Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?

Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?

Rre mongwe wa kwa Brazil a re: “Ka nako ya Kobamelo ya Lelapa, re tsenelela mo motlotlong thata jaana mo gantsi o ka tswelelang go fitlha bosigo fa ke sa o emise.” Rre yo mongwe wa kwa Japane ene o tlhalosa gore, morwawe wa dingwaga di le lesome o bonala a sa lemoge nako mme o batla gore ba tswelele. Ka ntlha yang? A re: “O a e rata, mme seo se dira gore a itumele.”

Gone ke boammaaruri gore ga se bana botlhe ba ba ratang kobamelo ya lelapa, tota e bile ba bangwe ga ba itumelele yone. Ka ntlha yang? Rre mongwe wa kwa Togo o re tlhaba botlhale jaana: “Kobamelo ya ga Jehofa ga ya tshwanela go nna selo se se lapisang pelo.” Fa e le gore e lapisa pelo, seo se ka kaya gore go tshwanetse ga dirwa diphetogo mo tseleng e e tshwarwang ka yone. Malapa a le mantsi a lemogile gore kobamelo ya lelapa e ka nna nako ya “boitumelo jo bogolo” fela jaaka go builwe ka Sabata mo bukeng ya Isaia.—Isa. 58:13, 14.

Borre ba Bakeresete ba lemoga gore e le gore malapa a bone a itumelele kobamelo ya lelapa, go tshwanetse ga nna le maemo a a ritibetseng. Ralf, yo o nang le bana ba basetsana ba le bararo le wa mosimane a le mongwe a re, lelapa la bone le dira gore kobamelo e nne motlotlo fela e seng nako ya thuto; mongwe le mongwe o nna le seabe. Gone ke boammaaruri gore ka nako nngwe e ka nna kgwetlho go dira gore mongwe le mongwe a kgatlhegele se se balwang. Mmè mongwe a re: “Ga se ka metlha ke nang le maatla a go dira gore kobamelo ya lelapa e nne e e kgatlhang jaaka ke ne nka rata.” A o ka kgona go fenya kgwetlho eo?

GO FETOFETOGA LE GO DIRA DILO TSE DI FAROLOGANENG

Rre mongwe wa kwa Jeremane yo o nang le bana ba le babedi a re: “Re tshwanetse go fetofetoga.” Mmè mongwe yo o nang le bana ba babedi yo o bidiwang Natalia a re: “Selo sa botlhokwa le go feta mo lelapeng la rona ke go dira dilo tse di farologaneng.” Malapa a le mantsi a arola kobamelo ya lelapa ka dikarolo di le mmalwa. Rre mongwe yo o bidiwang Cleiton wa kwa Brazil, yo o nang le  bana ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome a re: “Seo se dira gore thuto e nne monate e bile se dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a nne le seabe.” Fa batsadi ba aroganya nako ya go ithuta, ba ka kgona go naya ngwana mongwe le mongwe se a se tlhokang fa e le gore bana ba fetana thata ka dingwaga. Gape ba ka fetofetoga fa ba dira tshwetso ya gore go dirisiwe dikgatiso dife mo kobamelong ya lelapa le fa ba tlhopha tsela e e tla tshwarwang ka yone.

Malapa a mangwe a dira eng gore go nne le dilo tse di farologaneng tse ba di dirang mo kobamelong ya lelapa? Ba bangwe ba simolola kobamelo ya lelapa ka go opelela Jehofa dipina. Juan wa kwa Mexico a re: “Seo se dira gore go nne le moya o o siameng mo lelapeng le go baakanyetsa mongwe le mongwe se re tla ithutang sone.” Lelapa la gagwe le tlhopha dipina tse di tsamaisanang le se ba tla se balang mo maitseboeng ao.

Sri Lanka

Malapa a le mantsi a bala karolo nngwe ya Baebele mmogo. E le go dira dilo tse di farologaneng, ba bangwe mo lelapeng ba bala dikarolo tsa batho ba ba farologaneng ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Rre mongwe wa kwa Japane o tlhalosa gore kwa tshimologong o ne a bona “go sa tlwaelega go bala Baebele ka tsela eno.” Le fa go ntse jalo, basimane ba gagwe ba babedi ba itumelela go bona batsadi ba bone ba dira sengwe le bone. Malapa a mangwe a diragatsa diterama tsa dipego dingwe tsa mo Baebeleng. Roger, rre mongwe wa mo Afrika Borwa, yo o nang le barwa ba babedi a re: “Gantsi bana ba bona dilo tse rona batsadi re sa di lemogang mo pegong ya Baebele.”

