Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Nna Boitshepo

“Lo itshupe lo le boitshepo.”—LEFI. 11:45.

1. Buka ya Lefitiko e ka re thusa jang?

MO BUKENG ya Lefitiko, boitshepo bo umakiwa makgetlo a le mantsi go feta mo bukeng epe fela ya Baebele. E re ka baobamedi botlhe ba boammaaruri ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna le nonofo eno, go tlhaloganya buka ya Lefitiko go tla re thusa go bontsha gore re boitshepo.

2. Ke dilo dife tse di tlhomologileng mo bukeng ya Lefitiko?

2 Buka ya Lefitiko e e kwadilweng ke moporofeti Moshe ke karolo ya “Lokwalo lotlhe” lo lo tswelang mosola mo go ruteng. (2 Tim. 3:16) Leina Jehofa le tlhaga mo e ka nnang makgetlo a le lesome mo kgaolong nngwe le nngwe ya buka eno. Go tlhaloganya buka ya Lefitiko go tla dira gore re ikemisetse go tila sepe fela se se ka bakang kgobo mo leineng la Modimo. (Lefi. 22:32) Mafoko a a tlhagang kgapetsakgapetsa mo bukeng eno a a reng “Ke nna Jehofa” a tshwanetse a re gopotsa go ikobela Modimo. Mo setlhogong seno le se se latelang, a re itumeleleng dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhelwang mo bukeng ya Lefitiko, mpho e e tswang kwa Modimong e e re thusang go nna le seabe mo kobamelong e e boitshepo.

RE TSHWANETSE GO NNA BOITSHEPO

3, 4. Go tlhapisiwa ga ga Arone le bomorwawe go ne go tshwantshetsa eng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

3 Bala Lefitiko 8:5, 6Jehofa o ne a tlhopha Arone go nna moperesiti  yo mogolo wa Iseraele, mme bomorwawe ba ne ba tshwanetse go direla e le baperesiti mo setšhabeng. Arone o tshwantshetsa Jesu Keresete mme bomorwa Arone bone ba tshwantshetsa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu. Ka jalo, a go tlhapisiwa ga ga Arone go ne go tshwantshetsa go ntlafadiwa ga ga Jesu? Nnyaa, ka gonne Jesu o ne a se na boleo e bile a “se na molato,” ka jalo o ne a sa tlhoke go ntlafadiwa. (Baheb. 7:26; 9:14) Le fa go ntse jalo, fa Arone a sena go tlhapisiwa o ne a tshwantshetsa bophepa jwa ga Jesu le tshiamo ya gagwe. Mme go tlhapisiwa ga bomorwa Arone go tshwantshetsa eng?

4 Go tlhapisiwa ga bomorwa Arone go ne go tshwantshetsa go ntlafadiwa ga ba ba tlhophilweng go nna maloko a boperesiti jwa kwa legodimong. A go kolobediwa ga batlodiwa go ne go amana le go ntlafadiwa gono ga bomorwa Arone? Nnyaa, kolobetso ga e tlhatswe maleo; go na le moo, e tshwantshetsa gore motho o ineetse mo go feletseng mo go Jehofa Modimo. Batlodiwa ba tlhapisiwa “ka lefoko,” mme seo se tlhoka gore ba dirise dithuto tsa ga Keresete ka botlalo mo matshelong a bone. (Baef. 5:25-27) Ka jalo, ba a itshepisiwa ba bo ba ntlafadiwa. Go tweng ka ba “dinku tse dingwe”?—Joh. 10:16.

5. Ke ka ntlha yang fa go ka twe ba dinku tse dingwe ba ntlafadiwa ka Lefoko la Modimo?

5 Bomorwa Arone ba ne ba sa tshwantshetse “boidiidi jo bogolo” jwa dinku tse dingwe tsa ga Jesu. (Tshen. 7:9) A batho bao ba ba kolobeditsweng le bone ba itshepisiwa le go ntlafadiwa ka Lefoko la Modimo? Ee, ruri! Fa ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba bala se Baebele e se buang ka botlhokwa jwa madi a ga Jesu a a tsholotsweng le tsela e a dirang ka yone, ba nna le tumelo mo mafokong ano mme ba mo direla “tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.” (Tshen. 7:13-15) Diphelelo tsa go ntlafadiwa go go sa kgaotseng ga batlodiwa le ba dinku tse dingwe di bonala fa ba ntse ‘ba nna ba na le boitshwaro jo bo molemo.’ (1 Pet. 2:12) Eleruri Jehofa o tshwanetse a bo a itumela fa a bona bophepa le kutlwano e e fa gare ga batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba ba reetsang le go latela Modisa wa bone Jesu ka boikanyegi!

