Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Tswelelang re Leba Dilo ka Tsela e e Siameng ka Gone

Kafa re ka Tswelelang re Leba Dilo ka Tsela e e Siameng ka Gone

“Fa motho a ka tshela dingwaga di le dintsi, a a ipele mo go tsone tsotlhe.”—MOR. 11:8.

1. Ke ditshegofatso dife tse di tswang kwa go Jehofa tse di ka re thusang gore re nne re itumetse?

JEHOFA o batla gore re itumele, ka jalo o re naya masego a le mantsi a a dirang gore re itumele. O re neile botshelo. Ka jalo, re ka dirisa matshelo a rona go baka Modimo, ka gonne o re gogetse mo kobamelong ya boammaaruri. (Pes. 144:15; Joh. 6:44) Jehofa o re tlhomamisetsa lorato lwa gagwe le go re thusa gore re itshoke mo tirelong e re mo e direlang. (Jer. 31:3; 2 Bakor. 4:16) Re itumelela paradaise ya semoya, e mo go yone go nang le dijo tse dintsi tsa semoya le lorato lwa bokaulengwe. Mo godimo ga moo, re na le tsholofelo e e botlhokwatlhokwa ya isagwe.

2. Batlhanka bangwe ba Modimo ba lwa le maikutlo afe?

2 Le fa re na le mabaka ano a go itumela, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba sa ntse ba iteba ka tsela e e sa tshwanelang. Ba ka nna ba akanya gore Jehofa ga a ba amogele e bile ga a amogele tirelo ya bone. Mo bathong bano ba ba sa lebeng dilo ka tsela e e tshwanetseng, kgang ya go itumelela “dingwaga di le dintsi” e ka lebega e le go ijesa dijo tsa ditoro. Mo go bone, botshelo bo ka bonala bo le letobo.—Mor. 11:8.

3. Ke eng se se ka dirang gore re nne le maikutlo a go sa lebe dilo sentle?

3 Maikutlo ao a go sa lebe dilo sentle, a bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba nang le one, a ka tswa a bakilwe ke go kgobega marapo,  bolwetse kgotsa botsofe. (Pes. 71:9; Dia. 13:12; Mor. 7:7) Mo godimo ga moo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go lebana le boammaaruri jwa gore pelo e boferefere e bile e ka dira gore re ipone molato tota le fa Modimo a re amogela. (Jer. 17:9; 1 Joh. 3:20) Diabolo o latofatsa batlhanka ba Modimo ka maaka. Mme batho ba ba akanyang jaaka Satane ba ka nna ba leka go re tlhotlheletsa gore re dumele se Elifase yo o se nang tumelo a neng a se bua—gore Modimo ga a re tseye re le botlhokwa. Ao e ne e le maaka mo motlheng wa ga Jobe fela jaaka e sa ntse e le maaka le gompieno.—Jobe 4:18, 19.

4. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Mo Dikwalong, Jehofa o tlhalosa sentle gore o tla nna le batho ba ba ‘tsamayang mo mokgatšheng wa moriti o montsho.’ (Pes. 23:4) Tsela nngwe e a nang le rona ka yone ke ka Lefoko la gagwe. Baebele e “maatla ka Modimo go pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata,” tse di akaretsang dikgopolo tse di phoso le maikutlo a go sa lebe dilo sentle. (2 Bakor. 10:4, 5) Ka jalo, mma re sekasekeng kafa re ka dirisang Baebele ka teng gore e re thuse go lwela go leba dilo ka tsela e e siameng le go tswelela re dira jalo. Seo se ka go solegela molemo e bile o ka bona le ditsela tsa go kgothatsa ba bangwe.

DIRISA BAEBELE GO LWELA GO NNA LE MAIKUTLO A A SIAMENG

5. Ke teko efe e e ka re thusang gore re nne le maikutlo a a siameng?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa dilo dingwe tse di ka re thusang gore re nne le maikutlo a a siameng. O ne a kgothatsa phuthego ya kwa Korintha jaana: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong.” (2 Bakor. 13:5) ‘Tumelo’ ke dithuto tsotlhe tsa Bokeresete tse di tlhalositsweng mo Baebeleng. Fa mafoko le ditiro tsa rona di tsamaisana le dithuto tseo, re tla bo re falotse teko mme re bontsha gore re “mo tumelong.” Gone ke boammaaruri, ga re a tshwanela go tlhopha dithuto tse re tla di ikobelang.—Jak. 2:10, 11.

6. Ke eng fa re tshwanetse go leka go bona gore a re “mo tumelong”? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

6 O ka nna wa okaoka go dira teko eo, segolobogolo fa o akanya gore o tla palelwa. Le fa go ntse jalo, tsela e Jehofa a re lebang ka yone e botlhokwa go feta e rona re itebang ka yone, e bile dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga tsa rona. (Isa. 55:8, 9) O tlhatlhoba baobamedi ba gagwe, e seng go ba atlhola mme o batla dinonofo tse di molemo le go ba thusa. Fa o dirisa Lefoko la Modimo go itlhatlhoba go bona gore a o “mo tumelong,” o tla tlhaloganya kafa Modimo a go lebang ka teng. Seno se tla go thusa gore o tile go akanya gore ga o botlhokwa mo Modimong, mme o tla nna le pono eno e e theilweng mo Baebeleng: O botlhokwatlhokwa mo matlhong a ga Jehofa. Ditlamorago tsa gone di ka tshwana le go bula garetene gore letsatsi le tsene mo phaposing e e lefifi.

7. Re ka solegelwa molemo jang ke dikao tse di mo Baebeleng tsa boikanyegi?

7 Tsela e e molemo ya go itlhatlhoba ke go tlhatlhanya ka dikao tsa batho ba ba ikanyegang ba ba umakilweng mo Baebeleng. Bapisa maemo a bone le maemo a gago le maikutlo a bone le maikutlo a gago, mme o bone gore wena o ka bo o dirile eng mo maemong ao. Mma re tlhatlhobeng dikao di le tharo tse di bontshang kafa o ka dirisang Baebele ka gone go tlhomamisa gore o “mo tumelong” o bo o lwela go iteba ka tsela e e siameng.

MOTLHOLAGADI YO O HUMANEGILENG

8, 9. (a) Motlholagadi wa mohumanegi o ne a lebane le maemo afe? (b) Ke maikutlo afe a a sa tshwanelang a motlholagadi yono a ka tswang a ne a na le one?

8 Jesu o ne a lebile motlholagadi yo o humanegileng mo tempeleng kwa Jerusalema. Sekao sa gagwe se ka re thusa gore re tswelele re leba dilo ka tsela e e siameng le fa re na le dilo tse re sa kgoneng go di fitlhelela. (Bala Luke 21:1-4.) Akanya ka boemo jwa motlholagadi yono. O ne a sa itshokele fela go latlhegelwa ke monna mme gape le baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba ‘tsuputsa  matlo a batlholagadi’ go na le gore ba ba thuse. (Luke 20:47) O ne a humanegile jaana mo e leng gore o ne a kgona go ntsha fela moneelo wa tuelo e modiri a ka e amogelang mo metsotsong e le mmalwa fela.

9 Leka go akanya fela gore motlholagadi o ne a ikutlwa jang fa a tsena mo lolwapeng lwa tempele a tshotse madinyana a mabedi a tshipi. A o ne a akantse ka madi a mannye a a neng a tlile go a ntsha fa a bapisiwa le madi a a neng a ka a ntsha moneelo fa monna wa gagwe a ka bo a tshela? A o ne a tla tlhabiwa ke ditlhong fa a bona batho ba ba fa pele ga gagwe ba ntsha moneelo wa madi a mantsi, gongwe a ipotsa gore a moneelo wa gagwe o botlhokwa? Le fa a ka tswa a ne a na le maikutlo a a ntseng jalo, o ne a dira se a ka se kgonang mo kobamelong ya boammaaruri.

10. Jesu o ne a bontsha jang gore motlholagadi o botlhokwa mo Modimong?

10 Jesu o ne a bontsha gore motlholagadi yono o ne a le botlhokwa mo go Jehofa le moneelo wa gagwe o ne o le botlhokwa. O ne a re, “o latlhetse go feta kafa botlhe [bahumi] ba dirileng ka gone.” Moneelo wa gagwe o ne o tla kopana le wa ba bangwe, le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo umaka ka ntlha ya boineelo jwa gagwe. Batho ba ba balang madi ba ka tswa ba ne ba sa itse gore madi ao a tshipi a mabedi le motho yo o a ntshitseng o botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, tsela e Modimo a neng a mo leba ka yone, ke yone e neng e le botlhokwa, e seng se batho ba neng ba se akanya kgotsa kafa motlholagadi yoo a neng a iteba ka gone. A o ka dirisa pego eno go bona gore a o mo tumelong?

O ithuta eng mo sekaong sa motlholagadi yo o humanegileng? (Bona serapa 8-10)

11. O ka ithuta eng mo pegong ya motlholagadi?

11 Maemo a gago a ka nna a ama ka tlhamalalo se o ka se nayang Jehofa. Nako e bangwe ba kgonang go e dirisa go rera dikgang tse di molemo e ka tswa e se ntsi ka ntlha ya botsofe kgotsa bokoa. A ba tshwanetse go akanya gore ga ba a tshwanela go bega tirelo ya bone? Tota le fa o le mosha kgotsa o na le botsogo jo bo siameng, o ka nna wa akanya gore se o se dirang ke karolo e nnye fela ya diura tse dintsi tse batho ba Modimo ba di fetsang mo kobamelong ya gagwe ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, mo pegong ya motlholagadi yo o humanegileng re ithuta gore Jehofa o lemoga sengwe  le sengwe se re mo direlang sone e bile o a se anaanela, segolobogolo fa re se dira mo maemong a a thata. Akanya ka kobamelo e o e diretseng Jehofa mo ngwageng o o fetileng. A go na le ura nngwe e o e feditseng o direla Jehofa, e e neng e tlhoka gore o intshe setlhabelo? Fa go le jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela se o mo diretseng sone mo ureng eo. Fa o dira sotlhe se o ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa, fela jaaka motlholagadi yo o humanegileng, o na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore o “mo tumelong.”

“TSAYA MOYA WA ME”

12-14. (a) Go sa lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng go ne ga ama Elija jang? (b) Ke eng fa Elija a ka tswa a ne a ikutlwa ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone?

12 Moporofeti Elija o ne a ikanyega mo go Jehofa e bile a na le tumelo e e nonofileng. Le fa go ntse jalo, nako nngwe o ne a ikutlwa a na le moya o o kwa tlase mo a neng a kopa Jehofa gore a mmolaye, o ne a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me.” (1 Dikg. 19:4) Batho ba ba iseng ba tlalelwe ka tsela e e ntseng jalo, ba ka nna ba raelesega go bua gore thapelo ya ga Elija e ne e le “puo e e phomesegelang fela.” (Jobe 6:3) Le fa go ntse jalo, maikutlo a gagwe e ne e le a mmatota. Mme gone, ela tlhoko gore go na le gore Jehofa a kgaleme Elija go bo a batla go swa, o ne a mo thusa.

13 Go tlile jang gore Elija a ikutlwe ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone? Nakwana pele ga moo, o ne a dira kgakgamatso e e neng e bontsha gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, mme seno se ne sa felela ka gore go bolawe baporofeti ba ga Baale ba le 450. (1 Dikg. 18:37-40) Go ka direga gore Elija o ne a solofetse gore batho ba Modimo ba tla boela mo kobamelong e e itshekileng, mme seo ga se a ka sa direga. Kgosigadi Jesebele yo o boikepo, o ne a romela molaetsa kwa go Elija gore o tlile go mmolaya. E re ka Elija a ne a boifa, o ne a tshabela kwa borwa go kgabaganya Juda go ya kwa sekakeng, e leng lefelo le le kgakgabetseng.—1 Dikg. 19:2-4.

