sa kgathalesege mabaka a a sa tswang go umakiwa, rotlhe re na le dilo dingwe tse re tshwanang ka tsone. Re boga ditlamorago tsa go tlhoka kutlo ga ga Adame e bile re ruile bosaitekanelang, boleo le loso. (Bar. 5:12) Le fa go ntse jalo, e re ka re le baobamedi ba boammaaruri, re kgona go bitsa Jehofa re re “Rraarona.” Fa Isaia 64:8, e bua ka batho ba Modimo a ba itlhophetseng ba mo  metlheng ya bogologolo ya re: “Wena Jehofa, o Rraarona.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a simolola thapelo ya gagwe ya sekao ka mafoko ano: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Math. 6:9.

4, 5. Fa re ntse re sekaseka kafa re anaanelang Rraarona e bong Jehofa ka gone, ke dilo dife tse go tla bong go le molemo gore re ithute tsone?

4 Rraarona yo o kwa legodimong o re naya tlhokomelo le tshireletsego e re e tlhokang, e re ka re le batho ba ba bitsang leina la gagwe ka tumelo. Mopesalema o tlhalosa gore, Jehofa a re: “Gonne [moobamedi wa boammaaruri] o tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna . . . Ke tla mo falotsa. Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.” (Pes. 91:14) Eleruri, Jehofa Modimo, ka lorato o re namola mo babeng ba rona e bile o re sireletsa gore re se ka ra nyelediwa, ka go bo re le batho ba gagwe.

5 E le gore re tokafatse kanaanelo ya rona mo go Rraarona yo o kwa legodimong, mma re sekasekeng dintlha di le tharo tse di botlhokwa: (1) Rraarona ke Motlamedi wa rona. (2) Jehofa ke Mosireletsi wa rona. (3) E bile Modimo ke Tsala ya rona e kgolo. Fa re ntse re sekaseka dintlha tseno, go tla bo go le molemo gore re tlhatlhanye ka kamano ya rona le Modimo le gore re bone kafa re ka mo tlotlang ka gone jaaka e le Rraarona. Gape go tla re thusa gore re akanye ka ditshegofatso tse Jehofa a tla di nayang botlhe ba ba atamalanang le ene.—Jak. 4:8.

JEHOFA, MOTLAMEDI YO MOGOLO

6. Tsela nngwe e Jehofa a itshupang ka yone e le Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo” ke efe?

6 Morutwa Jakobe a re: “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.” (Jak. 1:17) Botshelo ke mpho e e molemo e e tswang kwa go Jehofa. (Pes. 36:9) Fa re dirisa matshelo a rona go dira thato ya Modimo, re nna le masego a mantsi gone jaanong e bile re nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha. (Dia. 10:22; 2 Pet. 3:13) Mme gone, seno se ka kgonega jang e re ka re lebane le ditlamorago tse di bosula tsa go tlhoka kutlo ga ga Adame?

7. Ke eng se Modimo a se dirileng gore re nne le kamano e e gaufi le ene?

7 Eleruri Jehofa ke Motlamedi yo Mogolo ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang bo mo tlhotlheletsa gore a re sireletse. Rotlhe re baleofi e bile re ruile bosaitekanelang mo go Adame. (Bar. 3:23) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a re rata, o ne a tsaya kgato ya go dira gore re nne le kamano e e gaufi le ene. Moaposetoloi Johane a re: “Lorato lwa Modimo lo ne lwa bonadiwa ka seno mo go rona, ka gonne Modimo o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene. Lorato lo ka tsela eno, e seng gore re ratile Modimo, mme gore o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.”—1 Joh. 4:9, 10.

8, 9. Jehofa o itshupile jang e le Motlamedi yo Mogolo mo motlheng wa ga Aborahame le Isake? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

8 Mo lekgolong la bo19 la dingwaga B.C.E., go ne ga direga tiragalo nngwe ya boporofeti e e neng e bontsha kafa Jehofa a tla nayang batho ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng ka teng. Bahebera 11:17-19 e tlhalosa jaana: “Ka tumelo Aborahame, e rile a lekwa, ga tshwana le fa a ne a isitse Isake tshupelo, mme monna yo o neng a amogetse ditsholofetso ka pelo e e thamileng a leka go isa morwawe yo o tsetsweng a le esi tshupelo, le mororo a ne a teilwe go twe: ‘Se se tla bidiwang losika lwa gago se tla nna gone ka Isake.’ Mme o ne a tsaya gore Modimo o ne a kgona go mo tsosa le eleng mo baswing; mme gape o ne a mo amogela go tswa mo go lone ka tsela ya tshwantshetso.” Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a ntsha Morwawe e bong Jesu Keresete gore a swele batho botlhe.—Bala Johane 3:16, 36.

 9 Ruri Isake o tshwanetse a bo a ne a wetse makgwafo fa a lemoga gore ga a tle go swa! Ga go pelaelo gore o ne a itumetse fa Modimo a ne a ba bontsha phelehu e e neng e le mo sekgweng, gore e nne yone e ntshiwang setlhabelo. (Gen. 22:10-13) Ga go gakgamatse go bo lefelo leo le ne la bidiwa “Jehofa-jire,” e leng lefoko la Sehebera le le kayang “Jehofa o Tla Tlamela.”—Gen. 22:14.

TSELA YA GO LETLANA LE MODIMO

10, 11. Ke bomang ba ba eteletseng pele mo ‘bodireding jwa tetlanyo,’ mme ba dirile seo jang?

10 Fa re ntse re tlhatlhanya kafa Jehofa a itshupileng e le Motlamedi yo Mogolo ka gone, re anaanela thata seabe sa botlhokwa se Jesu Keresete a nnileng le sone, fela jaaka Paulo le ene a ne a anaanela seo fa a re: “Seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; jalo, botlhe ba ne ba sule. Mme o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.”—2 Bakor. 5:14, 15.

11 E re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rata Modimo e bile ba batla go mo leboga ka tshiamelo e kgolo ya go mo direla, ba ne ba amogela “bodiredi jwa tetlanyo.” Tiro ya bone ya go rera le go dira barutwa e ne ya bulela batho ba ba pelonomi tshono ya gore ba nne le kagiso le Modimo, ba itumelele botsalano le ene mme kgabagare ba nne bana ba gagwe ba semoya. Batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng, le bone gompieno ba dira bodiredi jo bo tshwanang le joo. Se ba se fitlheletseng e re ka e le baemedi ba Modimo le ba ga Keresete, se thusa batho ba ba dipelo di siameng gore ba atamalane le Jehofa le gore ba nne badumedi.—Bala 2 Bakorintha 5:18-20; Joh. 6:44; Dit. 13:48.

12, 13. Re ka bontsha jang gore re anaanela dilo tse dintsi tse Jehofa a re tlamelang ka tsone?

12 E re ka Bakeresete botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba anaanela Jehofa jaaka Motlamedi yo Mogolo, ba kopanela mmogo le batlodiwa mo tirong ya go rera ka Bogosi. Mo tirong eno re dirisa Baebele, e leng nngwe ya dimpho tse di molemo tse Modimo a re neileng tsone. (2 Tim. 3:16, 17) Fa re dirisa Lefoko la Modimo ka botlhale mo bodireding, re thusa ba bangwe gore ba nne le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Gore re kgone go tswelela mo tirong eno, mongwe le mongwe wa rona o ikaega ka mpho e nngwe gape e e tswang kwa go Jehofa—moya wa gagwe o o boitshepo. (Seka. 4:6; Luke 11:13) Seno se nna le diphelelo tse di itumedisang, jaaka re bona mo kgatisong nngwe le nngwe ya Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa. A bo e le tlotla jang ne go nna le seabe mo tirong eno e e dirang gore Rraarona le Motlamedi wa rona a bakwe!

13 Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse Modimo a re diretseng tsone, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke dira sotlhe se nka se kgonang mo bodireding go bontsha gore ke anaanela thata se Jehofa a ntiretseng sone? Nka tokafatsa jang gore ke nne moreri yo o atlegileng wa dikgang tse di molemo?’ Re ka bontsha gore re leboga Modimo ka se a re diretseng sone ka go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. (Math. 6:25-33) E re ka Modimo a re rata, ga go pelaelo gore re batla go dira mo gontsi ka mo re ka kgonang ka gone go mo itumedisa le go dira gore pelo ya gagwe e ipele.—Dia. 27:11.

14. Jehofa o nnile Mosireletsi wa batho ba gagwe jang?

14 Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Ke bogisitswe e bile ke humanegile. Jehofa o a ntlhokomela. O thuso ya me le mofalotsi wa me.” (Pes. 40:17) Jehofa ga a bolo go nna Mofalotsi wa batho ba gagwe e le setlhopha, segolobogolo fa ba ne ba bogisiwa le go sotliwa ka tsela e e setlhogo ke baba ba bone. A bo re leboga Modimo jang ne go bo a re thusa mo dinakong tseno le go bo ka metlha a re tlamela ka dilo di le dintsi tsa semoya!

 JEHOFA O A SIRELETSA

15. Bontsha kafa rre yo o lorato a ka sireletsang ngwana wa gagwe ka gone.

15 Rre yo o lorato ga a tlamele bana ba gagwe fela mme gape o batla go ba sireletsa. O tla leka go ba falotsa fa ba le mo kotsing. Mokaulengwe mongwe o gopola tiragalo nngwe e e diragetseng fa a ne a sa ntse a le mosimanyana. Ene le rraagwe ba ne ba boela gae ba tswa tirelong ya tshimo fa tselana e ba neng ba tsamaya ka yone e ne e dira gore ba kgabaganye molapo. Pula e ntsi e e neleng mo mosong oo, e ne ya dira gore molapo oo o penologe. Tsela e le yosi fela ya go kgabaganya molapo oo e ne e le go tlola go tswa mo letlapeng le legolo go ya kwa go le lengwe. E re ka mosimanyana yoo a ne a tsamaya kwa pele ga rraagwe, o ne a relela mme a wela mo metsing ao a a elelang, a bo a tsena mo tlase ga metsi gabedi. A bo mosimanyana yono a ne a itumela jang ne fa rraagwe a mo tshwara ka bonako a bo a mo falotsa gore a se ka a nwela! Rraarona yo o kwa legodimong o re golola mo go se re ka se tsayang e le melapo e e phothoselang ya tsamaiso eno e e boikepo le mo mmusing wa yone e bong Satane. Ga go pelaelo gore Jehofa ke Mosireletsi yo o molemo go gaisa ope fela yo re ka nnang le ene.—Math. 6:13; 1 Joh. 5:19.

16, 17. Jehofa o ne a thusa Baiseraele jang le go ba sireletsa fa ba ne ba lwa le Baamaleke?

16 Re kgona go bona tsela e e lorato e Jehofa a sireletsang ka yone mo go se se diragetseng morago ga gore a golole Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto a bo a ba sireletsa ka kgakgamatso fa ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu ka 1513 B.C.E. Morago ga gore setšhaba seno se kgabaganye sekaka go ela kwa Thabeng ya Sinai, se ne sa goroga kwa Refidime.

17 Go ya ka boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15, Satane o tshwanetse a bo a ne a batla tshono ya go tlhasela Baiseraele ba ba neng ba bonala ba sa sireletsega. O ne a dirisa Baamaleke ba e neng e le baba ba batho ba  Modimo go ba tlhasela. (Dipa. 24:20) Akanya se Jehofa a se fitlheletseng ka go dirisa banna ba le banè ba ba neng ba ikanyega e bong, Joshua, Moshe, Arone le Hure. Fa Joshua a lwa le Baamaleke, Moshe, Arone le Hure ba ne ba le mo thoteng e e gaufi. Fa Moshe a ne a tsholetsa diatla, Baiseraele ba ne ba nna le maatla. Fa diatla tsa gagwe di lapa, Arone le Hure ba ne ba di tshegetsa. Ke gone ka moo, “Joshua a fenya Amaleke le batho ba gagwe,” ka thuso le tshireletso ya ga Jehofa. (Ekes. 17:8-13) Moshe o ne a aga sebeso koo, a se bitsa “Jehofa-nisi,” lefoko la Sehebera le le kayang “Jehofa ke Botshabelo Jwa Me.”—Bala Ekesodo 17:14, 15.

GO SIRELEDIWA MO DITLHASELONG TSA GA SATANE

18, 19. Modimo o sireleditse jang batlhanka ba gagwe mo motlheng wa rona?

18 Jehofa o sireletsa batho ba ba mo ratang le ba ba mo ikobelang. Fela jaaka Baiseraele kwa Refidime, le rona re ikanya Modimo gore o tla re sireletsa fa re lebane le baba. Gantsi Jehofa o a re sireletsa re le setlhopha, mme o re falotsa mo ditlhaselong tsa ga Diabolo. Akanya ka makgetlho a le mantsi a ka one Modimo a neng a sireletsa bakaulengwe ba rona ba ba neng ba boloka boitlhaodi jwa Bokeresete. Ka sekai, seno se ne sa direga ka bo1930 le mo masimologong a bo1940 mo motlheng wa Banasi kwa Jeremane le kwa dinageng tse dingwe. Fa re bala le go akanya ka dikgang tsa botshelo le dipego tse di mo go Buka ya Ngwaga, tsa kafa Modimo a neng a sireletsa batho ba gagwe ka gone fa ba ne ba bogisiwa, go tla nonotsha tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e re ka e le Botshabelo jwa rona.—Pes. 91:2.

Jehofa a ka dirisa badumedimmogo le rona go re thusa gore re nne re ikanyega ka dinako tsa mathata (Bona serapa 18-20)

19 Re newa dikgakololo tse di lorato tse di re sireletsang, ka phuthego ya ga Jehofa le ka dikgatiso. Akanya kafa seno se ileng sa re solegela molemo ka gone bosheng jaana. Fa lefatshe leno le ntse le nwelelela mo botlhapelweng le mo ditshwantshong tse di hepisang, Jehofa o re naya dikgakololo tse di potlakileng le thuso e re e tlhokang malebana le dilo tse di ka tsenyang boitsholo jwa rona mo kotsing. Ka sekai, re gakololwa gore re tile go itsalanya le batho ba ba bosula, ka go dirisa Internet ka tsela e e sa tshwanelang. *1 Bakor. 15:33.

20. Phuthego ya Bokeresete e re sireletsa le go re kaela jang?

20 Re ka bontsha jang gore ruri re ‘rutiwa ke Jehofa’? Ka go ikobela ditaelo tsa gagwe ka kelotlhoko. (Isa. 54:13) Mo diphuthego tsa rona, re newa kaelo le tshireletsego. Ke gone koo banna ba ba ikanyegang ba e leng bagolwane ba re nayang thuso le kgakololo ya Dikwalo. (Bagal. 6:1) Jehofa o dirisa “dimpho [tseno] tse e leng banna” go re tlhokomela ka lorato. (Baef. 4:7, 8) Re tshwanetse go tsibogela seo jang? Go ba reetsa le go ba ikobela go tla dira gore Modimo a re segofatse.—Baheb. 13:17.

21. (a) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 A re ikemisetseng go kaelwa ke moya o o boitshepo mme re ikobele kaelo ya ga Rraarona yo o kwa legodimong. Gape re tshwanetse go tlhatlhanya ka botshelo jwa ga Morwaawe, e bong Jesu Keresete, yo re lekang go latela sekao sa gagwe se se tlhomologileng. Jesu o ne a amogela tuelo e kgolo, ka ntlha ya go ikoba tota le go isa losong. (Bafil. 2:5-11) Fela jaaka ene, le rona re tla segofadiwa fa re ikanya Jehofa ka pelo ya rona yotlhe. (Dia. 3:5, 6) Ka jalo, a ka metlha re ikanyeng Jehofa e re ka e le Motlamedi le Mosireletsi wa rona yo o sa tshwaneng le ope. Ruri go a itumedisa e bile ke tshiamelo e kgolo go mo direla! Lorato lo re mo ratang ka lone lo tla gola fa re sekaseka ntlha ya boraro e e bontshang gore Rraarona o a re tlhokomela—botsala jwa gagwe. Setlhogo se se latelang se tla tlotla kafa Jehofa e leng Tsala ya rona e kgolo ka gone.

^ ser. 19 Dikai tsa dikgakololo tseo, di fitlhelwa mo ditlhogong tseno, “Dirisa Internet ka Botlhale” mo go Tora ya Tebelo ya August 15, 2011, tsebe 3-5 le “Tlhokomela Dirai Tsa ga Diabolo!” le “Ema o Nitame Mme o Tile Dirai Tsa ga Satane!” mo go Tora ya Tebelo, ya August 15, 2012, tsebe 20-29.