6. Re ka solegelwa molemo ke go itlhatlhoba ka tsela efe?

6 Ntlha ya go bo baperesiti ba Iseraele ba ne ba tshwanetse go nna phepa mo mmeleng e na le bokao jwa mmatota mo bathong ba ga Jehofa gompieno. Gantsi batho ba re ithutang Baebele le bone ba lemoga gore mafelo a re obamelang mo go one a phepa le gore tsela e re aparang ka yone e rulagane sentle. Le fa go ntse jalo, go nna phepa ga baperesiti go re thusa go lemoga gore motho ope fela yo o tlhatlogelang kwa thabeng e e tsholetsegileng ya kobamelo ya ga Jehofa o tshwanetse go nna “phepa mo pelong.” (Bala Pesalema 24:3, 4; Isa. 2:2, 3.) Re tshwanetse go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka megopolo le dipelo tse di ntlafaditsweng le mebele e e phepa. Seno se tlhoka gore re nne re itlhatlhoba gangwe le gape, mme morago ga moo bangwe ba ka tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo tota gore ba nne boitshepo. (2 Bakor. 13:5) Ka sekai, motho yo o kolobeditsweng yo o lebang tshedimosetso e e tsosang keletso ya thobalano ka boomo o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A se ke se dirang se bontsha gore ke boitshepo?’ Go tswa foo o tshwanetse go kopa thuso gore a fenye mokgwa oo o o leswe.—Jak. 5:14.

BONTSHANG GORE LO BOITSHEPO KA GO NNA KUTLO

7. Go dumalana le Lefitiko 8:22-24, Jesu o ne a tlhoma sekao sefe?

7 Fa go ne go tlhomiwa baperesiti kwa Iseraele, madi a phelefu a ne a tshasiwa mo tsebeng ya moja, mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa moja lwa Moperesiti yo Mogolo Arone le bomorwawe. (Bala Lefitiko 8:22-24.) Go dirisa madi jalo go ne go kaya gore baperesiti ba ne ba tla nna kutlo mme ba dire bojotlhe mo ditirong tsa bone. Ka tsela e e tshwanang, Moperesiti yo Mogolo Jesu o ne a tlhomela batlodiwa le ba dinku tse dingwe  sekao se se molemo. O ne a tlhwaela kaelo ya Modimo tsebe. Diatla tsa ga Jesu di ne tsa dirisiwa go diragatsa thato ya ga Jehofa mme maoto a gagwe ga a ise a ko a fapoge mo tseleng e e boitshepo.—Joh. 4:31-34.

8. Baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng?

8 Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku tse dingwe tsa ga Jesu ba tshwanetse go etsa sekao sa Moperesiti wa bone yo Mogolo yo o ileng a boloka bothokgami. Baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna kutlo mme ba latele dikaelo tse di mo Lefokong la Modimo gore ba se ka ba hutsafatsa moya wa gagwe. (Baef. 4:30) Ba tshwanetse ‘go direla dinao tsa bone ditselana tse di tlhamaletseng.’—Baheb. 12:13.

9. Bakaulengwe ba bararo ba ba ileng ba bereka le maloko a Setlhopha se se Laolang ba ne ba reng, mme mafoko a bone a ka go thusa jang gore o itshupe o le boitshepo?

9 Ela tlhoko mafoko a a tswang pelong a a builweng ke bakaulengwe ba bararo ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ba feditseng dingwaga di le masomesome ba bereka le maloko a Setlhopha se se Laolang. Wa ntlha o ne a re: “Ruri le fa eno e nnile tshiamelo e e kgethegileng thata ya tirelo ya me, go dira gaufi thata le bone go dirile gore nako le nako ke lemoge gore le fa bakaulengwe bano ba tloditswe ka moya o o boitshepo, ga ba a itekanela. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di ya ke ile ka ipeela mokgele wa gore ke ikobele ba ba eteletseng pele.” Mokaulengwe wa bobedi o ne a re: “Ditemana tse di jaaka 2 Bakorintha 10:5, e e buang ka ‘go utlwa Keresete,’ di nthusitse go nna kutlo le go dirisana le ba ba eteletseng pele. Seno ke go nna kutlo go tswa pelong.” Mokaulengwe wa boraro o ne a re: “Go rata se Jehofa a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng mmogo le go batla kaelo ya gagwe ka metlha le go dira se se mo itumedisang, go kaya go ikobela phuthego ya gagwe le ba a ba dirisang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe mo lefatsheng.” Mokaulengwe yono o ne a utlwile gore Nathan Knorr, yo o neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a amogela a sa okaoke dintlha tse ba bangwe ba neng ba sa di amogela mo setlhogong sa 1925 sa Watch Tower se se reng “Go Tsalwa ga Setšhaba.” Mokaulengwe yono o ne a kgatlhiwa fela thata ke go nna kutlo ga ga Mokaulengwe Knorr. Go akanya ka mafoko a banna ba bararo ba ba nopotsweng fano go ka go thusa go supa gore o boitshepo ka go nna kutlo.

