Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlotlang Batho ba ba Tsofetseng mo Gare ga Lona

Tlotlang Batho ba ba Tsofetseng mo Gare ga Lona

“O tlotle motho yo o tsofetseng.”—LEFI. 19:32.

1. Batho ba mo seemong sefe se se utlwisang botlhoko?

JEHOFA o ne a sa ikaelela gore batho ba boge ditlamorago tse di botlhoko tsa botsofe. Go farologana le seo, o ne a ikaeletse gore banna le basadi ba itumelele botshelo jo bo itekanetseng mo Paradaiseng. Le fa go ntse jalo, gone jaanong, “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong.” (Bar. 8:22) O akanya gore Modimo o ikutlwa jang fa a bona tshenyo e e bakilweng ke boleo mo bathong? Mo godimo ga moo, bagodi ba le bantsi ga ba tlhokomelwe ka nako e ka yone ba tlhokang thuso thata mo matshelong a bone.—Pes. 39:5; 2 Tim. 3:3.

2. Ke eng fa Bakeresete ba amega thata ka bagodi?

2 Batho ba ga Jehofa ba a itumela tota go bo go na le batho ba ba godileng mo diphuthegong tsa bone. Botlhale jwa bone bo re solegela molemo e bile re tlhotlhelediwa ke sekao sa bone sa tumelo. Bontsi jwa rona re ka tswa re amana ka losika le bangwe ba bagodi bano ba ba rategang. Mme gone, le fa re ka tswa re amana ka losika le bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba godileng kgotsa nnyaa, re amega ka bone. (Bagal. 6:10; 1 Pet. 1:22) Rotlhe re tla solegelwa molemo fa re sekaseka tsela e Modimo a lebang bagodi ka yone. Gape re tla sekaseka maikarabelo a ba lelapa ba nang le one le a phuthego e nang le one go thusa bagodi bano ba rona ba ba rategang.

 “O SE KA WA NTATLHA”

3, 4. (a) Mokwadi wa Pesalema 71 o ne a kopa Jehofa eng se se botlhokwa? (b) Batho ba ba godileng ba ba mo phuthegong ba ka kopa Modimo eng?

3 Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Pesalema 71:9 o ne a kopa Modimo jaana: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.” Go lebega pesalema eno e tsweletsa pele Pesalema 70, e mo mafokong a a tlhagang fa godimo ga kgaolo go kwadilweng gore ke “ya ga Dafide.” Ka jalo, go ka direga gore Dafide ke ene a dirileng kopo e re balang ka yone mo go Pesalema 71:9. O ile a direla Modimo go tloga a sa ntse a le mosha go fitlha a tsofala, mme Jehofa o ne a mo dirisa go dira dilo tse dikgolo. (1 Sam. 17:33-37, 50; 1 Dikg. 2:1-3, 10) Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bona a tshwanelwa ke go kopa Jehofa gore a tswelele a mo amogela.—Bala Pesalema 71:17, 18.

4 Batho ba le bantsi gompieno, ba tshwana le Dafide. Le fa ba tsofala kgotsa ba lebana le “malatsi a masetlapelo,” ba tswelela ba baka Modimo go ya kafa ba ka kgonang ka gone. (Mor. 12:1-7) Bontsi jwa bone ba ka tswa ba sa tlhole ba kgona go dira dilo tsotlhe tse ba neng ba kgona go di dira mo botshelong jwa bone, go akaretsa le mo bodireding. Le fa go ntse jalo, le bone ba ka nna ba rapela Jehofa ba mo kopa gore a tswelele a ba amogela le go ba tlhokomela. Bagodi bano ba ba ikanyegang ba ka tlhomamisega gore Modimo o tla araba dithapelo tsa bone. Tota e bile, ba rapelela dilo tse di tshwanang le tse Dafide a neng a di rapelela a bo a tlhotlhelediwa go kwala ka tsone.

5. Jehofa o leba jang batho ba ba godileng ba ba ikanyegang?

5 Dikwalo di tlhalosa sentle gore Jehofa o tsaya batho ba ba godileng, ba ba ikanyegang ba le botlhokwa thata mme o lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba ba tlotle. (Pes. 22:24-26; Dia. 16:31; 20:29) Lefitiko 19:32 ya re: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng, o boife Modimo wa gago. Ke nna Jehofa.” Fa mafoko ao a ne a kwalwa, kgang ya go tlotla bagodi ba ba mo phuthegong e ne e le botlhokwa thata mme le gone jaanong e sa ntse e le botlhokwa. Mme gone, go tweng ka go ba tlhokomela? Ke maikarabelo a ga mang go dira jalo?

BOIKARABELO JWA LELAPA

6. Jesu o re tlhometse sekao sefe malebana le go tlhokomela batsadi?

6 Lefoko la Modimo la re: “Tlotla rrago le mmago.” (Ekes. 20:12; Baef. 6:2) Jesu o ne a gatelela molao ono fa a ne a kgala Bafarasai le bakwadi ba ba neng ba gana go tlamela batsadi ba bone. (Mar. 7:5, 10-13) Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo. Ka sekai, fa a ne a le gaufi le go swa mo koteng, o ne a raya morutwa yo a neng a mo rata e bong Johane a re a tlhokomele mmaagwe, yo go ka diregang gore e ne e le motlholagadi ka nako eo.—Joh. 19:26, 27.

7. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa molaomotheo ofe malebana le go tlamela batsadi? (b) Paulo o ne a bua ka eng?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale gore badumedi ba tshwanetse go tlamela ba malapa a bone. (Bala 1 Timotheo 5:4, 8, 16.) Akanya ka se Paulo a neng a kwalela Timotheo ka sone. Paulo o ne a tlhalosa gore ke bomang ba ba tshwanelegang gore ba tlhokomelwe ke phuthego ka madi le gore ke bomang ba ba sa tshwanelegeng. O ne a tlhalosa sentle gore bana ba e leng Bakeresete le ditlogolo le ba bangwe ba masika ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go tlamela batlholagadi ba ba tsofetseng. Ka jalo, phuthego e ne e se kitla e rwesiwa mokgweleo o o sa tlhokegeng wa go ba tlamela ka madi. Gompieno le gone, nngwe ya ditsela tse Bakeresete ba ka bontshang “boineelo jwa bomodimo” ka tsone ke ka go tlamela ba masika a bone ka dilo tse ba di tlhokang.

8. Ke eng fa Baebele e sa re neye ditaelo tse di tlhomameng malebana le go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng?

8 Bana ba ba setseng ba godile ba e leng Bakeresete, ba tshwanetse go tlamela batsadi ba bone ka dilo tse ba di tlhokang. Paulo o ne a bua ka ‘ba masika ba ba nang le tumelo,’ mme gone, batsadi ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete le bone ga ba a tshwanelwa go tlhokomologiwa. Tsela e bana ba tlhokomelang batsadi ka yone ga e tshwane. Ga go na maemo ape  a a tshwanang. Dilo tse batho ba ba tlhokomelwang ba di tlhokang, botho jwa bone le botsogo jwa bone di a farologana. Bagodi ba bangwe ba na le bana ba bantsi; ba bangwe ba na le ngwana a le mongwe fela. Ba bangwe ba ka thusiwa ke puso; mme ba bangwe bone e ka se ba thuse. Batho ba ba tlhokang thuso ga ba rate dilo tse di tshwanang. Ka jalo, go tla bo go sa siama e bile go sa bontshe lorato go tshwaya diphoso mokgwa ope fela o motho a o dirisang go tlhokomela ba masika a gagwe ba ba tsofetseng. Jehofa a ka segofatsa tshwetso epe fela e e theilweng mo Dikwalong a bo a dira gore e atlege, jaaka a ntse a dira fa e sa le mo motlheng wa ga Moshe.—Dipa. 11:23.

9-11. (a) Bangwe ba ka lebana le maemo afe a a thata? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke eng fa bana ba sa tshwanela go itlhaganelela go tlogela tirelo ya nako e e tletseng? Bontsha.