Afrika Borwa

Tsela e nngwe ya go dira dilo tse di farologaneng ke go dira mmogo mo porojekeng nngwe, e e jaaka go aga sekaelo sa araka ya ga Noa kgotsa tempele ya ga Solomone. Diporojeke tse di ntseng jalo di tlhoka gore go dirwe dipatlisiso tse di kgatlhang. Ka sekai, mo phaposing ya bonno ya lelapa lengwe kwa Asia, go ne go na le mosetsanyana mongwe wa dingwaga di le tlhano a na le batsadi ba gagwe le nkokoagwe. Ba ne ba dira metshameko e e theilweng mo maetong a ga moaposetoloi Paulo a borongwa. Malapa a mangwe a ile a dira metshameko e e theilweng mo dipegong tse di mo bukeng ya Ekesodo. Donald wa dingwaga di le 19 wa kwa Togo a re: “Go dira dilo tse di farologaneng go dirile gore kobamelo ya rona ya lelapa mmogo le lelapa la rona le nne le botshelo.” A o ka akanya ka porojeke nngwe e e tla dirang gore kobamelo ya lona ya lelapa e nne e e itumedisang le go feta?

United States of America

GO BAAKANYETSA GO BOTLHOKWA THATA

Le fa go le botlhokwa go fetofetoga le go dira dilo tse di farologaneng e le gore kobamelo ya lona ya lelapa e itumedise, gore e nne e e rutang tota, go tlhokega gore lotlhe lo baakanyetse. Ka dinako dingwe, bana ba a lapa, ka jalo borre ba tshwanetse go akanyetsa dikgatiso tse ba di tlhophang mme ba iphe nako ya go di baakanyetsa sentle. Rre mongwe a re: “Fa ke baakanyeditse sentle, mongwe le mongwe o nna le thuto e e agang.” Rre mongwe wa kwa Jeremane o itsise lelapa la gagwe go sa le gale gore ba tla tlotla ka eng mo dibekeng tse di latelang. Fa rre mongwe wa kwa Benin yo o nang le bana ba le barataro ba ba iseng ba nne mo dingwageng tsa bolesome a rulaganya gore go dirisiwe DVD ya Baebele mo kobamelong ya bone ya lelapa, o ba naya dipotso tse di theilweng mo DVD go sa le gale. Eleruri, go baakanyetsa go dira gore kobamelo ya rona ya lelapa e nne le boleng.

Fa lelapa le itse e sa le gale gore go tlile go tlotliwa ka eng mo kobamelong ya lelapa, ba ka kgona go bua ka sone mo gare ga beke, mme seo se tla dira gore ba lebelele pele ka tlhagafalo. Mme fa mongwe le mongwe a na le se a se dirang, o tla ikutlwa e le karolo ya kobamelo ya lelapa.

LWELA GO E TSHWARA KA METLHA

Malapa a le mantsi a lebana le kgwetlho ya go tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha.

Borre ba le bantsi ba bereka diura tse dintsi gore ba tlamele malapa a bone. Ka sekai, rre mongwe wa kwa Mexico o tswa mo gae ka ura ya borataro mo mosong mme a bo a boela gae ka ura ya borobedi bosigo. Mo godimo ga moo, nako nngwe go ka tlhokega gore letsatsi la Kobamelo ya Lelapa le fetolwe fa go na le ditiragalo dingwe tsa semoya tse di jaaka, ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa dikopano.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ikemisetsa go tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha. Loïs wa kwa Togo yo o nang le dingwaga di le 11 o bua jaana ka go ikemisetsa ga lelapa la gaabo: “Tota le fa ka dinako dingwe re simolola kobamelo ya lelapa morago ga nako ka gonne go ile ga direga sengwe mo tsamaong ya letsatsi, ka metlha re tshwara kobamelo ya lelapa.” O kgona go tlhaloganya lebaka la go bo malapa a mangwe a dira gore kobamelo ya lelapa e tshwarwe fa beke e simolola. Fa go ka direga sengwe se se sa lebelelwang, ba ka nna ba tshwara kobamelo ya lelapa moragonyana mo bekeng eo.

Fela jaaka polelwana “kobamelo ya lelapa” e bontsha, ke karolo ya rona ya go obamela Jehofa. A botlhe mo lelapeng la gago ba tlisetse Jehofa ‘dipowana tsa dipounama tsa bone’ beke le beke. (Hos. 14:2) Mme a nako eo e nne e e itumedisang mo go mongwe le mongwe mo lelapeng “gonne boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya lona e e thata.”—Neh. 8:9, 10.