Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A tota Jesu o tsositse batho?

Jesu o ne a tsosa tsala ya gagwe, Lasaro, yo o neng a na le malatsi a le manè a tlhokafetse

Baebele e tlhalosa sentle gore Jesu o tsositse batho. Dipego tseno ga se ditlhamane; di diragetse mo mafelong a mmatota ka matlha a a tlhomameng. Ka sekai, ka paka ya selemo sa ngwaga wa 31 C.E., boidiidi jwa batho bo ne jwa tsamaya le Jesu go tswa kwa Kaperenama go ya kwa Naina. Fa ba goroga, ba ne ba kopana le boidiidi jo bongwe. Pego ya tsogo e e diragetseng morago ga foo e ka ikanngwa ka gonne e kwadilwe mo Lefokong la Modimo, Baebele, e bile e diragetse fa pele ga basupi bao botlhe.—Bala Luke 7:11-15.

Gape Jesu o ne a tsosa tsala ya gagwe, Lasaro, yo o neng a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Pego ya se Jesu a se dirileng ka letsatsi leo e ka ikanngwa ka gonne e diragetse fa pele ga basupi ba le bantsi.—Bala Johane 11:39-45.

Ke eng fa Jesu a ne a tsosa batho?

Jesu o ne a tsosa batho ka gonne a ne a ba utlwela botlhoko. Gape o ne a dira jalo go bontsha gore Rraagwe, yo e leng Mmopi, o ne a mo neile maatla a go tsosa batho.—Bala Johane 5:21, 28, 29.

Go bo Jesu a tsositse batho go re tlhomamisetsa gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsa mo isagweng. O tla tsosa boidiidi jwa batho, go akaretsa batho ba ba sa siamang ba ba neng ba sa itse sepe ka Modimo wa boammaaruri. Ba tla newa tshono ya go itse Jehofa Modimo le go mo rata.—Bala Ditiro 24:15.