Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | BOGOSI JWA MODIMO—A BO KA GO SOLEGELA MOLEMO?

Goreng o Tshwanetse go Kgatlhegela Bogosi Jwa Modimo?

Goreng o Tshwanetse go Kgatlhegela Bogosi Jwa Modimo?

Batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba ikanya Bogosi jwa Modimo. Ba latela sekao sa ga Jesu yo o rutileng balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10, Baebele e e Boitshepo.

Se se gakgamatsang ke gore, fa batho ba le bantsi ba kgatlhegela Bogosi jwa Modimo, madumedi a mantsi one ga a bue thata ka jone. Malebana le kgang eno, rahisitori mongwe e bong H. G. Wells o ne a tlhalosa gore go a kgatlha gore Jesu o ne a “amegile thata . . . ka go rera ka se a neng a re ke Bogosi jwa Legodimo” le fa gone thuto eno “e se botlhokwa go le kalo mo . . . dithutong tsa dikereke tse dintsi tsa Bokeresete.”

Go farologana le dikereke tseo, Basupi ba ga Jehofa bone ba tlotlomatsa Bogosi jwa Modimo. Akanya ka seno: Makasine wa rona wa konokono o o o balang gone jaanong, o gatisiwa ka dipuo di le 220. Kgatiso e le nngwe ya one e gatisiwa ka dikhopi di le dimilione di ka nna 46, e leng se se dirang gore o nne makasine o o anamisiwang thata mo lefatsheng. Molaetsa wa konokono wa makasine ono ke ofe? Ela tlhoko setlhogo sa one se feletse: Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa.  *

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba tsaya matsapa a a kana kana go itsise Bogosi jwa Modimo? Lengwe la mabaka ke gore re dumela gore Bogosi jwa Modimo ke kgangkgolo mo bukeng ya botlhokwa thata mo lefatsheng—Baebele. Mo godimo ga moo, re tlhatswegile pelo gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tharabololo ya mmatota ya mathata a batho ba lebanang le one gompieno.

Basupi ba ga Jehofa ba dira ka natla go latela sekao sa ga Jesu ka go tlhoma mogopolo mo Bogosing jwa Modimo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira gore Bogosi jwa Modimo e nne selo sa botlhokwa mo botshelong le mo bodireding jwa gagwe. (Luke 4:43) Goreng Bogosi bo ne bo le botlhokwa thata jaana mo go Jesu? Mme bo ka go solegela molemo jang? Re go kgothaletsa gore o lebe dikarabo tsa Baebele tse di tlhalosiwang mo ditlhogong tse di latelang.

^ ser. 5 Leina la Modimo ke Jehofa mo Baebeleng.