Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bolokang Megopolo ya Lona e Tsepame mo Dilong Tse di Kwa Godimo”

“Bolokang Megopolo ya Lona e Tsepame mo Dilong Tse di Kwa Godimo”

“Bolokang megopolo ya lona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse di mo lefatsheng.”—BAKOL. 3:2.

1, 2. (a) Ke eng se se bontshang gore phuthego ya kwa Kolosa ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le mo kotsing? (b) Bakaulengwe ba kwa Kolosa ba ne ba newa kgakololo efe go ba thusa gore ba nne ba nitame?

PHUTHEGO ya Bokeresete ya kwa Kolosa ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le mo kotsing! Bangwe mo phuthegong ba ne ba baka dikgaogano ka go kgothaletsa batho go latela Molao wa ga Moshe. Ba bangwe ba ne ba buelela filosofi ya boheitane ya go tshela botshelo jwa boitlami, jo bo neng bo akaretsa go itima dilo ka tsela e e feteletseng. Moaposetoloi Paulo o ne a ganetsa dithuto tseno tsa maaka ka go kwalela Bakolosa lekwalo le le kgothatsang a ba tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.”—Bakol. 2:8.

2 Fa Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ne ba ka tlhoma megopolo mo ‘dilong tsa tshimologo tsa lefatshe,’ ba ne ba tla bo ba sa ikanye thulaganyo ya ga Jehofa ya go leretse batho poloko. (Bakol. 2:20-23) E le go ba thusa go sireletsa kamano ya bone e e tlhwatlhwakgolo le Modimo, Paulo o ne a ba gakolola jaana: “Bolokang megopolo ya lona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo, e seng mo dilong tse  di mo lefatsheng.” (Bakol. 3:2) Ee, bomorwarraagwe Keresete ba ne ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tsholofelong ya bone ya go amogela boswa jo bo sa boleng jo ba neng ba bo ‘beetswe kwa magodimong.’—Bakol. 1:4, 5.

3. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba nna ba tlhomile mogopolo mo tsholofelong efe? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba boloka megopolo ya bone e tsepame mo Bogosing jwa Modimo jo bo kwa legodimong le mo tsholofelong ya bone ya go nna “baruaboswammogo le Keresete.” (Bar. 8:14-17) Mme go tweng ka ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng? Mafoko a ga Paulo a ba ama jang? Ke ka tsela efe ba “dinku tse dingwe” ba ka tlhomang mogopolo mo “dilong tse di kwa godimo”? (Joh. 10:16) Mme rona rotlhe re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka dikao tsa banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba jaaka Aborahame le Moshe, ba le fa ba ne ba na le mathata ba ileng ba nna ba boloka megopolo ya bone e tsepame mo dilong tse di kwa godimo?

SE SE KAIWANG KE GO BOLOKA MEGOPOLO YA RONA E TSEPAME MO DILONG TSE DI KWA GODIMO

4. Ba dinku tse dingwe ba ka boloka jang megopolo ya bone e tsepame mo dilong tse di kwa godimo?

4 Le fa ba dinku tse dingwe ba se na tsholofelo ya go ya kwa legodimong, le bone ba ka tlhoma mogopolo mo dilong tse di kwa godimo. Jang? Ka go dira gore Jehofa Modimo a tle pele mo matshelong a bone mmogo le dilo tse di direlwang Bogosi. (Luke 10:25-27) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go latela sekao sa ga Keresete. (1 Pet. 2:21) Fela jaaka bakaulengwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re lebane le dikakanyo tsa maaka, difilosofi tsa lefatshe le moya wa go rata dikhumo mo tsamaisong eno ya ga Satane. (Bala 2 Bakorintha 10:5.) E re ka re etsa sekao sa ga Jesu, re tlhoka go nna re itisitse mo ditlhaselong tse di ntseng jalo tse di ka senyang kamano ya rona le Modimo.

5. Re ka sekaseka jang dikakanyo tsa rona fa go tliwa mo go gagamaleleng dikhumo?

5 A tsela e lefatshe le lebang go gagamalela dikhumo ka yone e amile matshelo a rona? Gantsi dikakanyo le ditiro tsa rona di bontsha sentle dilo tse re di ratang. Jesu o ne a re: “Kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.” (Math. 6:21) Go botlhokwa gore nako le nako re nne re itshekatsheka go bona gore pelo ya rona e sekametse kae. Ipotse jaana: ‘Ke fetsa nako e e kana kang ke akanya ka dilo tse di amanang le madi? A ke fetsa nako e ntsi thata ke tshwenyegile ka ditshono tsa go ipulela dikgwebo, go beeletsa madi kgotsa go kgaratlhela go tshela botshelo jwa manobonobo? A kgotsa ke leka go boloka leitlho la me le tsepame mo dilong tsa semoya?’ (Math. 6:22) Jesu o ne a bontsha gore ba ba tlhomang mogopolo thata mo go ‘ipolokeleng matlotlo mo lefatsheng’ ba ipaya mo kotsing e kgolo ya semoya.—Math. 6:19, 20, 24.

6. Re ka fenya jang ntwa kgatlhanong le bosaitekanelang wa rona?

6 Bosaitekanelang bo re tlhotlheletsa go kgotsofatsa dikeletso tsa rona. (Bala Baroma 7:21-25.) Fa moya o o boitshepo wa Modimo o sa dire mo matshelong a rona, re ka ineelela “ditiro tsa lefifi.” Di ka akaretsa ‘mediro ya ditlhapelo le mediro ya botagwa, tlhakanelodikobo e e seng ya kafa molaong le boitshwaro jo bo repileng.’ (Bar. 13:12, 13) E le gore re fenye ntwa kgatlhanong le ‘dilo tse di mo lefatsheng’—dilo tse di ka re ngokang ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona—re tshwanetse go boloka megopolo ya rona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo. Re tshwanetse go tsaya matsapa gore re dire jalo. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a re: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.” (1 Bakor. 9:27) Ga go pelaelo gore fa re batla go nna re le mo lobelong lono lwa botshelo ga re ka ke ra tsaya dilo motlhofo fela! Mma re sekasekeng se banna ba babedi ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ileng ba se dira gore ba ‘itumedise Modimo sentle.’—Baheb. 11:6.

 ABORAHAME O NE “A DUMELA MO GO JEHOFA”

7, 8. (a) Aborahame le Sara ba ne ba lebana le mathata afe? (b) Aborahame o ne a tsepamisa mogopolo mo go eng?

7 Fa Jehofa a ne a re Aborahame a fudugele kwa Kanana le ba ntlo ya gagwe, Aborahame o ne a dira jalo ka go rata. E re ka a ne a na le tumelo e bile a le kutlo, Jehofa o ne a dira kgolagano le ene a re: “Ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa.” (Gen. 12:2) Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga Aborahame le mosadi wa gagwe Sara ba ise ba nne le ngwana. A Jehofa o ne a lebetse se a neng a se solofeditse Aborahame? Mo godimo ga moo, botshelo jwa kwa Kanana bo ne bo le boima. Aborahame le ba ntlo ya gagwe ba ne ba tlogetse legae la bone le ba masika a bone kwa Ure, motse o o humileng wa kwa Mesopotamia. Ba ne ba goroga kwa Kanana morago ga go tsamaya dikilometara di feta 1 600 mme ba fitlha ba nna mo ditenteng, ba itshokela leuba ba bo ba lebana le dinokwane. (Gen. 12:5, 10; 13:18; 14:10-16) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa eletse go boela kwa botshelong jwa manobonobo jwa kwa Ure!—Bala Bahebera 11:8-12, 15.   

8 Go na le gore Aborahame a tlhome mogopolo mo ‘dilong tse di mo lefatsheng,’ o ne a “dumela mo go Jehofa.” (Gen. 15:6) Ee, o ne a tsepamisa mogopolo wa gagwe mo dilong tse di kwa godimo ka go akanya fela ka ditsholofetso tsa Modimo. Ka ntlha ya seo, tumelo ya ga Aborahame e ne ya duelwa fa Modimo Mogodimodimo a ne a bonala kwa go ene a bo a re: “‘Lelalela kwa magodimong tsweetswee mme o bale dinaledi, fa e le gore o ka kgona go di bala.’ Mme a tswelela a mo raya a re: ‘Losika lwa gago lo tla nna jalo.’” (Gen. 15:5) A bo seo se tshwanetse sa bo se ile sa mo kgothatsa thata jang ne! Nako le nako fa Aborahame a ne a leba kwa legodimong le le tletseng dinaledi, o ne a gakologelwa tsholofetso ya ga Jehofa ya go oketsa losika lwa gagwe. Mme ka nako e e tshwanetseng ya Modimo, Aborahame o ne a tsholelwa moruaboswa, fela jaaka a ne a solofeditswe.—Gen. 21:1, 2.

9. Go latela sekao sa ga Aborahame go tla re kgothatsa jang gore re nne re tshwaregile mo tirelong ya Modimo?

9 Fela jaaka Aborahame, le rona re letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. (2 Pet. 3:13) Fa re sa boloke megopolo ya rona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo, go diragadiwa ga ditsholofetso tseno go ka lebega go diega mme re ka goga dinao mo ditirong tse re di dirang go nonotsha kamano ya rona le Modimo. Ka sekai, a mo nakong e e fetileng o ile wa itima dilo dingwe gore o nne mmulatsela kgotsa o oketse tirelo ya gago ka tsela epe e nngwe? Fa go ntse jalo, re a go akgola. Gone jaanong o dirang? Gakologelwa, Aborahame o ne a nna a akantse ka “motse o o nang le metheo ya mmatota.” (Baheb. 11:10) O “ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene.”—Bar. 4:3.

MOSHE O NE A BONA “ENE YO O SA BONALENG”

10. Botshelo jwa ga Moshe bo ne bo ntse jang fa a sa le mosha?

10 Monna yo mongwe yo o neng a boloka mogopolo wa gagwe o tsepame mo dilong tse di kwa godimo ke Moshe. Fa a sa le mosha, o ne a “rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” Eno e ne e se thuto fela e e tlwaelegileng. Moshe o goletse kwa Egepeto, e ka nako eo e neng e le mmusomogolo e bile gape o ne a nna mo ntlong ya ga Faro. Ga go gakgamatse go bo thuto ya maemo a a kwa godimo e Moshe a neng a na le yone e ile ya dira gore a nne “maatla mo mafokong a gagwe le mo ditirong.” (Dit. 7:22) Akanya fela ka ditshono tse a neng a ka nna le tsone! Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa thata—mo go direng thato ya Modimo.

11, 12. Ke thuto efe e Moshe a neng a e tseela kwa godimo, mme re itse seno jang?

11 Fa Moshe a sa le monnye, mmaagwe e bong Jokebede o tshwanetse a bo a ile a mo ruta ka Modimo wa Bahebera. Moshe o ne a tseela go itse Jehofa kwa godimo e bile a go tsaya go le botlhokwa thata go gaisa dikhumo dipe fela tse dingwe. Ka jalo, o ne a ithontsha  ditshiamelo le ditshono tse a neng a ka nna le tsone ka gonne a ne a nna mo ntlong ya ga Faro. (Bala Bahebera 11:24-27.) Ruri thuto e Moshe a neng a e rutilwe ka Modimo le tumelo ya gagwe mo go Jehofa di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a tsepamise mogopolo wa gagwe mo dilong tse di kwa godimo.

12 Moshe o ne a newa thutego ya maemo a a kwa godimo tota ya motlha oo, mme a o ne a e dirisa gore a nne motho yo o nang le taolo, yo o tumileng le yo o humileng kwa Egepeto? Nnyaa. Fa a ka bo a dirile jalo, o ne a ka se ka a “gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” Go bonala sentle gore Moshe o ne a dirisa se a neng a se rutilwe ka Modimo go thusa go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa.

13, 14. (a) Ke eng se se neng sa thusa Moshe gore a tshwanelegele go dira kabelo e Jehofa a neng a tla mo naya yone? (b) Fela jaaka Moshe, le rona re ka tlhoka go dirang?

13 Moshe o ne a rata Jehofa le batho ba Gagwe fela thata. Fa Moshe a ne a na le dingwaga di le 40, o ne a akanya gore o setse a ka golola batho ba Modimo mo bokgobeng kwa Egepeto. (Dit. 7:23-25) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se Moshe a neng a tlhoka go se dira pele Jehofa a ka mo naya kabelo eo. O ne a tlhoka go lwela go nna le dinonofo tse di jaaka boikokobetso, bopelotelele, bonolo le boikgapo. (Dia. 15:33) Moshe o ne a tlhoka thapiso e e neng e tla mo thusa go ipaakanyetsa go itshokela diteko le mathata a a neng a larile kwa pele. Go nna modisa ka dingwaga di se kae go ne go tla mo naya thapiso e a e tlhokang gore a nne le dinonofo tseo tsa bomodimo.

14 A go nna modisa go ile ga ruta Moshe thuto nngwe e e mosola? Ee ruri! Lefoko la Modimo la re Moshe o ne a nna “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 12:3) O ile a ithuta go nna boikokobetso mme bo ne jwa mo thusa gore a nne pelotelele fa a dirisana le mefuta e e farologaneng ya batho le mathata a bone a a boima. (Ekes. 18:26) Le rona re ka tlhoka go lwela go nna le dinonofo tsa semoya tse di tla re thusang go falola ‘pitlagano e kgolo’ gore re tsene mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo. (Tshen. 7:14) A re kgona go dirisana sentle le batho, go akaretsa le ba re tsayang gore ba fetofetoga maikutlo kgotsa ba kgopisega motlhofo? Go tla bo go le botlhokwa gore re tseye tsia mafoko a ga moaposetoloi Petere, yo o neng a rotloetsa badumedikaene a re: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe.”—1 Pet. 2:17.

GO BOLOKA MEGOPOLO YA RONA E TSEPAME MO DILONG TSE DI KWA GODIMO

15, 16. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re boloke megopolo ya rona e tsepame mo dilong tse di tshwanetseng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba nne ba na le boitshwaro jo bo molemo?

15 Re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1) Ka jalo, gore re nne re thantse semoyeng, re tshwanetse boloka megopolo ya rona e tsepame mo dilong tse di tshwanetseng. (1 Bathes. 5:6-9) Ela tlhoko kafa re ka dirang seo ka gone mo dikarolong tse tharo tsa botshelo jwa rona.

16 Boitshwaro jwa rona: Petere o ne a itse botlhokwa jwa go nna le boitshwaro jo bo molemo. O ne a re: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore . . . ba tle ba galaletse Modimo . . . ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Pet. 2:12) Le fa re ka tswa re le kwa gae, kwa tirong, kwa sekolong, re itlosa bodutu kgotsa re le mo bodireding, re leka ka natla ga galaletsa Jehofa ka boitshwaro jwa rona jo bo molemo. Ke boammaaruri gore e re ka re sa itekanela, rotlhe re dira diphoso. (Bar. 3:23) Mme fa re tswelela go “tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo,” re ka kgona go fenya ntwa kgatlhanong le bosaitekanelang jwa rona.—1 Tim. 6:12.

17. Re ka etsa jang boikutlo jwa mogopolo jo Keresete Jesu a neng a na le jone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

17 Boikutlo jwa rona: Sengwe se se amanang thata le boitshwaro jo bo molemo ke go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Bolokang boikutlo jono  jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu.” (Bafil. 2:5) Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang? O ne a ikokobeditse. Boikokobetso bo ne jwa mo tlhotlheletsa gore a itime dilo dingwe mo bodireding jwa gagwe. Selo sa botlhokwa mo mogopolong wa gagwe e ne e le go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mar. 1:38; 13:10) Jesu o ne a tsaya gore Lefoko la Modimo ke lone le go tshwanetseng ga utlwiwa ka lone. (Joh. 7:16; 8:28) O ne a ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo ka tlhoafalo gore a kgone go di nopola, go di femela le go di tlhalosa. Fa re ikokobeditse e bile re tlhoafetse mo bodireding jwa rona le mo go ithuteng Baebele re le rosi, re tla akanya jaaka Keresete go feta pele.

Selo sa botlhokwa mo mogopolong wa ga Jesu e ne e le go rera dikgang tse di molemo ka Bogosi jwa Modimo (Bona serapa 17)

18. Re ka ema tiro ya ga Jehofa nokeng ka tsela efe ya botlhokwa?

18 Seabe sa rona: Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore “ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng.” (Bafil. 2:9-11) Tota le fa Jesu a setse a le mo maemong a gagwe a a kwa godimo, o tla ikokobeletsa go dira thato ya ga Rraagwe, mme le rona re tshwanetse go dira jalo. (1 Bakor. 15:28) Re ka dira seo jang? Ka go dira bojotlhe jwa rona mo tirong e re e laetsweng ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’ (Math. 28:19) Gape re batla go ‘dira se se molemo mo go botlhe,’ re direla baagelani le bakaulengwe ba rona molemo.—Bagal. 6:10.

19. Re tshwanetse ra ikemisetsa go dirang?

19 A bo re leboga jang ne go bo Jehofa a re gakolola gore re boloke megopolo ya rona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo! Ka jalo, re tshwanetse go ‘taboga ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.’ (Baheb. 12:1) E kete rotlhe re ka dira ‘ka moya otlhe jaaka e kete re direla Jehofa,’ mme Rraarona yo o kwa legodimong o tla re segofaletsa matsapa a rona.—Bakol. 3:23, 24.