14 Fa Elija a ntse a le esi, o ne a akanya gore tiro ya gagwe ya go nna moporofeti e ne e se ya sepe. O ne a raya Jehofa a re: “Ga ke botoka mo go borremogologolwane.” O ne a ikutlwa a se na mosola fela jaaka lerole le marapo a borraagwemogologolwane ba ba suleng. Tota e bile, o ne a itlhatlhobile go ya ka ditekanyetso tsa gagwe mme a dirile tshwetso ya gore o paletswe, ga a na mosola ope mo go Jehofa kgotsa mo mothong ope fela.

15. Modimo o ne a tlhomamisetsa Elija jang gore o sa ntse a mo tsaya a le botlhokwa?

15 Mme gone, Mothatayotlhe o ne a sa lebe Elija ka tsela e a neng a iteba ka yone. Elija o ne a tswelela a le botlhokwa mo matlhong a Modimo, mme Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa seo ka ditsela di le mmalwa. Modimo o ne a romela moengele go nonotsha Elija. Gape Jehofa o ne a tlamela Elija ka dijo le dino fa a le mo loetong lwa malatsi a le 40 go ya kwa borwa jwa Thaba ya Horebe. Mo godimo ga moo, Modimo o ne a baakanya tsela e e phoso e Elija a neng a akanya ka yone, ya gore ga go na Moiseraele ope yo mongwe yo o neng a ikanyega mo go Jehofa. Gape ela tlhoko gore Modimo o ne a naya Elija dikabelo tse disha, tse a neng a di amogela. Elija o ne a solegelwa molemo ke thuso eo ya ga Jehofa, mme o ne a boela mo tirong ya gagwe ya boporofeti a na le maatla.—1 Dikg. 19:5-8, 15-19.

16. Modimo a ka tswa a ile a go ema nokeng ka ditsela dife?

16 Se se diragaletseng Elija se ka go tlhomamisetsa gore o mo tumelong e bile se ka go tlhotlheletsa gore o lebe dilo ka tsela e e siameng. Sa ntlha, akanya ka ditsela tse Jehofa a ileng a go ema nokeng ka tsone. A mongwe wa batlhanka ba gagwe, gongwe mogolwane kgotsa Mokeresete yo o godileng semoyeng, a ka tswa a ile a go thusa nako nngwe fa o ne o tlhoka thuso? (Bagal. 6:2) A o ile wa nonotshiwa semoyeng ke Baebele, dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete le dipokano tsa phuthego? Mo nakong e e tlang fa o solegelwa molemo ke nngwe ya ditsela tseno, akanya gore tota ke mang yo o go thusang mme o mo rapele go mo leboga.—Pes. 121:1, 2.

17. Ke eng se Jehofa a se anaanelang mo batlhankeng ba gagwe?

 17 Sa bobedi, ela tlhoko gore go leba dilo ka tsela e e sa tshwanelang go ka go tsietsa. Tsela e Modimo a re lebang ka yone ke yone ya botlhokwa. (Bala Baroma 14:4.) Jehofa o anaanela boineelo jwa rona mo go ene le boikanyegi jwa rona; ga a re atlhole go ya ka se re kgonang go mo direla sone. Mme jaaka Elija, le wena o ka tswa o fitlheletse go le gontsi mo tirelong ya ga Jehofa go feta kafa o akanyang ka gone. Go ka direga gore go na le bangwe mo phuthegong ba o ba thusitseng, le bangwe mo tshimong ba ba ileng ba itse boammaaruri ka ntlha ya maiteko a gago.

