Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ga Jehofa ba ‘Bakela Tshiamololo’

Batho ba ga Jehofa ba ‘Bakela Tshiamololo’

“A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.”—2 TIM. 2:19.

1. Ke eng se se botlhokwa thata mo kobamelong ya rona?

A O KILE wa bona leina Jehofa le kwadilwe mo kagong nngwe kgotsa mo selong sengwe kwa musiamong? Ga go pelaelo gore seo se ile sa go kgatlha le go go itumedisa fela thata. Kana e bile, leina la Modimo le botlhokwa thata mo kobamelong ya rona—re Basupi ba ga Jehofa! Lefatshe ka bophara, ga go na setlhopha se sengwe sa batho se se amanngwang thata jaana le leina la Modimo go feta rona. Le fa go ntse jalo, re a itse gore tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo e tsamaisana le maikarabelo.

2. Tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo e tsamaisana le maikarabelo afe?

2 Go dirisa leina la Modimo ga se gone fela go dirang gore Jehofa a re amogele. Re tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe ya boitsholo. Ka ntlha ya seo, Baebele e re gakolola gore batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go “furalela se se bosula.” (Pes. 34:14) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa molaomotheo oo ka tsela e e utlwalang sentle fa a ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.” (Bala 2 Timotheo 2:19.) E re ka re le Basupi ba Jehofa, re itsege ka go bitsa leina la gagwe. Mme gone, re ka bakela tshiamololo jang?

 “FAPOGANG” BOSULA

3, 4. Ke temana efe e e sa bolong go kgatlha bakanoki ba Baebele, mme ka ntlha yang?

3 Akanya ka se se tlhalosiwang ke mafoko a ga Paulo a a mo go 2 Timotheo 2:19. Temana eno e umaka “motheo o o tiileng wa Modimo” mme go tswa foo e umaka dikitsiso tse pedi tse di mo go one. Go bonala kitsiso ya ntlha e e reng, “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe,” e nopotswe go tswa mo go Dipalo 16:5. (Bona setlhogo se se fetileng.) Kitsiso ya bobedi e e reng, “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo,” ga e bolo go kgatlha bakanoki ba Baebele. Ka ntlha yang?

4 Mafoko a ga Paulo a bontsha gore a ka tswa a ne a nopola go tswa mo motsweding mongwe. Le fa go ntse jalo, ga go na temana epe mo Dikwalong tsa Sehebera e e nang le mafoko a a tshwanang le a ga Paulo. Ka jalo, moaposetoloi yono o ne a bua ka eng fa a ne a re: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo”? Pelenyana fela ga fa Paulo a bua mafoko ao, o ne a nopola Dipalo kgaolo 16, e e buang ka pego ya botsuolodi jwa ga Kora. A go ka direga gore kitsiso ya bobedi le yone e tsamaisana le ditiragalo tse di amanang le botsuolodi joo?

5-7. Ke ditiragalo dife tsa mo motlheng wa ga Moshe tse di re thusang go lemoga se se ileng sa dira gore Paulo a kwale mafoko a a mo go 2 Timotheo 2:19? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

5 Baebele ya re Dathane le Abirame, bomorwa Eliabe, ba ne ba kopanela le Kora ka go etelela pele botsuolodi kgatlhanong le Moshe le Arone. (Dipa. 16:1-5) Ba ne ba nyatsa Moshe phatlalatsa mme ba le kgatlhanong le bolaodi jo Modimo a neng a mo neile jone. Batsuolodi bao ba ne ba tswelela ba le mo gare ga batho ba ga Jehofa, ba tsenya bomoya jwa batho ba ba ikanyegang mo kotsing. Fa letsatsi le goroga la gore Jehofa a bontshe pharologano magareng ga baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le batsuolodi bao, o ne a ntsha taolo e e utlwalang sentle.

6 Pego ya re: “Foo Jehofa a bua le Moshe a re: ‘Bua le phuthego o re, “Tswang mo tikologong ya metlaagana ya ga Kora, Dathane le Abirame!”’ Morago ga moo Moshe a nanoga mme a ya kwa go Dathane le Abirame, mme banna ba bagolwane ba Iseraele ba tsamaya le ene. Foo a bua le phuthego a re: ‘Tsweetswee, fapogang lo tswe fa pele ga megope ya batho ba ba boikepo bano mme lo se ka lwa ama sepe se e leng sa bone, gore lo se ka lwa gogolwa mo boleong jotlhe jwa bone.’ Ka yone nako eo ba tswa fa pele ga motlaagana wa ga Kora, Dathane le Abirame, go tswa mo letlhakoreng lengwe le lengwe.” (Dipa. 16:23-27) Go tswa foo Jehofa o ne a bolaya batho botlhe ba ba neng ba tsuologa. Mme baobamedi ba ba ikanyegang—ba ka go katoga ba neng ba bontsha go bakela tshiamololo—bone ba ne ba bolokwa.

7 Jehofa o bona se se mo dipelong! O kgona go lemoga boikanyegi jwa batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato, go ikgaoganya le batho ba ba bosula. Ka jalo, go ka direga gore Paulo o ne a bua ka pego e e mo go Dipalo 16:5, 23-27 fa a ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.” Seo se tla bo se dumalana le mafoko ano a ga Paulo: “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.”—2 Tim. 2:19.

“GANA GO AMOGELA DIPOTSO TSA BOELEELE LE TSA BOTLHOKA KITSO”

8. Ke ka ntlha yang fa go dirisa leina la ga Jehofa kgotsa go nna karolo ya phuthego ya Bakeresete go sa lekana?

8 Fa Paulo a ne a umaka ditiragalo tseo tsa mo motlheng wa ga Moshe, o ne a gakolola Timotheo botlhokwa jwa gore a tseye kgato go sireletsa kamano ya gagwe e e molemo le Jehofa. Go nna karolo ya phuthego ya Bakeresete ka bogone fela go ne go sa lekana, fela jaaka go bitsa leina la ga Jehofa go ne go sa lekana mo motlheng wa ga Moshe. Baobamedi ba ba ikanyegang ba tshwanetse go tsaya kgato mme ba bakele tshiamololo. Seno se ne  se kaya gore Timotheo o ne a tshwanetse go dira eng? Mme batho ba ga Jehofa gompieno ba ka ithuta eng mo kgakololong e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo?

9. “Dipotso tsa boeleele le tsa botlhoka kitso” di ne tsa ama jang phuthego ya Bokeresete ya bogologolo?

9 Lefoko la Modimo le re naya kgakololo e e utlwalang sentle malebana le ditiro dingwe tsa tshiamololo tse Bakeresete ba tshwanetseng go di bakela kgotsa go di tlogela. Ka sekai, mo mafokong a a dikologileng temana ya 2 Timotheo 2:19, Paulo o bolelela Timotheo gore a se ka a “lwa ka mafoko” mme a ‘tshabe dipuo tse di se nang mosola.’ (Bala 2 Timotheo 2:14, 16, 23.) Maloko mangwe a phuthego a ne a buelela dithuto tsa botlhanogi. Gape go bonala bangwe ba ne ba simolola dikgopolo tse di bakang tlhakatlhakano. Le fa dikgopolo tseo di ne di se kgatlhanong le se se mo Dikwalong, di ne di baka dikgaogano. Di ne di baka dingangisano le go ganetsana ka mafoko, di baka moya o o sa siamang mo phuthegong. Ke gone ka moo Paulo a neng a gatelela botlhokwa jwa go “gana go amogela dipotso tsa boeleele le tsa botlhoka kitso.”

10. Re tshwanetse go itshwara jang fa re lebana le botlhanogi?

10 Gompieno, ga se gantsi batho ba ga Jehofa ba lebanang le botlhanogi mo diphuthegong. Le fa go ntse jalo, fa re kopana le dithuto tse e seng tsa Dikwalo, go sa kgathalesege gore di tswa kae, re tshwanetse go tsaya kgato mme re di gane. Go tla bo go se botlhale go tsena mo dikganetsanong le batlhanogi, e ka tswa e le ka go bua le bone, ka go araba melaetsa ya bone mo Internet kgotsa ka mokgwa ope fela. Tota le fa boikaelelo jwa rona e le go thusa motho yoo, metlotlo e e ntseng jalo e tla bo e sa dumalane le kaelo ya Dikwalo e re sa tswang go tlotla ka yone. Go na le moo, e re ka re le batho ba ga Jehofa, re tshwanetse go gana botlhanogi gotlhelele.

Tila go ganetsana le batlhanogi (Bona serapa 10)

11. Ke eng se se ka tsosang ‘dipotso tsa boeleele,’ mme bagolwane ba Bakeresete ba ka tlhoma jang sekao se se molemo?

11 Kwa ntle ga botlhanogi, go na le dilo tse dingwe gape tse di ka kgoreletsang kagiso ya phuthego. Ka sekai, tsela e e farologaneng e re lebang boitlosobodutu ka yone, e ka felela ka “dipotso tsa boeleele le tsa botlhoka kitso.” Mme gone, fa batho bangwe ba buelela boitlosobodutu jo bo kgatlhanong le melao ya ga Jehofa ya boitsholo, bagolwane ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlogelela boitshwaro jo bo ntseng jalo, fela ka gonne ba re ba tila dikganetsano. (Pes. 11:5; Baef. 5:3-5) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba buelela dikgopolo tsa bone. Ba ikobela kgakololo eno ya Dikwalo e e neilweng balebedi ba Bakeresete: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, . . . e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 Pet. 5:2, 3; bala 2 Bakorintha 1:24.