9 Fa batsadi ba nna kgakala le bana ba bone, go ka nna thata gore bana ba tlamele batsadi ba bone ba ba godileng ka dilo tse ba di tlhokang. Fa botsogo jwa motsadi bo koafala go sa lebelelwa, gongwe e le ka go bo a wele, a robegile kgotsa ka ntlha ya bothata jo bongwe, seo se ka dira gore batsadi ba tlhoke go etelwa ka bonako. Fa seo se direga, ba ka tlhoka go thusiwa—gongwe ka nakwana kgotsa ka nako e telele. *

10 Batlhanka ba ba direlang ka nako e e tletseng, ba dikabelo tsa bone di dirileng gore ba romelwe kgakala le legae, ba ka tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di boima thata. Ba ba direlang kwa magaeng a Bethele, barongwa le balebedi ba ba etang, ba tsaya dikabelo tsa bone di le botlhokwa thata, e le masego a a tswang kwa go Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba bone ba lwala, ba ka itlhaganelela go akanya gore, ‘Re tshwanetse go tlogela kabelo ya rona re boele gae go ya go tlhokomela batsadi.’ Mme gone, go tla bo go le molemo go akanyetsa ka thapelo gore a batsadi ba tlhoka gore lo dire jalo kgotsa gore a tota ba batla gore lo dire seo. Ga go ope yo o tshwanetseng go itlhaganelela go tlogela tshiamelo ya tirelo, mme ga se ka metlha go tlhokegang gore re dire jalo. A gongwe boemo jwa botsogo e ka tswa e le jwa nakwana fela mme go na le mongwe mo phuthegong ya batsadi ba lona yo o ka itumelelang go ba thusa?—Dia. 21:5.

11 Akanya ka sekai sa bomorwarramotho ba babedi ba ba neng ba direla kgakala le legae la bone. Yo mongwe e ne e le morongwa kwa Amerika Borwa, mme yo mongwe o ne a direla kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York. Batsadi ba bone ba ba godileng ba ne ba tlhoka thuso. Bone mmogo le basadi ba bone ba ne ba etela batsadi ba bone kwa Botlhaba jo bo Kgakala go bona gore ba tlhoka thuso efe le gore ba ka ba thusa jang. Fa nako e ntse e ya, morwa yo o neng a direla kwa Amerika Borwa le mosadi wa gagwe, ba ne ba akanyetsa go tlogela kabelo ya bone mme ba boele gae. Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane wa kwa phuthegong ya batsadi ba bone, o ne a ba leletsa mogala. Bagolwane bao ba ne ba tlotlile ka boemo jwa batsadi ba bana bano mme ba ne ba batla gore barongwa bao ba tswelele ka tirelo ya bone go ya kafa ba ka kgonang ka gone. Bagolwane ba ne ba anaanela tirelo ya banyalani bano mme ba ne ba iketleeleditse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba thusa gore ba tlhokomele batsadi ba bone. Botlhe mo lelapeng ba ne ba anaanela lorato lono lo ba neng ba lo bontshiwa.

12. Lelapa la Bakeresete le tshwanetse go amega ka eng malebana le tshwetso e ba e dirang ya go tlhokomela batsadi?

12 Le fa lelapa la Bakeresete le ka leka go dirisa tsela efe go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng, botlhe ba ba amegang ba tshwanetse go tlhomamisa gore seno ga se dire gore leina la Modimo le sotliwe. Ga re batle go tshwana le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu. (Math. 15:3-6) Re batla gore ditshwetso tsa rona di tlotle Modimo le phuthego.—2 Bakor. 6:3.

BOIKARABELO JWA PHUTHEGO

13, 14. Dikwalo di re thusa jang go dira tshwetso ya gore diphuthego di itumelela go tlhokomela maloko a tsone a a godileng?