GO BONTSHA BOITSHEPO KA GO IKOBELA MOLAO WA MODIMO WA MADI

10. Go botlhokwa go le kana kang gore re ikobele molao wa Modimo o o malebana le madi?

10 Bala Lefitiko 17:10. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba ja “madi a mofuta ope.” Mokeresete le ene o tshwanetse go ithiba mo mading—a phologolo kgotsa a motho. (Dit. 15:28, 29) Re tshosiwa ke go itse gore ‘sefatlhego sa Modimo se ka re galefela’ a bo a re tlosa mo phuthegong ya gagwe. Re a mo rata e bile re batla go mo ikobela. Le fa re lebane le boemo jo bo ka tsenyang botshelo jwa rona mo kotsing, re iketleeleditse go se ineele fa batho ba ba sa itseng Jehofa e bile ba sa re sepe ka go mo ikobela ba re kopa le go re laela gore re tlole melao ya gagwe. Ee, re a itse gore re tla kgobiwa ka gonne re ithiba mo mading mme re tlhopha go ikobela Modimo. (Jude 17, 18) Re tshwanetse go leba kgang eno jang ka tsela e e tla re nonotshang gore re “dire tshwetso e e nonofileng fela thata” gore re se ka ra ja madi kgotsa ra dumela go tshelwa madi?—Dute. 12:23.

11. Ke ka ntlha yang re ka re Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga e ne e se moetlo fela o o sa reng sepe?

11 Tsela e madi a diphologolo a neng a dirisiwa ka yone ke moperesiti yo mogolo kwa Iseraele wa bogologolo ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga e re thusa go tlhaloganya gore Modimo o leba madi jang. Madi a ne a dirisediwa dilo tsa botlhokwa fela. A ne a dirisediwa go dira tetlanyo ya maleo a ba ba neng ba batla gore Jehofa a ba itshwarele. Madi a poo le a podi a ne a tshwanetse go kgatshiwa go ela kwa letloleng la kgolagano le fa pele ga lone.  (Lefi. 16:14, 15, 19) Go dira jalo go ne go dira gore Jehofa a kgone go itshwarela maleo a Baiseraele. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a laetse gore fa motho a bolaya phologolo gore a e je, o ne a tshwanetse go tsholola madi a yone a bo a a khurumetsa ka mmu, “ka gonne moya wa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone.” (Lefi. 17:11-14) A seno sotlhe e ne e le moetlo fela o o sa reng sepe? Nnyaa. Go dirisiwa ga madi ka Letsatsi la Tetlanyo, mmogo le taelo ya gore madi a tshololelwe fa fatshe, go dumalana le se pelenyana Jehofa a neng a se laetse Noa le bana ba gagwe ka kgang ya madi. (Gen. 9:3-6) Jehofa Modimo o ne a thibetse batho gore ba se ka ba ja madi gore ba tswelele ba tshela. Mme seo se ama Bakeresete jang?

12. Lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba Bahebera le amanya madi le go itshwarelwa jang?

12 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera malebana le kafa madi a kgonang go ntlafatsa ka teng, o ne a tlhalosa jaana: “Mo e ka nnang dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi go ya ka Molao, mme kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.” (Baheb. 9:22) Gape Paulo o ne a tlhalosa gore le fa ditlhabelo tsa diphologolo di ne di na le mosola mongwe, di ne di gopotsa Baiseraele fela gore ke baleofi le gore ba tlhoka sengwe se se fetang seo go tlosa maleo a bone gotlhelele. Ee, Molao e ne e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, mme e seng tsone dilo totatota.” (Baheb. 10:1-4) Go ne go tla kgonega jang gore batho ba itshwarelwe maleo?

13. O ikutlwa jang ka ntlha ya go bo Jesu a ile a isa boleng jwa madi a gagwe kwa go Jehofa?

13 Bala Baefeso 1:7. Loso lwa setlhabelo lwa ga Jesu Keresete, yo o ileng a ‘ineela ka go rata ka ntlha ya rona,’ lo botlhokwa thata mo bathong botlhe ba ba ratang ene le Rraagwe. (Bagal. 2:20) Le fa go ntse jalo, se Jesu a neng a se dira fa a sena go swa le go tsosiwa mo baswing, ke sone se tota se re golotseng, se dira gore re kgone go itshwarelwa maleo. Jesu o ne a diragatsa se se neng sa tshwantshediwa ke Molao wa ga Moshe ka Letsatsi la Tetlanyo. Mo letsatsing leo, moperesiti yo mogolo o ne a tsaya mangwe a madi a diphologolo tse di ntshitsweng setlhabelo a a isa felong ga Boitshepo jwa Maitshepo mo motlaaganeng, mme moragonyana kwa tempeleng ya ga Solomone, a a  isa fa pele ga Modimo, jaaka e kete o gone. (Lefi. 16:11-15) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a tsena kwa legodimong a isa boleng jwa madi a gagwe kwa go Jehofa. (Baheb. 9:6, 7, 11-14, 24-28) A bo re leboga jang ne go bo re itshwaretswe maleo e bile re ntlafaditswe digakolodi ka gonne re dumela mo mading a ga Jesu!

