Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO MONGWE YO O KA BONELANG ISAGWE PELE?

Dingwe di Diragetse, Bontsi Ga di A Diragala

Dingwe di Diragetse, Bontsi Ga di A Diragala

A o ka rata go itse isagwe ya gago? Batho ba le bantsi ba rata go itse ka seno. Go na le batho ba le bantsi ba ba bolelelang pele ditiragalo tse di tla diragalang mme e le ka diphelelo tse di farologaneng. Akanya ka dipolelelo pele tse di latelang:

  • BAITSESAENSE ba dirisa didirisiwa tse di raraaneng le madi a mantsi go bolelela pele ditiragalo tse di farologaneng, tse di jaaka gore kgotlelo e tla ama jang lefatshe le gore a pula e tlile go na mo lefelong la lona ka moso.

  • BA BA ITHUTETSENG GO SEKASEKA DILO ba bolelela pele se se tla diragalang mo go tsa kgwebo le mo go tsa dipolotiki. Warren Buffett, yo e leng mongwe wa batho ba ba humileng thata mo lefatsheng, o ne a bidiwa moporofeti ka gonne a ne a kgona go bolelela pele ka nepo se se tlileng go diragala mo go tsa kgwebo. Nate Silver, yo e leng mongwe wa basekaseki, o ne a dirisa dipalopalo gore di mo thuse go bolelela pele sengwe le sengwe se se neng se tla direga, go simolola ka dipolotiki tsa kwa U.S go ya go dikgele tsa difilimi tsa kwa Hollywood.

  • MEKWALO YA BOGOLOGOLO e tlhalositswe e le boporofeti. Batho bangwe ba bona go diragadiwa ga dilo tse di diregang gompieno mo mekwalong e e sa tlhaloganyesegeng ya Michel de Notredame (Nostradamus) wa lekgolo la bo16 la dingwaga. Khalendara ya Ba-Maya e e fedileng ka Sedimonthole 21, 2012, e ne ya tlhalosiwa ke bangwe e le e e bolelang ditiragalo tsa masetlapelo a a masisi.

  • BAETELEDIPELE BA BODUMEDI ka dinako dingwe ba bolelela pele ditiragalo tsa masetlapelo tse di tla diragalang mo lefatsheng lotlhe e le go tlhagisa batho le go ikokoanyetsa balatedi. Harold Camping le barutwa ba gagwe ba ba neng ba bolelela pele ka letsatsi la katlholo, ba ne ba itsise lefatshe lotlhe gore lefatshe le tla fedisiwa ka 2011. Le fa go ntse jalo, lefatshe le sa ntse le le gone.

  • BA BA DIRISANG MEYA ba tsaya gore ba na le bokgoni jo bo kgethegileng jwa go bolelela pele isagwe. Edgar Cayce le Jeane Dixon ba ne ba bolelela pele ka nepo se se neng se tla diragala mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Gape go na le dipolelelo pele di le dintsi tsa bone tse di sa diragalang. Ka sekai, Dixon o ne a bolelela pele gore go tla runya Ntwa ya Lefatshe ya III ka 1958, mme Cayce o ne a bolelela pele gore toropo ya New York e tla nwela mo lewatleng mo magareng a bo1970.

A go na le tsela e re ka e ikanyang ya go bonela pele isagwe? Go botlhokwa gore re ipotse potso eo. Fa o ne o ka kgona go itse e sa le gale dilo tse di tla diregang, seo se ka ama botshelo jwa gago fela thata le dilo tse o di tlhophang.