Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | GORENG BATHO BA BA MOLEMO BA DIRAGALELWA KE DILO TSE DI BOSULA?

Se Modimo a Tla se Dirang ka Bosula

Se Modimo a Tla se Dirang ka Bosula

Baebele e re bolelela ka tsela e e utlwalang ka se Jehofa le Morwaawe e bong Jesu Keresete ba tla se dirang ka pogo e e bakilweng ke Satane Diabolo. Baebele ya re: “Morwa Modimo [Jesu] o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Tsamaiso eno ya dilo e e tletseng bogagapa, letlhoo le ditiro tse di boikepo e tla fedisiwa. Jesu o solofetsa gore “mmusi wa lefatshe leno” e bong Satane Diabolo, “o tla latlhelwa kwa ntle.” (Johane 12:31) E re ka tlhotlheletso ya ga Satane e tla bo e seyo, lefatshe le lesha la tshiamo le tla nna gone mme lefatshe leno le tla nna lefelo le le nang le kagiso.—2 Petere 3:13.

Go tweng ka batho ba ba ditlhogo di thata ba ba ganang go fetola ditsela tsa bone e bile ba tatalalela go dira dilo tse di bosula? Akanya ka tsholofetso eno e e utlwalang: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Go tla bo go se na tlhotlheletso ya batho ba ba boikepo. Mo maemong ao a a nang le kagiso, batho ba ba boikobo ba tla gololwa ka bonya ka bonya mo bosaitekanelang jo ba bo ruileng.—Baroma 6:17, 18; 8:21.

Modimo o tla fedisa jang bosula mo lefatsheng leo le lesha? Ka go se tseele batho mpho ya kgololesego ya go itlhophela le go dira gore batho ba bereke jaaka diroboto. Go na le moo, o tla ruta batho ba ba boikobo ditsela tsa gagwe, a ba thusa gore ba tlogele dikakanyo le ditiro tsa bone tse di kotsi.

Modimo o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang pogo

Modimo o tla dira eng ka masetlapelo a a sa lebelelwang? O solofeditse gore go ise go ye kae Bogosi jwa gagwe bo tla laola lefatshe. Kgosi ya Bogosi joo e Modimo a e tlhomileng ke Jesu Keresete, yo o nang le maatla a go fodisa balwetse. (Mathaio 14:14) Gape Jesu o na le maatla a go laola maatla a tlholego. (Mareko 4:35-41) Ka jalo, go tla bo go sa tlhole go na le pogo e e bakiwang ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Mo pusong ya ga Keresete, batho ga ba kitla ba welwa ke masetlapelo.—Diane 1:33.

Go tweng ka batho ba le dimilione ba ba se nang molato ba ba suleng setlhogo? Nakwana pele ga Jesu a sena go tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro, o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) Eleruri, Jesu o na le maatla a go tsosa baswi kgotsa go dira gore batho ba ba suleng ba tshele gape!

Fa e le gore o kgatlhegela go tshela mo lefatsheng le dilo tse di bosula di ka se diragaleleng batho ba ba molemo, ke ka ntlha yang fa o sa go dire maikaelelo a gago go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo wa boammaaruri le ka maikaelelo a gagwe ka go ithuta Baebele? Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go thusa gore o nne le kitso eo. Re itumelela go go laletsa gore o ikgolaganye le bone kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono.