Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bajuda ba ne ba na le mabaka afe a go nna ba “letile” Mesia?

Mo malatsing a ga Johane Mokolobetsi, “ba ne ba letile e bile botlhe ba akanya mo dipelong tsa bone ka ga Johane ba re: ‘A e ka tswa gongwe e le Keresete?’” (Luke 3:15) Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba letetse gore Mesia a goroge ka nako eo? Go na le mabaka a le mmalwa.

Fa Jesu a sena go tsholwa, moengele wa ga Jehofa o ne a tlhagelela fa pele ga badisa ba ba neng ba tlhokometse matsomane a bone kwa tshimong e e gaufi le Bethelehema. Moengele o ne a bua jaana: “Lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena, mo motseng wa ga Dafide.” (Luke 2:8-11) Go tswa foo, moengele yoo o ne a kopana mmogo le “lesomo le lentsi la selegodimo . . . le baka Modimo le re: * ‘Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.’”—Luke 2:13, 14.

Ga go pelaelo gore kitsiso eo e ne ya ama baengele bao ba ba boikobo thata. Ka yone nako eo, ba ne ba ya Bethelehema, mme fa ba fitlhela Josefa le Maria, le lesea Jesu, ba “ba itsise lefoko le le neng le builwe le bone ka ga ngwana yo mmotlana yono.” Ka ntlha ya seo, “botlhe ba ba neng ba utlwa ba gakgamala ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di bolelelwa ke badisa.” (Luke 2:17, 18) Polelwana “botlhe ba ba neng ba utlwa” e raya gore badisa ba ne ba bua le batho ba bangwe kwantle ga Josefa le Maria. Go tswa foo, fa badisa ba boela gae, ba ne ba tswelela ba “galaletsa e bile ba baka Modimo ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba neng ba di utlwa ba bo ba di bona.” (Luke 2:20) Ruri, badisa bao ga ba a ka ba ipolokela dilo tse ba di utlwileng ka ga Keresete!

Fa Maria a ne a isa morwawe wa leitibolo kwa Jerusalema, gore a mo tlise fa pele ga ga Jehofa, fela jaaka Molao wa ga Moshe o ne o laela jalo, moporofeti wa mosadi e bong Ana “a simolola go isa malebogo kwa Modimong e bile a bua ka ngwana yono mo go botlhe ba ba letetseng kgololo ya Jerusalema.” (Luke 2:36-38; Ekes. 13:12) Ka jalo, dikgang tsa go nna gone ga ga Mesia di ne tsa tswelela go anama.

Moragonyana “balepadinaledi ba ba tswang kwa dikarolong tsa Botlhaba ba tla kwa Jerusalema, ba re: ‘O kae yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda? Gonne re ne ra bona naledi ya gagwe fa re ne re le kwa Botlhaba, mme re tlile go obama fa pele ga gagwe.’” (Math. 2:1, 2) “Fa Kgosi Herode a utlwa seno a fuduega, le Jerusalema yotlhe ya fuduega le ene; mme e rile a phutha baperesiti botlhe ba bagolo le bakwadi ba batho a ba botsa gore Keresete o ne a tshwanetse go tsalelwa kae.” (Math. 2: 3, 4) Ka jalo, batho ba le bantsi ba ne ba utlwa gore: Mesia yo o letetsweng o gorogile! *

Luke 3:15, e e nopotsweng pelenyana, e tlhalosa gore Bajuda bangwe ba ne ba akanya gore Johane Mokolobetsi e ka tswa e le Keresete. Le fa go ntse jalo, Johane o ne a fedisa kakanyo eo ka mafoko ano: “Yo o tlang morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa lekanang go mo rola bompaatšhane. Yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le ka molelo.” (Math. 3:11) Karabo eo e e boikobo ya ga Johane e ne ya dira gore Bajuda ba itumelele thata go tla ga ga Mesia.

A Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba badile nako ya go tla ga Mesia ba akantse ka boporofeti jwa dibeke tse 70 jo bo kwadilweng mo go Daniele 9:24-27? Le fa re ka se ka ra ganetsa kgang eo, ga re ka ke ra e tlhomamisa. Kgang ke gore, mo motlheng wa ga Jesu, batho ba ne ba tlhalosa go bala dibeke tse 70 ka ditsela tse di farologaneng, mme seo ga se tsamaisane le tsela e re tlhaloganyang boporofeti joo ka yone gompieno. *

Ba-Essene, ba batho ba le bantsi ba neng ba akanya gore ke lekoko la Bajuda le le nnang mo sekakeng, ba ne ba ruta gore go tla tla bo-Mesia ba babedi go ela kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 490, le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra tlhomamisa gore kgang eo ya Ba-Essene e ne e theilwe mo boporofeting jwa ga Daniele. Tota le fa go ne go ntse jalo, go thata go akanya kafa Bajuda botlhe ba neng ba ka tlhotlhelediwa ke tsela eo ya go bala dingwaga ka gone, e e neng e dirisiwa ke setlhotshwana seo se se itlhaotseng.

Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., Bajuda bangwe ba ne ba dumela gore dibeke tse 70, di ne tsa simolola ka nako ya go senngwa ga tempele ya ntlha ka 607 B.C.E. go fitlha ka go senngwa ga tempele ya bobedi ka 70 C.E., mme ba bangwe bone ba ne ba akanya gore boporofeti joo bo tla diragadiwa ka motlha wa Bamakabise mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka jalo, Bajuda ba ne ba sa dumalane ka gore dibeke tse 70 di tshwanetse go balwa jang.

Fa e le gore nako ya go bala dibeke tse 70 e ne e tlhaloganngwa sentle mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., re ka akanya gore baaposetoloi le Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka bo ba ile ba bua ka bosupi joo jwa gore Mesia yo o solofeditsweng o gorogile ka nako e e tshwanetseng e le Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi jwa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira jalo.

Go na le ntlha nngwe e re tshwanetseng go e ela tlhoko. Gantsi bakwadi ba Diefangele ba ne ba umaka boporofeti bongwe jo bo neng bo fitlhelwa mo Dikwalong tsa Sehebera gore bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete. (Math. 1:22, 23; 2:13-15; 4:13-16) Le fa go ntse jalo, ga go ope wa bone yo o neng a amanya go nna gone ga ga Jesu mo lefatsheng le boporofeti jwa dibeke tse 70.

Ka kakaretso re ka re: Ga re ka ke ra tlhomamisa gore batho ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba tlhaloganya sentle boporofeti jwa dibeke tse 70. Le fa go ntse jalo, Diefangele di re naya mabaka a mangwe a a utlwalang a go bo batho ba ne ba “letile” Mesia.

^ ser. 4 Baebele ga e re baengele ba ne ba opela ka nako ya go tsholwa ga ga Jesu.

^ ser. 7 Re ka nna ra ipotsa gore, Balepadinaledi ba kgonne jang go amanya go tlhagelela ga “naledi” kwa Botlhaba le go tsholwa ga “kgosi ya Bajuda”? A gongwe e ka tswa e le gore ba utlwile dikgang tsa go tsholwa ga ga Jesu fa ba ne ba le mo loetong ba ralala Iseraele?

^ ser. 9 Go bona tsela e gone jaanong re tlhaloganyang boporofeti jwa dibeke tse 70 ka yone, bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! kgaolo 11.