Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Ditiragalo Tsa Botlhokwa mo Tirelong Ya me Ya Bogosi

Ditiragalo Tsa Botlhokwa mo Tirelong Ya me Ya Bogosi

Ka 1947, baruti ba Katoliki kwa Santa Ana, El Salvador, ba ne ba leka go kgoreletsa Basupi. Fa bakaulengwe ba ntse ba tshwere Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke, basimane ba ne ba latlhela maje a magolo mo kgorong e e neng e butswe ya legae la barongwa. Go tswa foo, go ne ga latela mokoloko o o neng o eteletswe pele ke baruti. Bangwe mo mokolokong oo ba ne ba tshotse dipone; ba bangwe ba ne ba tshotse ditshwantsho. Go ne ga feta diura di le pedi ba ntse ba kolopa ntlo ka maje mme ba goa ba re: “A Kgarebane e tshele ka bosakhutleng!” le “A Jehofa a swe!” Ba ne ba batla go tshosa barongwa gore ba tswe mo motseng. Ke itse seno ka gonne ke ne ke le mongwe wa barongwa bao e bile ke ne ke le mo pokanong eo dingwaga di le 67 tse di fetileng. *

DINGWAGA di le pedi pele ga tiragalo e e tlhalositsweng fa godimo, nna le morongwa yo ke neng ke dira le ene e bong Evelyn Trabert, re ne ra aloga mo tlelaseng ya bonè ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, se ka nako eo se neng se le gaufi le Ithaca kwa New York. Re ne ra abelwa go ya go direla kwa Santa Ana. Mme pele ke tswelela go anela ka bokhutshwane pego ya me ya dingwaga di ka nna 29 tse ke di feditseng mo tirelong ya borongwa, mma ke lo bolelele gore go tlile jang gore ke swetse ka gore ke tsenele tirelo eno.

BOSWA JWA ME JWA SEMOYA

Batsadi ba me e bong John le Eva Olson ba ne ba nna kwa Spokane, Washington, U.S.A., ka 1923, ngwaga o ke tshotsweng ka one. E ne e le Balutere mme ba ne ba sa amogele thuto ya kereke ya molelo wa dihele ka gonne ba ne ba sa bone e tsamaelana le se ba se dumelang gore Modimo o lorato. (1 Joh. 4:8) Rre o ne a bereka kwa lefelong la go baka marotho mme maitseboa mangwe modiri ka ene o ne a mo tlhomamisetsa gore Baebele ga e rute gore dihele ke lefelo la tlhokofatso. Go ise go ye kae, batsadi ba me ba ne ba simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa mme ba itse se totatota Baebele e se rutang ka botshelo morago ga loso.

Ke ne ke na le dingwaga di le robongwe fela mme ke gakologelwa ke reeditse batsadi ba me fa ba ntse ba tlhalosa ka matlhagatlhaga dilo tse disha tsa boammaaruri jo bo mo Baebeleng tse ba neng ba sa tswa go di  utlwa. Tlhagafalo ya bone e ne ya oketsega le go feta fa ba ne ba ithuta ka leina la Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa mme ba gololwa mo thutong e e tlhakanyang tlhogo ya Tharonngwe. Fela jaaka sepontšhe se monya metsi, ke ne ka simolola go monya dithuto tseno tse di molemo tsa Dikwalo mme ka ithuta ‘boammaaruri jo bo gololang.’ (Joh. 8:32) Ka jalo, le ka motlha ga ke ise ke lapisiwe ke go ithuta Baebele mme ke nna ke itumelela go tlhatlhoba Lefoko la Modimo. Le fa ke ne ke le motho yo o ditlhong, ke ne ke tsamaya le batsadi ba me mo tirong ya go rera. Ba ne ba kolobediwa ka 1934. Ka 1939 le nna ke ne ka nna motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, ke na le dingwaga di le 16.

Ke na le Papa le Mama kwa kopanong ya 1941 kwa St. Louis, Missouri

Ka Phukwi 1940, batsadi ba me ba ne ba rekisa legae la bone mme boraro jwa rona re ne ra simolola tirelo ya nako e e tletseng re le babulatsela kwa Coeur d’Alene, Idaho. Re ne re hirile folete e e mo godimo ga lefelo la go baakanya dikoloi. Gape go ne go tshwarelwa dipokano mo legaeng la rona. Ka nako eo, ke diphuthego di le mmalwa fela tse di neng di na le Diholo Tsa Bogosi, ka jalo go ne go kopanelwa mo magaeng a batho kgotsa go hirwa diphaposi.

Ka 1941, nna le batsadi ba me re ne ra ya kopanong kwa St. Louis, Missouri. Sontaga e ne e le “Letsatsi la Bana” mme bana ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 5 le 18 ba ne ba ntse fa pele ga serala. Go ela kwa bofelong jwa puo ya gagwe, Mokaulengwe Joseph F. Rutherford o ne a bua jaana le rona bana: “Lona lotlhe . . . bana . . . ba ba dumetseng go utlwa Modimo le Kgosi ya gagwe, tsweetswee emang ka dinao!” Rotlhe re ne ra ema ka dinao. Go tswa foo, Mokaulengwe Rutherford o ne a re: “Bonang, basupi ba basha ba ba fetang 15 000 ba Bogosi!” Tiragalo eo e ne ya nthusa go tlhomamisa tshwetso ya me ya go dira bobulatsela tiro ya me ya botshelo jotlhe.

DIKABELO TSA LELAPA LA RONA

Dikgwedi di se kae morago ga kopano ya kwa St. Louis, lelapa la rona le ne la fudugela kwa borwa jwa California. Fa re le koo kwa toropong ya Oxnard, kabelo ya rona e ne e le go simolola phuthego e ntšha. Re ne re nna mo tereilareng e nnye e e neng e na le bolao bo le bongwe fela. Maitseboa mangwe le mangwe ke ne ke alelwa ke bo ke robala mo godimo ga tafole e re jelang mo go yone, e leng selo se se neng se farologane thata le pele fa ke ne ke na le kamore ya me!

Pele fela ga re goroga kwa California, Japane e ne ya tlhasela Pearl Harbor kwa Hawaii, ka Sedimonthole 7, 1941. Mo letsatsing le le latelang, United States e ne ya tsenela Ntwa ya Lefatshe ya II. Balaodi ba ne ba laela gore batho botlhe ba time dipone bosigo mme re ne ra dira fela jalo. Masole a lewatle a Bajapane a ne a disitse lotshitshi lwa lewatle la California mme fa go le lefifi, seo se ne se thusa gore a se ka a thuntsha mo motseng.

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, ka Lwetse 1942, re ne ra ya Kopanong ya Puso ya Modimo ya Lefatshe le Lesha kwa Cleveland, Ohio. Fa re le koo, re ne ra reetsa fa Mokaulengwe Nathan H. Knorr a ne a neela puo e e reng, “Kagiso—A e Ka Nnela Ruri?” O ne a bua ka Tshenolo kgaolo 17, e e tlhalosang “sebatana” se ‘se neng se le gone, mme se se yo, le fa go ntse jalo se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo.’ (Tshen. 17:8, 11) Mokaulengwe Knorr o ne a tlhalosa gore “sebatana” se ne se emela Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le le neng la emisa go dira ka 1939. Baebele e ne ya bolelela pele gore Lekgotla leo le ne le tla emisediwa ke le lengwe, mme go latele nako ya selekanyo se se rileng sa kagiso. Mme go ne ga direga fela jalo gore ka 1945, Ntwa ya Lefatshe ya II e fele. Morago ga moo, “sebatana” se ne sa boa gape e le Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go tswa foo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba atolosa tiro ya bone ya go rera mo lefatsheng lotlhe mme a bo go ile ga nna le koketsego e kgolo jang ne fa e sa le ka nako eo!

Dipoloma ya me ya Gileade

Boporofeti joo bo ne jwa nthusa go bona se se neng se larile kwa pele. Fa go ne go itsisiwe gore Sekolo sa Gileade se ne se tla simolola ngwaga o o latelang, ke ne ka simolola go nna le kgatlhego ya go nna morongwa. Ka  1943, ke ne ka abelwa go nna mmulatsela kwa Portland, Oregon. Mo metlheng eo, re ne re dirisa fonokerafa go tshamekela beng ba matlo dithero ba ntse ba eme mo kgorong mme go tswa foo re ne re ba tsamaisetsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di buang ka Bogosi jwa Modimo. Ngwaga oo otlhe, ke ne ke ntse ke akanya ka tirelo ya borongwa.

Ka 1944, ke ne ka itumelela go lalediwa go ya kwa Gileade le tsala ya me e e rategang e bong Evelyn Trabert. Mo dikgweding di le tlhano, batlhatlheledi ba rona ba ne ba re bontsha kafa re ka itumelelang go ithuta Baebele ka gone. Re ne ra kgatlhiwa ke boikokobetso jwa bone. Ka dinako tse dingwe, fa go jewa, bakaulengwe bao e ne e le bone ba re fang dijo. Re ne ra aloga ka Ferikgong 22, 1945.

KABELO YA ME YA BORONGWA

Nna le Evelyn mmogo le Leo le Esther Mahan, re ne ra goroga kwa kabelong ya rona kwa El Salvador ka Seetebosigo 1946. Re ne ra fitlhela masimo a le “masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Tiragalo e e umakilweng kwa tshimologong ya pego eno e bontsha kafa baruti ba neng ba shakgetse ka gone. Beke fela pele ga foo, re ne re na le kopano ya ntlha ya potologo kwa Santa Ana. Re ne ra itsise batho ba le bantsi ka puo ya phatlalatsa mme re ne re itumetse fela thata go nna le batlakopanong ba ka nna 500. Go na le gore re tshoge mme re tshabe mo toropong, re ne re ikemiseditse le go feta go nna mo lefelong leo le go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang. Le fa baruti ba ne ba tlhagisitse batho gore ba se ka ba bala Baebele e bile e le ba se kae fela ba ba neng ba ka nna le yone, ba le bantsi ba ne ba nyoretswe boammaaruri. Ba ne ba anaanela thata maiteko a rona a go ithuta Se-Spain gore re kgone go ba ruta ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa le ka tsholofetso ya gagwe e e itumedisang ya gore o tla dira gore lefatshe le boe le nne Paradaise.

Re le batlhano go tswa mo tlelaseng ya rona ya Gileade re ne ra romelwa kwa El Salvador. Go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Evelyn Trabert, Millie Brashier, Esther Mahan, nna le Leo Mahan

Rosa Ascencio ke mongwe wa batho ba ntlha ba ke ileng ka ithuta Baebele le bone. Fa a sena go simolola go ithuta Baebele, o ne a kgaogana le monna yo a neng a nna le ene. Go tswa foo monna yoo o ne a simolola go ithuta Baebele. Ba ne ba nyalana, ba kolobediwa, mme ba nna Basupi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa. Rosa e ne ya nna mmulatsela wa ntlha kwa Santa Ana. *

Rosa o ne a na le lebenkele le lennye. Fa a ya bodireding o ne a tswala lebenkele la gagwe mme a ikanya Jehofa gore o tla mo tlamela ka se a se tlhokang. Fa a bula lebenkele la gagwe gape morago ga diura di se kae, batho ba ne ba ologela mo go lone go tla go reka. O ne a iponela ka matlho boammaaruri jwa mafoko a a mo go Mathaio 6:33 mme o ne a nna a ikanyega go fitlha a tlhokafala.