13 Ga se batho botlhe ba ba ka kgonang go  thusa badiredi ba nako e e tletseng ka tsela e e tlhalositsweng fa godimo. Le fa go ntse jalo, re kgona go bona sentle mo boemong jo bo neng jwa nna gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gore diphuthego di ne di itumelela go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Baebele ya re malebana le phuthego ya kwa Jerusalema “go ne go se na ope yo o tlhokang mo go bone.” Seno ga se reye gore botlhe ba ne ba humile. Go bonala bangwe ba ne ba sa itsholela, mme ‘mongwe le mongwe o ne a abelwa go ya fela kafa a tlhokang ka gone.’ (Dit. 4:34, 35) Moragonyana go ne ga tsoga kgang nngwe mo phuthegong eo. Go ne ga begiwa gore ‘batlholagadi bangwe ba ne ba tlodisiwa matlho mo kabong ya letsatsi le letsatsi’ ya dijo. Ka jalo, baaposetoloi ba ne ba laela gore go tlhomiwe banna ba ba tshwanelegang, ba ba neng ba tla dira dithulaganyo go tlhomamisa gore batlholagadi ba newa se ba se tlhokang ka tekatekano. (Dit. 6:1-5) Gone ke boammaaruri gore go abiwa ga dijo letsatsi le letsatsi e ne e le thulaganyo ya nakwana e e neng e diretswe go thusa batho ba ba neng ba tlhoka ba ba neng ba nna Bakeresete ka Pentekosete ya 33 C.E. le ba ba neng ba sala kwa Jerusalema ka nakwana gore ba nonotshiwe semoyeng. Le fa go ntse jalo, tsela e baaposetoloi ba neng ba tsibogela seo ka yone e bontsha gore phuthego e ka kgona go thusa maloko a yone a a tlhokang thuso.

14 Jaaka go tlhalositswe, Paulo o ne a naya Timotheo ditaelo tse di neng di tlhalosa maemo a a neng a dira gore batlholagadi ba Bakeresete ba tshwanelege gore phuthego e ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:3-16) Mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele e bong Jakobe le ene o ne a tlhalosa gore Mokeresete o tshwanetse go tlhokomela dikhutsana, batlholagadi le ba bangwe, ka nako ya pitlagano kgotsa fa ba tlhoka tlhokomelo. (Jak. 1:27; 2:15-17) Moaposetoloi Johane le ene o ne a re: “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene?” (1 Joh. 3:17) Fa e le gore Mokeresete mongwe le mongwe o na le boikarabelo jo bo ntseng jalo malebana le batho ba ba tlhokang, ga go pelaelo gore diphuthego le tsone di tshwanetse go thusa ba ba tlhokang.

Fa go tlhaga kotsi, phuthego e ka thusa jang? (Bona serapa 15, 16)

15. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di ela tlhoko malebana le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng?

15 Mo dinageng tse dingwe, puso e tlamela bagodi ka madi a penshene, ka dithulaganyo tse di diretsweng go thusa batho ba ba tlhokang thuso le ka go romela batho ba ba tlhokomelang bagodi. (Bar. 13:6) Mo mafelong a mangwe ga go na dithulaganyo tse di tshwanang le tseo. Ka jalo, maemo ga a tshwane malebana le gore ke thuso e e kana kang e ba losika le phuthego ba tla e neelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng. Fa bana ba e leng Bakeresete ba  nna kgakala le batsadi, seo se ka ama kafa ba ka kgonang go thusa batsadi ba bone ka gone. Go tla bo go le molemo gore bana ba buisane le bagolwane ba phuthego ya batsadi ba bone go tlhomamisa gore botlhe ba tlhaloganya maemo a lelapa. Ka sekai, bagolwane ba ka nna ba thusa batsadi gore ba itse ka dithulaganyo tsa puso tse ba ka di dirisang. Gape ba ka nna ba ela maemo mangwe tlhoko a ba ka bolelelang bana ba bone ka one, a a jaaka makwalo a dikoloto a a iseng a bulwe kgotsa gore batsadi ga ba nwe melemo sentle. Puisano e e ntseng jalo e ka thusa gore maemo a se ka a nna maswe le go feta e bile e ka dira gore ba fitlhelele ditharabololo tse di molemo. Ga go pelaelo gore fa go na le mongwe yo o nnang gaufi yo o ka nayang ba lelapa ba ba nnang kgakala kgakololo le go ba thusa, seo se ka dira gore ba lelapa ba se ka ba tshwenyega thata.

16. Bakeresete bangwe ba thusa jang maloko a a godileng a phuthego?

16 E re ka Bakeresete ba rata batho bano ba ba godileng, bangwe ba bone ba ithaopela go dirisa nako le maatla a bone go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang. Ba leka ka natla go bontsha maloko ano a a godileng a phuthego gore ba a ba kgatlhegela. Ba bangwe mo phuthegong ba aroganya ditiro tse di rileng tse ba tla thusang bagodi ka tsone mme ba refosana go ba tlhokomela. E re ka ba lemoga gore maemo a bone ga a ba letle go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, ba itumelela go thusa bana ba bagodi bao gore ba tswelele ba le mo dikabelong tsa bone, go ya kafa ba ka kgonang ka teng. Ruri bakaulengwe bao ba bontsha moya o o siameng tota! Mme gone, bopelotshweu jwa bone ga bo a tshwanela go dira gore bana ba se ka ba diragatsa boikarabelo jwa bone mo batsading ba bone.

TLOTLANG BA BA GODILENG KA MAFOKO A A KGOTHATSANG

17, 18. Ke boikutlo bofe jo bo tla dirang gore re itumelele go tlhokomela bagodi?

17 Bagodi le batho ba ba ba tlhokomelang ba ka leka ka natla go dira gore seno e nne maitemogelo a a itumedisang. Fa e le gore o dira seno, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mo maemong mangwe, bogodi bo dira gore motho a kgobege marapo kgotsa a tshwenyege thata mo maikutlong. Ka jalo, o ka nna wa tlhoka go dira maiteko gore o bontshe bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng tlotlo le go ba kgothatsa ka go dira gore metlotlo ya gago e nne e e agang. Bagodi ba ba ileng ba ikanyega mo go Jehofa ba tshwanetse go akgolelwa seo. Jehofa ga a lebale se ba se dirileng mo tirelong ya bone mme go ntse jalo le ka Bakeresetemmogo le bone.—Bala Malaki 3:16; Bahebera 6:10.

18 Mo godimo ga moo, ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse di thata di ka dirwa motlhofo, fa bagodi le batho ba ba ba tlhokomelang ba nna ba dira metlaenyana fa go tshwanela. (Mor. 3:1, 4) Bagodi ba le bantsi ba tlhomamisa gore ga ba batle dilo di le dintsi go sa tlhokege. Ba a lemoga gore tsela e ba itshwarang ka yone e ka dira gore batho ba batle go ba etela le go fetsa nako le bone kgotsa ba se ka ba batla go dira jalo. Gantsi batho ba ba etelang bagodi ba a tle ba re, “Ke ne ke ile go kgothatsa tsala ya me e e tsofetseng mme ke boile ke kgothatsegile.”—Dia. 15:13; 17:22.

19. Basha le batho ba ba godileng ba tshwanetse go leba isagwe jang?

19 Re lebeletse pele go bona letsatsi le ka lone pogo le ditlamorago tsa bosaitekanelang di tla felang. Go fitlha nako eo e goroga, batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tsholofelong e ba nang le yone mo isagweng e e tla nnelang ruri. Re a itse gore go dumela mo ditsholofetsong tsa Modimo go tshwana le tshetledi e e thusang mo dinakong tsa mathata. Tumelo eo e re thusa gore re se ka ra ineela, “mme le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.” (2 Bakor. 4:16-18; Baheb. 6:18, 19) Le fa go ntse jalo, mo godimo ga go nna le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa Modimo, ke eng gape se se ka go thusang gore o diragatse maikarabelo a gago a go tlhokomela bagodi? Re tla tlotla ka dikakantsho tse di molemo mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 9 Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka ditsela dingwe tsa go tlhokomela bagodi tse batsadi le bana ba ka di tlhophang.