18. Kabelo ya gago e e tswang kwa go Jehofa ke bosupi jwa eng?

18 Sa bofelo, leba kabelo nngwe le nngwe e e tswang kwa go Jehofa e le bosupi jwa gore o na le wena. (Jer. 20:11) Fela jaaka Elija, o ka nna wa ikutlwa o kgobegile marapo ka gonne tirelo ya gago e lebega e se ya sepe kgotsa ka gonne go lebega o ka se kgone go fitlhelela mekgele mengwe ya gago ya semoya. Le fa go ntse jalo, o sa ntse o na le tshiamelo e kgolo thata e mongwe le mongwe wa rona a ka nnang le yone—go rera dikgang tse di molemo le go bidiwa ka leina la Modimo. Tswelela o ikanyega. O ka nna wa utlwa mafoko ano a a mo setshwantshong sengwe sa ga Jesu a a reng: “Tsena mo boipelong jwa mong wa gago.”—Math. 25:23.

“THAPELO YA YO O BOGISIWANG”

19. Mokwadi wa Pesalema 102 o ile a lebana le boemo bofe?

19 Mokwadi wa Pesalema ya 102 o ne a tlaletswe. O ne a ‘bogisiwa,’ a utlwa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong, gape o ne a se na maatla a go lepalepana le mathata a gagwe. (Pes. 102, mafoko a a fa godimo ga kgaolo) Mafoko a gagwe a bontsha gore o ne a fekeeditswe ke kutlobotlhoko, go jewa ke bodutu le maikutlo a mangwe a a neng a na le one. (Pes. 102:3, 4, 6, 11) O ne a dumela gore Jehofa o ne a batla go mo latlha.—Pes. 102:10.  

20. Thapelo e ka thusa jang mongwe yo o nang le dikakanyo tse di sa tshwanelang?

20 Le fa go ntse jalo, mopesalema yoo o ne a sa ntse a ka dirisa botshelo jwa gagwe go baka Jehofa. (Bala Pesalema 102:19-21.) Jaaka fa re bona mo go Pesalema 102, tota le batho ba ba mo tumelong ba ka tswa ba utlwa botlhoko e bile ba sa kgone go tlhoma mogopolo mo go sepe se sele. Mopesalema o ne a ikutlwa jaaka “nonyane e e itlhaotseng e le nosi mo godimo ga borulelo” e kete o faraferwe ke mathata. (Pes. 102:7) Fa go direga gore o ikutlwe jalo, tshololela Jehofa pelo ya gago fela jaaka mopesalema a ne a dira. Thapelo ya yo o bogisiwang—thapelo ya gago—e ka go thusa gore o lwantshe dikakanyo tse di sa tshwanelang. Jehofa o solofetsa gore “o tla retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe; mme a sa nyatse thapelo ya bone.” (Pes. 102:17) Ikanye tsholofetso eo.

21. Motho yo o lwang le maikutlo a a sa siamang a ka kgona jang go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng?

21 Gape Pesalema 102 e bontsha kafa o ka lebang dilo ka tsela e e siameng ka gone. Mopesalema o ne a dira jalo ka go tlhoma mogopolo mo kamanong ya gagwe le Jehofa. (Pes. 102:12, 27) O ne a gomodiwa ke go itse gore ka metlha Jehofa o tla ema batho ba gagwe nokeng fa ba le mo ditekong. Ka jalo, fa dikakanyo tse di sa siamang di go kgoreletsa ka nakwana go direla Modimo se o neng o ka batla go se dira mo tirelong ya gagwe, rapelela seo. Kopa Modimo gore a utlwe thapelo ya gago e seng fela gore o gololesege mo mathateng a gago mme gape “gore leina la ga Jehofa le bolelwe.”—Pes. 102:20, 21.

22. Mongwe le mongwe wa rona a ka dira eng go itumedisa Jehofa?

22 Eleruri, re ka dirisa Baebele go iponela gore re mo tumelong le gore re botlhokwa mo go Jehofa. Gone ke boammaaruri gore, mo tsamaisong eno ya dilo, re ka tswa re sa kgone go fedisa maikutlo otlhe a a sa siamang kgotsa go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka itumedisa Jehofa a bo a bone poloko ka go itshoka ka boikanyegi mo tirelong ya gagwe.—Math. 24:13.