Nako nngwe, moruti wa lefelo leo o ne a etela monna yo o neng a hiriseditse nna le barongwa ba bangwe ba le batlhano ntlo mme a mo tlhagisa gore fa a ka tswelela a re hiriseditse, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tla lelekwa mo kerekeng. Monna yoo, yo e neng e le rakgwebo yo o itsegeng, o ne a setse a tennwe ke boitshwaro jwa moruti mme ga a ka a ineela mo kgatelelong eo. O ne a bo a bolelela moruti gore ga a na bothata le fa a ka lelekwa mo kerekeng. O ne a re tlhomamisetsa gore re ka tswelela re nna foo ka lobaka lo re lo batlang.

MONNI YO O TLOTLEGANG O NNA MOSUPI

Ofisi ya Lekala e ne ya agiwa ka 1955

Mo motsemoshateng wa San Salvador, morongwa yo mongwe o ne a ithuta Baebele le mosadi wa moenjenere  mongwe yo o bidiwang Baltasar Perla. Monna yoo yo o peloephepa o ne a sa tlhole a na le tumelo mo Modimong ka ntlha ya boitimokanyi jo a neng a bo bone mo baeteledingpele ba bodumedi. Fa go tla nako ya gore go agiwe ofisi ya lekala, Baltasar, yo o neng a ise a amogele boammaaruri, o ne a ithaopela go dira dipolane tsa yone le go e aga ntle le tuelo epe.

Fa Baltasar a sena go dirisana le batho ba ga Jehofa mo kagong, o ne a tlhatswega pelo gore o bone bodumedi jwa boammaaruri. O ne a kolobediwa ka Phukwi 22, 1955 mme mosadi wa gagwe e bong Paulina, o ne a kolobediwa moragonyana ga foo. Bana ba bone ka bobedi ba direla Jehofa ka boikanyegi. Morwawe e bong Baltasar, Jr., o na le dingwaga di le 49 a direla kwa Bethele ya Brooklyn, kwa a thusang teng mo tirong e e ntseng e gola ya go rera mo lefatsheng lotlhe mme jaanong ke leloko la Komiti ya Lekala la United States. *

Fa re ne re simolola go tshwara dikopano tse dikgolo mo San Salvador, Mokaulengwe Perla o ne a re thusa go bona tetla ya go dirisa kago e kgolo ya bajiminasi. Kwa tshimologong, re ne re dirisa karolo e nnye fela ya holo; mme ka tshegofatso ya ga Jehofa, palo ya rona e ne ya nna ya oketsega ngwaga le ngwaga go fitlha re tlatsa holo eo ya bajiminasi mo re neng re sa tlhole re kgona go lekana mo go yone! Mo ditiragalong tseo tse di itumedisang ke ne ka kgona go kopana le batho ba ke neng ke ithutile Baebele le bone. Akanya fela kafa ke neng ke ikutlwa ka gone fa batho ba ke neng ke ithutile le bone ba ne ba mpontsha “ditlogolwana” tsa me—batho ba ba sa tswang go kolobediwa ba ba neng ba ithutile le bone!

Mokaulengwe F. W. Franz o bua le barongwa kwa kopanong

Kwa kopanong nngwe, mokaulengwe mongwe o ne a tla kwa go nna mme a nthaya a re o batla go ipolela molato. Ke ne ke sa mo itse mme ke swegaswega pelo go itse gore o bua ka eng. O ne a re: “Ke mongwe wa basimane ba ba neng ba lo kolopa ka maje kwa Santa Ana.” Jaanong o ne a direla Jehofa mmogo le nna! Pelo ya me e ne ya phophoma ka boitumelo. Motlotlo oo o ne wa ntlhomamisetsa gore tirelo ya nako e e tletseng ke tiro e e kgotsofatsang go gaisa epe fela e motho a ka e tlhophang.

Kopano ya rona ya ntlha ya potologo kwa El Salvador

DITSHWETSO TSE DI KGOTSOFATSANG

Ke ne ka tswelela ka tiro ya borongwa ka dingwaga di ka nna 29 kwa El Salvador, sa ntlha kwa toropong ya Santa Ana, go tswa foo kwa Sonsonate Santa Tecla mme la bofelo kwa San Salvador. Ka 1975, fa ke sena go akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko ka thapelo, ke ne ka  swetsa ka gore ke tlogele kabelo ya me ya borongwa mme ke boele kwa Spokane. Batsadi ba me ba ba sa bolong go direla Jehofa ba ba neng ba setse ba tsofetse ba ne ba tlhoka thuso ya me.

Fa Rre a sena go tlhokafala ka 1979, ke ne ka tlhokomela Mmè, yo o neng a koafala le go feta e bile a sa kgone go itirela sepe. O ne a tshela dingwaga tse dingwe gape tse robedi mme a tlhokafala a na le dingwaga di le 94. Ka nako eo e e thata, ke ne ka tsenwa ke letsapa le le tseneletseng mo mmeleng le mo maikutlong. Kgatelelo eo ya maikutlo e ne ya dira gore ke tshwarwe ke bolwetse jo bo botlhoko jwa shingles. Ke ne ka kgona go itshokela teko eo ka thapelo le ka tshegetso ya ga Jehofa e e lorato e e neng ya nnonotsha. Go ntse fela jaaka Jehofa a re, ‘go fitlha botlhogoputsweng ke tla tsaya kgato, gore ke go rwale le gore ke go sikare ke bo ke go falotse.’—Isa. 46:4.

Ka 1990, ke ne ka fudugela kwa Omak, Washington. Fa ke le koo, ke ne ka direla gape mo tshimong ya puo ya Se-Spain, mme batho ba le mmalwa ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba ne ba kolobediwa. Ka Ngwanatsele 2007, ke ne ke sa tlhole ke kgona go tlhokomela ntlo ya me e e kwa Omak, ka jalo ke ne ka fudugela mo foleteng nngwe gaufi le toropo ya Chelan, Washington. Fa e sa le ka nako eo, phuthego ya mono ya Se-Spain e ntse e ntlhokomela sentle, mme ke anaanela seo fela thata. E re ka e le nna fela Mosupi yo o tsofetseng fano, bakaulengwe le bokgaitsadi mono ba nkamogetse ka lorato, e bile ba ntshwere e kete ke nkoko wa bone.

Ke ile ka tlhopha go se nyalwe le go sa nne le lelapa e le gore ke dire mo go oketsegileng mo bodireding “kwantle ga go iteega tsebe,” le fa go ntse jalo, ke na le bana ba le bantsi ba semoya. (1 Bakor. 7:34, 35) Ke ne ka ipolelela gore gone jaanong nka se nne le sengwe le sengwe. Ka jalo, ke ile ka dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele—go ineela go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Mo lefatsheng le lesha, ke tla nna le nako e ntsi ya go itumelela go dira dilo tse dingwe tsotlhe tse di itumedisang. Temana e ke e ratang thata ke Pesalema 145:16, e e re tlhomamisetsang gore Jehofa o tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’

Tirelo ya bobulatsela e nthusa gore ke nne ke le matlhagatlhaga le fa ke tsofetse

Ke na le dingwaga di le 91 mme ke sa ntse ke na le botsogo jo bo siameng, ka jalo ke sa ntse ke le mmulatsela. Tirelo ya bobulatsela e nthusa gore ke nne ke le matlhagatlhaga le fa ke tsofetse le gore ke nne le se ke se tshelelang. Fa ke ne ke goroga kwa El Salvador, tiro ya go rera e ne e sa tswa go simolola. Go sa kgathalesege kganetso e e sa kgaotseng ya ga Satane, ga jaana go na le baboledi ba feta 39 000 kwa nageng eo. Seno se nonotshitse tumelo ya me fela thata. Ga go pelaelo gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o tshegetsa maiteko a a dirwang ke batho ba gagwe!

^ ser. 4 Bona kgatiso ya 1981 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 45-46.

^ ser. 19 1981 Yearbook, tsebe 41-42.

^ ser. 24 1981 Yearbook, pages 66-67, 74-75.