Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

‘Go na Le Tiro e e Oketsegileng ya Thobo e e Tshwanetseng go Dirwa’

‘Go na Le Tiro e e Oketsegileng ya Thobo e e Tshwanetseng go Dirwa’

George Young o ne a goroga kwa Rio de Janeiro ka Mopitlwe 1923

NGWAGA ke 1923. Holo ya konsarata ya Drama and Music Conservatory kwa São Paulo e tletse! A o kgona go utlwa lentswe la ga George Young le le ritibetseng? Puo ya gagwe yotlhe e ranolelwa mo Sepotokiseng. Batho botlhe ba ba 585 ba ba leng gone ba reeditse ka tlhoafalo. Ditemana tsa Baebele di tlhagelela mo sekirining ka Sepotokisi. Kwa bokhutlong go ntshiwa dibukana di le lekgolo tsa Millions Now Living Will Never Die! ka Sepotokisi, Seesemane, Sejeremane le Sentadiana. Puo eno e fitlheletse go le gontsi! Dikgang malebana le yone di anama ka bonako. Mo maitseboeng a mabedi a a latelang, holo e tlala gape gore batho ba tle go reetsa puo e nngwe gape. Mme gone go ile ga diragala eng pele ga ditiragalo tseno di direga?

Ka 1867, Sarah Bellona Ferguson, o ne a fudugela kwa Brazil le ba lelapa la gagwe a tswa kwa United States. Ka 1899, Sarah o ne a itse gore o bone boammaaruri fa a sena go bala kgatiso nngwe ya Baebele e kgaitsadie a neng a mo tletse yone e e tswang kwa United States. E re ka Sarah e ne e le mmadi yo o tlhoafetseng, o ne a dira peeletso ya Tora ya Tebelo ka Seesemane. E re ka a ne a kgatlhilwe ke molaetsa wa Baebele thata, o ne a kwalela Mokaulengwe C. T. Russell a “itlhalosa e le bosupi jwa gore ga go na motho yo o kgakala thata mo a ka se fitlhelelweng.”

Can the Living Talk With the Dead? (Sepotokise)

Sarah Ferguson o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, mme gantsi o ne a ipotsa gore ba tla bona kae thuso, ene le lelapa la gagwe mmogo le batho ba ba molemo ba kwa Brazil. Ka 1912 Bethele ya Brooklyn e ne ya mmolelela gore go na le mongwe yo o tlang kwa São Paulo a tshotse dipampitshana tsa Where Are the Dead? ka Sepotokise. Ka 1915 o ne a re ga a bolo go gakgamala fa a utlwa gore Baithuti ba Baebele ba le bantsi ba lebeletse gore go ise go ye kae ba tla tseelwa kwa legodimong. O ne a kwala jaana a tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone: “Go tweng ka Brazil le Amerika Borwa? . . . Fa o akanya kafa Amerika Borwa e leng kgolo ka gone, go motlhofo go lemoga gore go na le tiro e e oketsegileng ya thobo e e sa ntseng e  tshwanetse go dirwa.” Eleruri, go ne go sa ntse go tla dirwa tiro e ntsi tota!

Mo e ka nnang ka 1920, makawana a le robedi a a tsamayang ka dikepe a a tswang kwa Brazil a ne a ya dipokanong kwa New York City, fa a ntse a letetse gore dikepe tsa bone tsa ntwa di baakanngwe. Fa ba boela kwa Rio de Janeiro, ba ne ba bolelela ba bangwe tsholofelo ya Baebele e ba neng ba sa tswa go ithuta yone. Nakwana fela morago ga foo, ka Mopitlwe 1923, George Young, yo e neng e le molebedi yo o etang o ne a goroga kwa Rio de Janeiro, kwa a neng a fitlhela batho ba ba kgatlhegang gone. O ne a rulaganya gore dikgatiso di le mmalwa di ranolelwe mo Sepotokiseng. Go ise go ye kae, Mokaulengwe Young o ne a ya kwa São Paulo, e ka nako o e neng e le toropo e e nang le baagi ba le 600 000. Fa a le koo, o ne a neela thero mme a anamisa dibukana tsa Millions, jaaka go boletswe kwa tshimologong ya setlhogo seno. A re: “E re ka ke ne ke le nosi, ke ne ke tshwanetse go ikaega ka papatso ya lekwalodikgang.” Gape o tlhalosa gore tseno “e ne e le dipuo tsa ntlha tse di bapaditsweng tse di neng di na le leina la I.B.S.A. kwa Brazil.” *

Ditemana tsa Baebele di tlhagelela mo sekerineng mo puong ya ga Mokaulengwe Young

Pego e e malebana le Brazil, mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya December 15, 1923 e ne e re: “Fa re akanya gore tiro e simolotse ka Seetebosigo 1 koo, mme go ne go se na dikgatiso ka nako eo, go a itumedisa go bona kafa Morena a segofaditseng tiro ka gone.” Pego eo e ne ya tswelela e bontsha gore dipuo tsa ga Mokaulengwe Young tsa kwa São Paulo e ne e le tse pedi tsa di le 21 tse di neng tsa neelwa go simolola ka Seetebosigo 1 go ya go Lwetse 30, mme batho ba ba nnileng gone kwa go tsone e ne e le ba le 3 600. Kwa Rio de Janeiro, molaetsa wa Bogosi o ne wa anama ka bonya ka bonya. Mme mo dikgweding di le mmalwa fela go ne ga tsamaisiwa dikgatiso tsa Sepotokise di feta 7 000! Mo godimo ga moo makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa simolola go nna gone ka Sepotokise ka kgatiso ya Ngwanatsele-Sedimonthole 1923.

Sarah Bellona Ferguson, motho wa ntlha go dira peeletso ya Tora ya Tebelo ka Seesemane kwa Brazil

George Young o ne a etela Sarah Ferguson, mme Tora ya Tebelo e bega jaana: “Kgaitsadi yoo o ne a tla kwa mokaulengwe a neng a nna gone mme ka nakwana o ne a tlhoka puo. O ne a tshwara seatla sa ga Mokaulengwe Young, mme a mo leba, kgabagare o ne a re: ‘A tota ke tshwere seatla sa Moeti wa Sedumedi [Molebedi yo o Etang]?’” Ene le bangwe ba bana ba gagwe ba ne ba kolobediwa, nakwana morago ga foo. Tota e bile, o ne a na le dingwaga di le 25 a letetse go kolobediwa! Ka Phatwe 1, 1924, Tora ya Tebelo e ne ya umaka gore go ne ga kolobediwa batho ba le 50 kwa Brazil mme bontsi jwa bone e ne e le ba kwa Rio de Janeiro.

Gone jaanong, dingwaga di ka nna 90 morago ga foo, ga re tlhoke go botsa gore: “Go tweng ka Brazil le Amerika Borwa yotlhe?” Go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 760 000 ba ba rerang dikgang tse di molemo kwa Brazil. Mme go ralala Amerika Borwa, dikgang tsa Bogosi di rerwa ka Sepotokise, Se-Spain le dipuo tse dingwe tsa koo. Ka 1915, Sarah Ferguson o ne a nepile, ‘Go ne go na le tiro e e oketsegileng ya thobo e e tshwanetseng go dirwa.’—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Brazil.

^ ser. 6 I.B.S.A. e emela International Bible Students Association [Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba].