Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tshwanetse “go Naya Mongwe le Mongwe Karabo” e e Ntseng Jang?

Re Tshwanetse “go Naya Mongwe le Mongwe Karabo” e e Ntseng Jang?

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, . . . gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—BAKOL. 4:6.

1, 2. (a) Anela maitemogelo mangwe a a bontshang botlhokwa jwa go botsa dipotso tse di akanyeditsweng sentle. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshosiwa ke ditlhogo tse di thata?

DINGWAGA di se kae tse di fetileng, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a tlotla ka Baebele le monna wa gagwe yo e seng Mosupi. Mo nakong e e fetileng, monna yoo e ne e le leloko la nngwe ya dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete. Fa ba ntse ba tlotla, monna wa gagwe o ne a re o dumela Tharonngwe. E re ka kgaitsadi yoo a ne a lemoga gore monna wa gagwe a ka tswa a sa lemoge gore thuto ya Tharonngwe e akaretsa eng, o ne a mmotsa jaana ka botlhale: “A o dumela gore Modimo ke Modimo, Jesu ke Modimo le gore moya o o boitshepo ke Modimo; mme le fa go ntse jalo, ga se Medimo e meraro mme ke Modimo a le mongwe?” Monna wa gagwe o ne a araba a gakgametse a re, “Nnyaa, ga ke dumele seo!” Morago ga foo ba ne ba tlotla malebana le gore tota Modimo o ntse jang.

2 Sekai seno se bontsha botlhokwa jwa go botsa dipotso tse di akanyeditsweng sentle, tse di tlhophilweng ka botlhale. Gape se gatelela botlhokwa jwa ntlha eno: Ga re a tshwanela go tshosiwa ke ditlhogo tse di thata tse di jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele kgotsa gore a go na le Mmopi. Fa re ikaega ka Jehofa le ka thapiso e a re nayang  yone, gantsi re ka kgona go naya motho karabo e e kgotsofatsang, e e ka fitlhelelang dipelo tsa bareetsi ba rona. (Bakol. 4:6) Mma jaanong re sekaseke gore badiredi ba ba atlegileng ba dira eng fa ba tlotla ka ditlhogo tse di ntseng jalo. Re tla sekaseka (1) kafa re ka botsang dipotso ka teng go dira gore motho a ntshe maikutlo a gagwe, (2) kafa re ka bayang mabaka ka gone go ya ka se Dikwalo di se buang le (3) kafa re ka dirisang ditshwantsho ka gone go dira gore motho a tlhaloganye.

BOTSA DIPOTSO TSE DI DIRANG GORE BAREETSI BA NTSHE MAIKUTLO

3, 4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa dipotso go lemoga gore motho o dumela eng? Neela sekai.

3 Dipotso di ka re thusa go lemoga gore motho o dumela eng. Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa? Diane 18:13 ya re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” Ee, pele ga re simolola motlotlo o o malebana le gore Baebele ya reng ka kgang e e rileng, re tla bo re dira sentle fa re ka leka go tlhaloganya gore ke eng se tota moreetsi a se dumelang. Fa re sa dire jalo, re ka senya nako e ntsi re ganetsa kgopolo e le ka motlha a iseng a ko a dumele mo go yone!—1 Bakor. 9:26.

4 A re re re tlotla le mongwe ka kgang ya dihele. Ga se mongwe le mongwe yo o dumelang gore dihele ke lefelo la mmatota le batho ba tlhokofadiwang mo go lone. Ka jalo, re ka bua sengwe se se jaaka seno: “E re ka batho ba na le dikakanyo tse di farologaneng ka dihele, a nka botsa gore wena o akanyang ka tsone?” Fa re setse re utlwile gore motho o ikutlwa jang, re tla bo re le mo boemong jo bo botoka jwa go mo thusa go tlhaloganya se Baebele e se bolelang ka kgang eno.

5. Dipotso di ka re thusa jang go itse gore ke ka ntlha yang fa motho a dumela dilo tse a di dumelang?

5 Go botsa dipotso ka botlhale go ka re thusa gape go utlwa gore ke ka ntlha yang fa motho a dumela se a se dumelang. Ka sekai, go tweng fa mongwe yo re kopanang le ene mo bodireding a bolela gore ga a dumele mo Modimong? Go motlhofo gore re akanye gore motho yoo o tlhotlheleditswe ke dikgopolo tse di tlwaelegileng, tse di jaaka thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. (Pes. 10:4) Le fa go ntse jalo, batho bangwe ga ba tlhole ba dumela mo Modimong ka ntlha ya pogo e ntsi e ba e boneng kgotsa e ba ileng ba lebana le yone. Ba ka fitlhela go le thata go dumela gore Mmopi yo o lorato a ka letlelela pogo. Ka jalo, fa mong wa ntlo a bolela gore ga a dumele gore Modimo o teng, re tshwanetse go mmotsa gore, “A o ne o ikutlwa jalo ka metlha?” Fa motho a re nnyaa, re ka nna ra mmotsa gore a go na le sengwe se se rileng se se dirileng gore a belaele gore Modimo o teng. Karabo ya gagwe e ka re thusa go bona tsela e e molemolemo e re ka mo thusang ka dilo tsa semoya ka yone.—Bala Diane 20:5.

6. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re sena go botsa potso?

6 Fa re sena go botsa potso, re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko tsela e motho a arabang ka yone le go amogela tsela e a ikutlwang ka yone. Ka sekai, mongwe a ka nna a tlhalosa gore masetlapelo mangwe a dirile gore a belaele gore go na le Mmopi yo o lorato. Pele ga re mmontsha bosupi jwa gore Modimo o teng, re tla bo re dira sentle fa re bontsha gore re tlhaloganya kafa a ikutlwang ka teng mme re mmolelele gore ga go phoso go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re boga. (Hab. 1:2, 3) Fa re le pelotelele e bile re bua le ene ka lorato a ka nna a batla go ithuta mo go oketsegileng. *

BAYA MABAKA GO YA KA SE DIKWALO DI SE BUANG

Go atlega ga rona mo bodireding go ikaegile thata ka eng? (Bona serapa 7)

7. Go atlega ga rona mo bodireding go ikaegile thata ka eng?

7 Mma re sekaseke tsela e re ka bayang mabaka ka yone go ya ka se Dikwalo di se buang. Gone ke boammaaruri gore Baebele ke yone sedirisiwa sa rona se segolo mo bodireding. E dira gore re ‘tlhomelele ka botlalo go dira tiro  nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Tim. 3:16, 17) Gore re kgone go atlega mo bodireding ga go a ikaega ka gore re bala ditemana tse kae mme go ikaegile ka tsela e re bayang mabaka ka yone le e re tlhalosang ditemana tse re di badileng ka yone. (Bala Ditiro 17:2, 3.) Ka sekai, ela tlhoko ditiragalo tse tharo tse di latelang.

8, 9. (a) Tsela e nngwe ya go beelana mabaka le motho yo o dumelang gore Jesu o lekana le Modimo ke efe? (b) Ke ditsela dife tse dingwe tsa go baya mabaka mo kgannyeng eno tse o fitlhetseng gore di mosola?

8 Tiragalo 1: Mo bodireding jwa rona, re kopana le mongwe yo o dumelang gore Jesu o lekana le Modimo. Re ka dirisa ditemana dife go mmeela mabaka mo kgannyeng eno? Re ka nna ra kopa motho yoo go bala Johane 6:38, mo Jesu a reng: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” Fa re sena go sekaseka temana eo, re ka nna ra botsa motho yoo jaana: “Fa e le gore Jesu ke Modimo, ke mang yo o mo romileng go tswa kwa legodimong? A Motho yoo ga a mogolo mo go Jesu? Boammaaruri ke gore, motho yo o romang yo mongwe, o mogolo mo go yo a mo romang.”

9 Ka tsela e e tshwanang, re ka bala Bafilipi 2:9, mo moaposetoloi Paulo a tlhalosang gore Modimo o ile a dira eng fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa. Temana eo ya re: “Modimo o ne a . . . godisetsa [Jesu] kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.” Go thusa motho yoo go akanya ka temana eo, re ka nna ra mmotsa jaana: “Fa e le gore Jesu o ne a lekana le Modimo pele ga a swa mme moragonyana Modimo a mo godisetsa mo boemong jo bo kwa godimo, a seo se ne se se kitla se dira gore Jesu a nne kwa godimo ga Modimo? Le fa go ntse jalo, go ka tla jang gore go nne le mongwe yo o kwa godimo ga Modimo?” Fa e le gore motho yoo o tlotla Lefoko la Modimo e bile a le peloephepa, go mmeela mabaka ka tsela eo go ka dira gore a sekaseke kgang eno gape.—Dit. 17:11.

10. (a) Re ka beela jang motho yo o dumelang mo molelong wa dihele mabaka? (b) Ke tsela efe ya go baya mabaka e wena o fitlhetseng e le mosola fa o tlotla ka molelo wa dihele?

10 Tiragalo 2: Go thata gore mong wa ntlo yo o ratang bodumedi thata a dumele gore batho ba ba bosula ba ka se ka ba tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Go dumela ga gagwe mo molelong wa dihele go ka tswa go bakiwa ke go batla go bona batho ba ba boikepo ba duelela molato wa ditiro tsa bone tse di bosula. Re ka beela motho yo o ikutlwang jalo mabaka jang? Sa ntlha, re ka mo tlhomamisetsa gore batho ba ba boikepo ba tla otlhaiwa. (2 Bathes. 1:9) Go tswa foo, re ka dira gore a bale Genesise 2:16, 17, e e bontshang gore kotlhao ya boleo ke loso. Re ka nna ra mo tlhalosetsa gore ka go bo Adame a leofile, o ile a dira gore batho botlhe ba tsholwe e le baleofi. (Bar. 5:12) Mme re ka tlhalosa gore Modimo ga a ka a bua sepe ka go otlhaiwa mo molelong wa dihele. Go tswa foo, re ka mmotsa gore, “Fa e le  gore Adame le Efa ba ne ba le mo kotsing ya gore ba tlhokofalediwe ruri, a go ne go se kitla go tshwanela gore ba tlhagisiwe ka seo?” Morago ga foo, re ka bala Genesise 3:19, mo ba bolelelwang ka kotlhao ya bone fa ba sena go leofa mme go sa buiwe sepe ka molelo wa dihele. Go na le moo, Adame o ne a bolelelwa gore o tla boela mo loroleng. Re ka nna ra mmotsa jaana: “A go ne go tla bo go siame go bolelela Adame gore o tla boela mo mmung fa tota a ne a tla ya kwa diheleng tse di tukang molelo?” Fa e le gore motho yoo o iketleeleditse go amogela dikgopolo tse disha, potso e e ntseng jalo e tla dira gore a akanyetse kgang eno kwa teng.

11. (a) Tsela e nngwe e re ka bayang mabaka le motho yo o dumelang gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong ke efe? (b) Ke tsela efe ya go baya mabaka e wena o fitlhetseng e le mosola fa o bua ka go ya legodimong?

11 Tiragalo 3: Mo bodireding jwa rona, re kopana le mongwe yo o dumelang gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong. Go dumela jalo go ka ama tsela e mong wa ntlo a tlhalosang Baebele ka yone. Ka sekai, a re re re sekaseka Tshenolo 21:4 le ene. (E bale.) Motho yoo a ka nna a akanya gore masego a go buiwang ka one mo temaneng eo ke a botshelo jwa kwa legodimong. Re ka mmeela mabaka jang? Go na le gore re dirise ditemana tse dingwe tse di neelang bosupi, re ka nna ra tlhoma mogopolo mo ntlheng e e rileng mo go yone temana eo. Ya re “ga go ketla go tlhola go le loso.” (Baebele e e Boitshepo) Re ka botsa motho yoo gore a o dumela gore e le gore sengwe se se ka sa tlhola se le gone, se tshwanetse sa bo se ne se le teng pele. Gongwe o tla re ee. Go tswa foo re ka mo tlhalosetsa gore ga go ise go ke go nne le loso kwa legodimong; batho ba swa fela mono mo lefatsheng. Ka jalo, Tshenolo 21:4, e tshwanetse ya bo e bua ka masego a a tla nnang teng mo isagweng mono mo lefatsheng.—Pes. 37:29.

DIRISA DITSHWANTSHO GO DIRA GORE MOTHO A TLHALOGANYE

12. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa ditshwantsho?

12 Mo godimo ga dipotso, Jesu o ne a dirisa ditshwantsho mo tirong ya gagwe ya go rera. (Bala Mathaio 13:34, 35.) Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di thusa go senola maitlhomo a batho ba ba neng ba mo reeditse. (Math. 13:10-15) Gape ditshwantsho di ne di dira gore thuto ya ga Jesu e kgatlhe batho le gore ba se ka ba e lebala. Rona re ka dirisa jang ditshwantsho mo tirong ya rona ya go ruta?

13. Re ka bontsha jang gore Modimo o mogolo mo go Jesu?

13 Gantsi go molemo go dirisa ditshwantsho tse di sa raraanang. Ka sekai, fa re tlhalosa gore Modimo o mogolo mo go Jesu, gongwe re ka dirisa tsela e e latelang. Re ka umaka gore Modimo le Jesu ba ne ba dirisa kamano ya lelapa fa ba tlhalosa kamano ya bone. Modimo o ne a re Jesu ke Morwawe mme Jesu o ne a re Modimo ke Rraagwe. (Luke 3:21, 22; Joh. 14:28) Go tswa foo, re ka nna ra botsa mong wa ntlo jaana: “Fa o ne o batla go mpontsha gore batho ba babedi ba a lekana, o ne o tla dirisa kamano efe ya lelapa go tlhalosa ntlha ya gago?” Motho yoo a ka nna a bua ka bana ba motho—le e leng mafatlha. Fa a dira jalo, re ka nna ra tlhalosa kafa papiso eo e leng motlhofo ka teng. Go tswa foo re ka mmotsa jaana: “Fa wena o kgona go akanya ka sekai seno ka bonako jalo, a Jesu—Morutisi yo Mogolo—o ne a ka se ka a akanya ka papiso e e ntseng jalo le ene? Go na le moo, o ne a bua ka Modimo e le Rraagwe. Ka go dira jalo, Jesu o ne a bontsha gore Modimo o mogolo mo go ene le gore o na le taolo e e fetang ya gagwe.”

14. Ke setshwantsho sefe se se bontshang gore ga go utlwale gore Modimo a dirise Diabolo go tlhokofatsa batho mo molelong wa dihele?

14 Ela tlhoko sekai se sengwe. Batho ba bangwe ba dumela gore Satane ke ene a okametseng molelo wa dihele. Go dirisa setshwantsho go ka thusa motsadi go bona kafa go sa utlwaleng ka teng gore Modimo a dirise Diabolo go tlhokofatsa batho mo molelong wa dihele. Re ka nna ra bua sengwe se se jaaka seno: “Akanya ngwana wa gago a setse a tsuologa mme a dira dilo tse dintsi tse di bosula. O ne o tla itshwara jang?” Gongwe, motsadi o tla re o tla kgalemela ngwana wa gagwe. A ka nna a tswelela a leka go thusa ngwana wa  gagwe gore a tlogele go dira dilo tse di bosula. (Dia. 22:15) Fa a rialo, re ka nna ra botsa motsadi gore o tla dira eng fa ngwana wa gagwe a sa batle thuso ya gagwe. Batsadi ba le bantsi ba tla re kgabagare ba tla tshwanelwa ke go otlhaya ngwana. Mme re ka mmotsa jaana: “Mme go tweng fa o utlwa gore motho mongwe yo o bosula o tlhotlheletsa ngwana wa gago gore a se ka a go reetsa?” Ga go pelaelo gore motsadi o tla galefela motho yo o ntseng jalo. Go dira gore motsadi a tlhaloganye setshwantsho seno, re ka nna ra mmotsa gore, “E re ka o itse gore motho yo o bosula yoo o tlhotlheleditse ngwana wa gago, a o ka kopa motho yoo gore a otlhaye ngwana wa gago?” Ga go pelaelo gore karabo ke nnyaa. Ka jalo, Modimo a ka se ka a dirisa Satane gore a otlhaye batho ba ene Diabolo a ntseng a ba tlhotlheletsa go dira dilo tse di bosula!

NNA TEKATEKANO

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lebelela gore mongwe le mongwe yo re mo rerelang o tla amogela molaetsa wa Bogosi? (b) A re tlhoka go nna le bokgoni jo bo kgethegileng gore re tle re rute ka tsela e e tla solegelang batho molemo? Tlhalosa. (Bona gape le lebokose la setlhogo se se reng “ Sengwe Se se Ka re Thusang go Araba Batho.”)

15 Re a itse gore ga se mongwe le mongwe yo re mo rerelang yo o tla amogelang molaetsa wa Bogosi. (Math. 10:11-14) Go ntse jalo tota le fa re ka botsa dipotso tse di siameng, ra baya mabaka ka tsela e e molemolemo le go dirisa ditshwantsho tse di tshwanelang thata. Tota e bile, ke batho ba sekae fela ba ba ileng ba amogela dithuto tsa ga Jesu—le fa e ne e le Morutisi yo mogolo go gaisa yo o kileng a nna teng mo lefatsheng!—Joh. 6:66; 7:45-48.

16 Ka fa letlhakoreng le lengwe, le fa re akanya gore ga re na bokgoni, re ka kgona go atlega mo bodireding jwa rona. (Bala Ditiro 4:13.) Lefoko la Modimo le re naya lebaka le le utlwalang la go dumela gore ‘botlhe ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng’ ba tla amogela dikgang tse di molemo. (Dit. 13:48) Ka jalo, a re lweleng go tswelela re le tekatekano malebana le kafa re itebang ka teng le kafa re lebang batho ba re batlang go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. A re diriseng ka botlalo thapiso e Jehofa a re nayang yone, re tlhomamisegile gore e tla solegela rona le batho ba ba re reetsang molemo. (1 Tim. 4:16) Jehofa a ka re thusa go bona kafa re ka nayang “mongwe le mongwe karabo” ka teng. Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, tsela e nngwe ya go atlega mo bodireding jwa rona ke go latela se gantsi go tweng ke Molao wa Sekagouta.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?” se se mo makasineng wa October 1, 2009, wa Tora ya Tebelo.