12, 13. (a) Basupi ba ga Jehofa ba leba jang kgang ya go tlhopha boitlosobodutu, mme ke melaometheo efe e ba ka e latelang? (b) Melaometheo e go tlotlilweng ka yone mo serapeng sa 12 e ama jang dikgang dingwe tse motho a tlhokang go itirela tshwetso mo go tsone?

12 Fa go tla mo kgannyeng ya boitlosobodutu, phuthego ya Modimo ga e sekaseke difilimi, metshameko ya dibidio, dibuka kgotsa dipina gore ba re beele melao ya gore re tshwanetse go tila dife. Ka ntlha yang? Baebele e kgothaletsa mongwe le mongwe gore a thapise ‘bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga gore a farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Baheb. 5:14) Dikwalo di re naya melaometheo e Mokeresete a ka e akanyetsang fa a tlhopha boitlosobodutu. Mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona, mokgele wa rona e tshwanetse go nna gore re ‘nne re tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.’ (Baef. 5:10) Baebele e ruta gore ditlhogo tsa malapa ke tsone di nang le taolo e e rileng, ka jalo ba ka tlhopha gore ba se ka ba letla mofuta o o rileng wa boitlosobodutu mo malapeng a bone. *1 Bakor. 11:3; Baef. 6:1-4.

13 Melaometheo ya Baebele e re tlotlileng ka yone pelenyana ga e bue fela ka boitlosobodutu  jo re tshwanetseng go bo tlhopha. Dilo dingwe tse di ka bakang kganetsano e ka nna tse di malebana le go apara, go ipaakanya, tsa botsogo, dijo le dilo tse dingwe tse motho a ka itirelang tshwetso ka tsone. Ka jalo, fa go se na molaomotheo ope wa Dikwalo o o tlolwang, batho ba ga Jehofa ba dira dilo ka botlhale mme ba ithiba gore ba se ka ba ngangisana ka dikgang tse di ntseng jalo, ka gonne “motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Tim. 2:24.

TILA GO ITLWAELANYA LE BATHO BA BA BOSULA!

14. Paulo o dirisa setshwantsho sefe go gatelela botlhokwa jwa go tila go itlwaelanya le batho ba ba bosula?

14 ‘Batho ba ba bitsang leina la ga Jehofa ba ka bakela tshiamololo’ ka tsela efe e nngwe? Ka go tila go itlwaelanya le batho ba ba tlwaetseng go dira tshiamololo. Re tshwanetse go ela tlhoko gore fa Paulo a sena go umaka setshwantsho sa “motheo o o tiileng wa Modimo” o ne a bua ka setshwantsho se sengwe gape. O ne a kwala ka ‘ntlo e kgolo’ e e nang le “dijana e seng tsa gouta le selefera fela mme gape go na le tsa logong le letsopa, mme dingwe ke tsa boikaelelo jo bo tlotlegang mme tse dingwe ke tsa boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa.” (2 Tim. 2:20, 21) Go tswa foo, o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba ‘nnele kgakala’ le dijana tse di dirisediwang “boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa.”

15, 16. Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa ‘ntlo e kgolo’?

15 Setshwantsho seno se kaya eng? Paulo o tshwantsha phuthego ya Bokeresete le ‘ntlo e kgolo’ mme maloko a phuthego o a tshwantsha le “dijana,” kgotsa didirisiwa tsa mo ntlong. Dijana dingwe tsa mo ntlong di ka nna tsa kgotlelwa ke dilo dingwe tse di kotsi kgotsa ke sengwe se se leswe. Mong wa ntlo a ka se kopanye dijana tseno tse di leswe le tse di phepa, tse di jaaka tse a di dirisetsang go apaya.

16 Ka tsela e e tshwanang, batho ba ga Jehofa gompieno fa ba leka ka natla go tshela matshelo a a phepa, ba tshwanetse go tila go ikopanya le batho ba ba mo phuthegong ba ba nnang ba itlhokomolosa melaometheo ya ga  Jehofa. (Bala 1 Bakorintha 15:33.) Fa e le gore re tshwanetse go tila go ikopanya le batho ba ba ntseng jalo mo teng ga phuthego, a bo go le botlhokwa jang ne gore re “fularele” kgotsa re se ka ra itsalanya le batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba bontsi jwa bone e leng ‘barati ba madi, ba ba sa utlweng batsadi, ba sa ikanyege, ba ba senyang ba bangwe maina, ba le bogale, ba sa rate molemo, baoki, ba ba ratang menate go na le go rata Modimo’!—2 Tim. 3:1-5.

JEHOFA O A RE SEGOFATSA FA RE TSAYA KGATO KA BONAKO

17. Baiseraele ba ba neng ba ikanyega ba ne ba ema kgatlhanong le tshiamololo ka botlalo jang?

17 Baebele e umaka kafa Baiseraele ba neng ba tsaya kgato ka gone fa ba ne ba bolelelwa gore ba ‘tswe mo tikologong ya metlaagana ya ga Kora, Dathane le Abirame.’ Pego ya re “ka yone nako eo ba tswa fa pele ga motlaagana.” (Dipa. 16:24, 27) Ga ba a ka ba okaoka kgotsa ba e beela nako e e tlang. Temana eo e bontsha kafa ba ile ba dira seo ka botlalo ka gone. Ba ne “ba tswa fa pele ga motlaagana . . . go tswa mo letlhakoreng lengwe le lengwe.” Batho ba ba ikanyegang ba ne ba sa batle go itsenya mo kotsing epe. Ba ne ba ikoba ka botlalo ba se pelopedi. Ba ne ba ema le Jehofa mme ba nna kgatlhanong le tshiamololo. Re ka ithuta eng mo sekaing seno?

18. Paulo o ne a gatelela ntlha efe fa a ne a tlhagisa Timotheo gore a ‘tshabe dikeletso tse basha ba nang le tsone’?

18 Fa go tla mo kgannyeng ya go sireletsa kamano ya rona le Jehofa, re tshwanetse go tsaya kgato ka bonako re sa okaoke. Paulo o ne a gatelela ntlha eo fa a ne a tlhagisa Timotheo gore a ‘tshabe dikeletso tse basha ba nang le tsone.’ (2 Tim. 2:22) Ka nako eo, Timotheo e ne e setse e le monna yo o godileng, gongwe a le mo dingwageng tsa bo30. Le fa go ntse jalo, ‘dikeletso tse basha ba nang le tsone’ tsa boeleele ga di a ikaega ka dingwaga tse motho a nang le tsone. Fa Timotheo a ne a ka lebana le dikeletso tse di ntseng jalo, o ne a tshwanetse go “tshaba.” Ka mafoko a mangwe, Timotheo o ne a tshwanetse go ‘bakela tshiamololo.’ Jesu o ne a bua se se tsamaisanang le seo fa a ne a re: “Fa leitlho la gago le dira gore o kgotšwe, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Math. 18:9) Gompieno, Bakeresete ba ba tsayang tsia kgakololo eo ba tsaya kgato ka bonako ba sa okaoke fa ba lebane le dilo tse di ka tsenyang bomoya jwa bone mo kotsing.

19. Ba bangwe ba ile ba tsaya kgato jang go itshireletsa mo dikotsing tsa semoya?

19 Bangwe ba ba neng ba na le bothata jwa go sa dirise bojalwa sentle pele ga ba nna Basupi, ba dirile tshwetso ya gore ba tlogele bojalwa gotlhelele. Ba bangwe ba tila mefuta mengwe ya boitlosobodutu e e ka tswang e se phoso mme gone e le e e ka nnang ya tsosa bokoa bongwe jo ba lwantshanang le jone. (Pes. 101:3) Ka sekai, pele ga mokaulengwe mongwe e nna Mosupi, o ne a itumelela go ya diphathing tse kwa go tsone go neng go tantshiwa ka tsela e e tlhotlheletsang boitsholo jo bo sa siamang. Mme fa a sena go ithuta boammaaruri, o ne a tila go tantsha gotlhelele tota le kwa dikokoanong tsa Basupi, a boifa gore o tla tsosa dikeletso tse di sa siamang kgotsa o tla gopola kwa a tswang gone. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba thibelwe go nwa bojalwa, go tantsha kgotsa go dira dilo dingwe tse ka botsone di seng phoso. Le fa go ntse jalo, re lebeletswe gore re tseye kgato go itshireletsa malebana le dilo tse di ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing.

20. Le fa go ka tswa go se motlhofo go ‘bakela tshiamololo’ ke eng se se re gomotsang le se se ka re tlhatswang pelo?

20 Tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo e tsamaisana le maikarabelo. Re tshwanetse go ‘bakela tshiamololo,’ mme re ‘fularele se se bosula.’ (Pes. 34:14) Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Mme gone, ruri go a kgothatsa go itse gore ka metlha, Jehofa o tla nna a rata “ba e leng ba gagwe” le ba ba ikobelang ditsela tsa gagwe tsa tshiamo.—2 Tim. 2:19; bala 2 Ditiragalo 16:9a.

^ ser. 12 Bona setlhogo se se mo jw.org/tn se se reng, “A lo Iletsa Difilimi, Dibuka Kgotsa Dipina Tse di Rileng?” mo go KA GA RONA > DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG.