Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa”

“Setšhaba se Modimo wa Sone e Leng Jehofa”

“Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—PES. 144:15.

1. Batho bangwe ba akanya eng malebana le go bo Modimo a na le batho mo lefatsheng?

BATHO ba le bantsi gompieno ba dumela gore madumedi a a tlwaelegileng, a e leng karolo ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete kgotsa e se yone, ga a dire sepe se se solegelang batho molemo. Bangwe ba dumela gore madumedi a a ntseng jalo ga a emele Modimo sentle ka dithuto tsa one le ka boitsholo jwa one mme ka ntlha ya seo Modimo a ka se ka a a amogela. Le fa go ntse jalo, ba dumela gore go na le batho ba ba peloephepa mo madumeding otlhe mme Modimo o a ba bona e bile o ba amogela e le baobamedi ba gagwe mo lefatsheng. Ga ba bone go tlhokega gore batho ba ba ntseng jalo ba tlogele go kopanela mo bodumeding jwa maaka mme ba obamele Modimo ba le bosi. Mme gone, a go akanya jalo go tsamaisana le tsela e Modimo a akanyang ka yone? Mma re bone karabo ka go sekaseka ditiragalo dingwe tse di mo Dikwalong tse di amang baobamedi ba ga Jehofa ba boammaaruri.

 BATHO BA KGOLAGANO

2. Fa nako e ntse e ya, ke bomang ba ba ileng ba nna batho ba Jehofa a ba tlhophileng mme ke eng se se neng se ba tlhaola mo bathong ba bangwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

2 Mo lekgolong la bo20 la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a setse a itlhophetse batho ba gagwe mo lefatsheng. Aborahame, yo o bidiwang “rre wa batho botlhe ba ba nang le tumelo” e ne e le tlhogo ya lelapa la batho ba ba makgolokgolo. (Bar. 4:11; Gen. 14:14) Babusi ba Kanana ba ne ba mo tsaya e le “kgosana” mme ba ne ba mo tlotla. (Gen. 21:22; 23:6) Jehofa o ne a dira kgolagano le Aborahame le losika lwa gagwe. (Gen. 17:1, 2, 19) Modimo o ne a raya Aborahame a re: “Eno ke kgolagano ya me e lo tla e bolokang, fa gare ga me le lona, le losika lwa gago morago ga gago: Monna mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go rupisiwa. . . . Mme e tshwanetse go nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona.” (Gen. 17:10, 11) Ka jalo, Aborahame le banna botlhe ba lelapa la gagwe ba ne ba rupisiwa. (Gen. 17:24-27) Go rupisiwa e ne e le sesupo se se neng se tlhaola losika lwa ga Aborahame e le bone fela batho ba ba nang le kgolagano le Jehofa.

3. Losika lwa ga Aborahame lo ile lwa gola jang go nna setšhaba?

3 Setlogolo sa ga Aborahame e bong Jakobe kgotsa Iseraele, o ne a na le barwa ba le 12. (Gen. 35:10, 22b-26) Fa nako e ntse e tsamaya, bana bano e ne e tla nna ditlhogo tsa ditso di le 12 tsa Iseraele. (Dit. 7:8) Ka ntlha ya leuba, Jakobe le bantlo ya gagwe ba ne ba tshabela kwa Egepeto, kwa mongwe wa bomorwa Jakobe, e bong Josefa, e neng e le mookamedi wa dijo le mothusi yo mogolo wa ga Faro gone. (Gen. 41:39-41; 42:6) Losika lwa ga Jakobe lo ne lwa nna logolo thata, lwa nna “phuthego ya ditšhaba.”—Gen. 48:4; bala Ditiro 7:17.

BATHO BA BA GOLOTSWENG

4. Kwa tshimologong, Baegepeto ba ne ba na le kamano e e ntseng jang le ba losika lwa ga Jakobe?

4 Losika lwa ga Jakobe lo ne lwa nna kwa Egepeto lobaka lo lo fetang makgolo a mabedi a dingwaga, mo kgaolong e e gaufi le noka ya Nile e e bidiwang Goshene. (Gen. 45:9, 10) Go lebega mo e ka nnang halofo ya nako eo, ba ne ba tshedisana ka kagiso le Baegepeto, ba nna mo metseng e mennye ba fudisa matsomane le metlhape ya bone. Faro yo o neng a itse Josefa e bile a mo rata, o ne a ba amogela ka lorato. (Gen. 47:1-6) Mme Baegepeto bone, ba ne ba tlhoile badisa ba dinku. (Gen. 46:31-34) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela Baiseraele.

5, 6. (a) Seemo sa batho ba Modimo se ne sa fetoga jang kwa Egepeto? (b) Moshe o ne a falola jang mme Jehofa o ne a direla batho ba Gagwe botlhe eng?

5 Mme seemo sa batho ba Modimo se ne se tla fetoga thata. “Fa nako e ntse e tsamaya ga tsoga kgosi e ntšha mo Egepeto e e neng e sa itse Josefa. Mme ya raya batho ba yone ya re: ‘Bonang! Batho ba bomorwa Iseraele ba bantsi e bile ba thata go re feta.’ Ka gone Baegepeto ba dira gore bomorwa Iseraele ba dire e le batlhanka ba ba patikwang. Ba ne ba nna ba dira gore botshelo jwa bone e nne jo bo botlhoko ka bokgoba jo bo bokete mo seretseng sa letsopa le mo megopeng le ka mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba kwa tshimong, ee, mofuta mongwe le mongwe wa bokgoba jwa bone jo ba neng ba ba dirisa jaaka makgoba a a patikwang mo go jone.”—Ekes. 1:8, 9, 13, 14.

6 Faro o ne a bo a laela gore bana botlhe ba basimane ba Bahebera ba bolawe fa ba tsholwa. (Ekes. 1:15, 16) Moshe o tshotswe ka yone nako eo. Fa a ne a le dikgwedi di le tharo, mmaagwe o ne a mo fitlha mo gare ga matlhaka a noka ya Nile, kwa a ileng a bonwa ke morwadia Faro gone. Moragonyana o ne a mo itseela gore e nne morwawe. Se se itumedisang ke gore, mo dingwageng tsa gagwe tsa bongwana, Moshe o ne a godisiwa ke mmaagwe yo o ikanyegang e bong Jokebede mme o ne a nna motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. (Ekes. 2:1-10; Baheb. 11:23-25) Jehofa o ne a “utlwa” go boga ga batho ba gagwe mme a swetsa ka gore a dirise Moshe go ba golola  mo bathong ba ba neng ba ba gatelela. (Ekes. 2:24, 25; 3:9, 10) Ka tsela eo, e ne e tla nna batho ba Jehofa a “ba golotseng.”—Ekes. 15:13; bala Duteronome 15:15.

BATHO BA NNA SETŠHABA

7, 8. Batho ba ga Jehofa ba ile ba nna jang setšhaba se se boitshepo?

7 Le fa Jehofa a ne a ise a rulaganye Baiseraele go nna setšhaba, o ne a ba tsaya e le batho ba gagwe. Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba laelwa gore ba reye Faro ba re: “Jehofa Modimo wa Iseraele o buile jaana, ‘Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba nketekele moletlo kwa nageng.’”—Ekes. 5:1.

8 Bana ba Iseraele ba ne ba gololwa mo kgatelelong ya Baegepeto morago ga dipetso di le lesome le go bolawa ga ga Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 15:1-4) Dikgwedi tse di fetang tse pedi morago ga foo, Jehofa o ne a dira kgolagano le Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai a ba naya tsholofetso eno e e botlhokwa: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, . . . setšhaba se se boitshepo.”—Ekes. 19:5, 6.

9, 10. (a) Go ya ka Duteronome 4:5-8, Molao o ne o tlhaola jang Baiseraele mo bathong ba bangwe? (b) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go itshupa jang e le “setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa”?

9 Fa Bahebera ba ne ba sa ntse ba le kwa Egepeto, pele ga ba dirwa makgoba, ba ne ba rulagantswe ka ditso tse di neng di okametswe ke ditlhogo tsa malapa kgotsa ditlhogo tsa lotso. Ditlhogo tseno tsa malapa, e ne e ya nna babusi, baatlhodi le baperesiti ba malapa a bone, fela jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela pele ga bone. (Gen. 8:20; 18:19; Jobe 1:4, 5) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa Moshe go naya Baiseraele molao o o neng o tla ba tlhaola mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe. (Bala Duteronome 4:5-8; Pes. 147:19, 20.) Molao o ne wa tlhoma baperesiti mme tshiamiso e ne e diragadiwa ke “banna ba bagolwane” ba ba neng ba tlotliwa ka ntlha ya kitso le botlhale jwa bone. (Dute. 25:7, 8) Molao o ne o tlhalosa sentle dilo tse di amanang le bodumedi le botshelo jwa setšhaba seno se sesha.

10 Pele fela ga gore Baiseraele ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a boeletsa melao ya gagwe mo go bone mme Moshe o ne a ba raya a re: “Jehofa . . . , o go tlhotlheleditse gore gompieno o bolele gore o tla nna setšhaba sa gagwe, thuo e e kgethegileng, fela jaaka a go solofeditse, le gore o tla boloka ditaelo tsotlhe tsa gagwe, le gore o tla go baya kwa godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe tse a di dirileng, mo go tla felelang ka pako le botumo le bontle, fa o ntse o itshupa o le setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo wa gago.”—Dute. 26:18, 19.

BAAGI BA BAENG BA A AMOGELWA

11-13. (a) Ke bomang ba ba neng ba kopanela le batho ba Modimo ba a ba tlhophileng? (b) Motho yo e seng Moiseraele o ne a ka dira eng fa e le gore o ne a batla go obamela Jehofa?

11 Le fa Jehofa a ne a setse a na le setšhaba se a itlhophetseng sone mo lefatsheng, o ne a sa iletse batho ba e seng Baiseraele go nna karolo ya batho ba gagwe. O ne a letla “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng” ba e seng Baiseraele, go akaretsa le Baegepeto go tsamaya le batho ba gagwe fa a ne a ba golola kwa Egepeto. (Ekes. 12:38) Ka nako ya petso ya bosupa, bangwe “mo batlhankeng ba ga Faro,” ba ne ba boifa lefoko la ga Jehofa mme ba nna bangwe ba batho ba ba neng ba tsamaya le Baiseraele fa ba tswa kwa Egepeto.—Ekes. 9:20.

12 Pele ga Baiseraele ba kgabaganya noka ya Joredane go ya go gapa Kanana, Moshe o ne a ba raya a re ba “rate moagi wa moeng” yo o mo gare ga bone. (Dute. 10:17-19) Batho ba Modimo ba ba kgethegileng ba ne ba tshwanetse go amogela baeng bape ba ba neng ba iketleeleditse go ikobela melao e ba neng ba e neilwe ke Moshe. (Lefi. 24:22) Baagi bangwe ba baeng ba ne ba nna baobamedi ba ga Jehofa, ba ikutlwa jaaka Ruthe wa Momoabe,  yo o neng a raya Naomi wa Moiseraele a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Baagi bano ba baeng ba ne ba sokologa mme banna ba ne ba ineela gore ba rupisiwe. (Ekes. 12:48, 49) Jehofa o ne a ba amogela gore e nne bangwe ba batho ba gagwe ba ba kgethegileng.—Dipa. 15:14, 15.

Baiseraele ba ne ba rata baagi ba baeng (Bona serapa 11-13)

13 Fa tempele ya ga Solomone e ne e neelwa Jehofa, go ne ga dirwa dithulaganyo tse di tla akaretsang baobamedi ba e seng Baiseraele, jaaka thapelo eno ya ga Solomone e bontsha: “Le motswakwa yo e seng mongwe wa batho ba gago ba Iseraele yo o tswang kwa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago le legolo le seatla sa gago se se nonofileng le lebogo la gago le le otlologileng, mme ruri ba tla ba bo ba rapela mo ntlong eno, foo e kete o ka reetsa o le kwa magodimong, kwa lefelong la gago le le tlhomameng la bonno, mme o dire go ya ka sotlhe se motswakwa a se go biletsang; gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tle di itse leina la gago le go go boifa fela jaaka batho ba gago ba Iseraele ba dira, le gore ba itse gore leina la gago le bidiwa mo ntlong eno e ke e agileng.” (2 Ditir. 6:32, 33) Fela jaaka go ne go sa ntse go ntse le mo motlheng wa ga Jesu, motho ope fela yo e neng e se Moiseraele yo o neng a batla go obamela Jehofa o ne a ka kopanela le batho ba Gagwe ba a dirileng kgolagano le bone.—Joh. 12:20; Dit. 8:27.

SETŠHABA SA BASUPI

14-16. (a) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna setšhaba sa basupi ba ga Jehofa ka tsela efe? (b) Batho ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba patelesega go dira eng?

14 Baiseraele ba ne ba obamela Modimo wa bone e bong Jehofa mme ditšhaba tse dingwe di ne di obamela medingwana ya bone. Mo motlheng wa ga moporofeti Isaia, Jehofa o ne a bapisa seemo se se mo lefatsheng le tsheko ya kwa kgotlatshekelo. O ne a laletsa medimo ya ditšhaba tseno go neela bosupi jo bo tlhomamisang bomodimo jwa bone a bolela jaana: “A ditšhaba tsotlhe di phuthelwe mmogo mo lefelong le le lengwe fela, a ditlhopha tsa ditšhaba di phuthege mmogo. Ke mang mo gare ga [medimo ya bone] yo o ka bolelang seno? Kgotsa a ba ka dira gore re utlwe dilo tsa ntlha? A ba batle basupi ba bone, gore ba bolelwe ba siame, kgotsa ba utlwe mme ba re, ‘Ke boammaaruri!’”—Isa. 43:9.

 15 Medimo ya ditšhaba tseno e ile ya palelwa ke go itshupa gore ke ya mmatota. E ne e le medingwana fela e e neng e sa kgone go bua mme e tshwanelwa ke go rwalwa. (Isa. 46:5-7) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Lo basupi ba me, . . . le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, gore lo itse lo bo lo nne le tumelo mo go nna, le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke ene Yoo. Pele ga me ga go a dirwa Modimo ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope. Nna—ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki. . . . Ka jalo lo basupi ba me, . . . mme ke nna Modimo.”—Isa. 43:10-12.

16 Mo go se e neng e tla nna tsheko ya lefatshe lotlhe malebana le gore “Modimo Mogodimodimo ke mang?,” batho ba ba kgethegileng ba ga Jehofa ba ne ba tla neela bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri. O ne a re ke “batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.” (Isa. 43:21) E ne e le batho ba ba neng ba bidiwa ka leina la gagwe. E re ka Jehofa a ne a ba golotse kwa Egepeto, ba ne ba patelesega go buelela bolaodi jwa gagwe mo bathong ba lefatshe. Tota e bile, ba ne ba tshwanetse go nna le boikutlo jono jo moporofeti Mika a neng a re batho ba Modimo ba motlha wa gompieno ba nne le jone: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika. 4:5.

BATHO BA BA TLHANOGILENG

17. Mo matlhong a ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba nna ‘mofine o senyegileng o sele’ jang?

17 Ka maswabi, Baiseraele ga ba a ka ba ikanyega mo Modimong wa bone Jehofa. Ba ne ba itetla gore ba tlhotlhelediwe ke ditšhaba tse di neng di obamela medimo e e dirilweng ka logong le matlapa. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., moporofeti Hosea o ne a kwala jaana: “Iseraele ke mofine o o senyegang . . . O ntsifaditse dibeso tsa gagwe . . . Pelo ya bone e nnile boitimokanyo; jaanong ba tla bonwa molato.” (Hos. 10:1, 2) Mo e ka nnang lekgolo la dingwaga le halofo moragonyana, Jeremia o ne a kwala mafoko ano a Jehofa a neng a a bolelela batho ba Gagwe ba ba sa ikanyegeng: “Ke ne ke go jadile jaaka mofine o mohibidu wa boleng jo bo kwa godimo, otlhe e le peo ya boammaaruri. Mme jaanong o mphetogetse jang gore o nne matlhogela a a senyegileng a mofine o sele? . . . E kae medimo ya gago e o e itiretseng? A e nanoge fa e le gore e ka go boloka mo motlheng wa masetlapelo a gago . . . Batho ba me—ba ntebetse.”—Jer. 2:21, 28, 32.

18, 19. (a) Jehofa o ne a bolelela pele jang gore o tla dira gore go nne le batho ba basha ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Go na le gore ba ungwe maungo a a molemo ka go nna mo kobamelong e e itshekileng le go itshwara jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba ungwa maungo a a bodileng a kobamelo ya medingwana. Ka jalo, Jesu o ne a raya baeteledipele ba Bajuda ba ba itimokanyang ba motlha wa gagwe a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Math. 21:43) Ke ba ba mo ‘kgolaganong e ntšha’ fela e Jehofa a boleletseng pele ka yone a dirisa moporofeti Jeremia, ba ba neng ba tla nna karolo ya setšhaba se sesha, Iseraele wa semoya. Jehofa o ne a porofeta jaana malebana le Baiseraele ba semoya ba ba neng ba tla tsenngwa mo kgolaganong eo e ntšha: “Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.”—Jer. 31:31-33.

19 Jaaka re setse re bontshitse, fa Iseraele wa tlholego a ne a sa ikanyege, Jehofa o ne a dira gore Iseraele wa semoya e nne batho ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme batho ba gagwe ke bomang gompieno mo lefatsheng? Batho ba ba dipelo di phepa ba ka itse jang baobamedi ba Modimo ba boammaaruri? Eno ke kgang e re tla tlotlang ka yone mo setlhogong se se latelang.