14, 15. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhaloganya le go ikobela molao wa ga Jehofa o o malebana le madi?

14 A jaanong o tlhaloganya botoka lebaka la go bo Jehofa a re laela gore re se ka ra ja “madi a mofuta ope” fela? (Lefi. 17:10) A o tlhaloganya lebaka la go bo Modimo a tsaya madi a le boitshepo? Tota Modimo o tsaya madi a lekana le botshelo. (Gen. 9:4) A o dumela gore re tshwanetse go amogela tsela e Modimo a lebang madi ka yone le go ikobela taelo ya gagwe ya gore re ithibe mo go one? Tsela e le nngwe e ope fela wa rona a ka nnang le kagiso le Modimo ka yone ke go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu le go tlhaloganya gore Mmopi wa rona o tsaya madi a le botlhokwa thata.—Bakol. 1:19, 20.

15 Mongwe le mongwe fela wa rona a ka iphitlhela a lebane le kgang ya madi. Gongwe ka tshoganyetso fela mongwe mo lelapeng kgotsa tsala ya rona e e rategang e ka lebana le kgang ya gore a o tla amogela go tshelwa madi kana nnyaa. Ka nako eo ya mathata, go tshwanetse ga dirwa ditshwetso malebana le dikarolwana tsa madi le mekgwa ya kalafi. Ka jalo, go botlhokwa thata go dira dipatlisiso le go baakanyetsa seemo se se ka tlhagang sa tshoganyetso. Fa re dira jalo e bile re rapela, seo se tla re thusa go ema re nonofile le gore re se ka ra ineela mo kgannyeng eno. Eleruri ga re batle go hutsafatsa Jehofa ka go amogela selo se Lefoko la gagwe le se kgalang! Badiri ba le bantsi ba tsa kalafi le ba bangwe ba ba buelelang tshelo ya madi, ba rotloetsa batho gore ba abe madi a bone gore a dirisiwe go boloka matshelo a ba bangwe. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba ba boitshepo ba dumela gore Mmopi o na le tshwanelo ya go bua gore madi a tshwanetse go dirisiwa jang. O tsaya “madi a mofuta ope” fela a le boitshepo. Re tshwanetse go ititaya sehuba go ikobela molao wa gagwe o o malebana le madi. Mme ka boitshwaro jwa rona jo bo boitshepo, re mmontsha gore re anaanela thata go bo madi a ga Jesu a kgona go boloka botshelo—madi a e leng one fela a dirang gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo mme ba tshelele ruri.—Joh. 3:16.

A o ititeile sehuba go ikobela molao wa ga Jehofa o o malebana le madi? (Bona serapa 14, 15)

LEBAKA LA GO BO JEHOFA A LEBELETSE GORE RE NNE BOITSHEPO

16. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna boitshepo?

16 Fa Modimo a ne a golola Baiseraele kwa bokgobeng kwa Egepeto, o ne a ba raya a re: “Ke nna Jehofa yo o lo ntshang mo lefatsheng la Egepeto gore ke itshupe ke le Modimo mo go lona; mme lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne ke boitshepo.” (Lefi. 11:45) Go ne go lebeletswe gore Baiseraele ba nne boitshepo ka gonne Jehofa a le boitshepo. Le rona Basupi ba ga Jehofa re tshwanetse go nna boitshepo. Buka ya Lefitiko e re tlhomamisetsa seo.

17. Gone jaanong o ikutlwa jang ka buka ya Baebele ya Lefitiko?

17 Ga go pelaelo gore go sekaseka dikarolo dingwe tsa buka ya Lefitiko go re solegetse molemo. Thuto eno e tshwanetse ya bo e dirile gore o anaanele le go feta buka eno e e tlhotlheleditsweng ya Baebele. Ga go pelaelo gore go tlhatlhanya ka tshedimosetso e e botlhokwatlhokwa e e mo bukeng ya Lefitiko go dirile gore o tlhaloganye le go feta mabaka a go bo re tshwanetse go nna boitshepo. Le fa go ntse jalo, ke dithuto dife tse dingwe tsa botlhokwa tse re ka di bonang mo karolong eno ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng? Ke eng gape se re ka se ithutang mo go yone malebana le go direla Jehofa tirelo e e boitshepo? Re tla sekaseka dintlha tseno mo setlhogong se se latelang.