Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jaanong lo Setšhaba sa Modimo”

“Jaanong lo Setšhaba sa Modimo”

Lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo.”—1 PET. 2:10.

1, 2. Go ne ga nna le phetogo efe ka Pentekosete ya 33 C.E., mme ke bomang ba ba neng ba nna batho ba ga Jehofa ba basha? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

PENTEKOSETE ya 33 C.E., e ne e le tiragalo e kgolo mo hisitoring ya batho ba ga Jehofa mo lefatsheng. Go ne ga nna le phetogo e kgolo. Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go simolola setšhaba se sesha—Iseraele wa semoya, “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Lekgetlho la ntlha fa e sa le mo motlheng wa ga Aborahame, batho ba Modimo ba ne ba se kitla ba tlhola ba lemogiwa ka go rupa ga banna ka tsela ya mmatota. Go na le moo, Paulo o ne a kwala jaana malebana le setšhaba se sesha: “Go rupa ga gagwe ke ga pelo ka moya.”—Bar. 2:29.

2 Maloko a ntlha a setšhaba sa Modimo e ne e le baaposetoloi le barutwa ba ga Keresete ba feta lekgolo ba ba neng ba kokoane mmogo mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Dit. 1:12-15) Ba ne ba amogela moya o o boitshepo, mme seo se ne sa dira gore e nne barwa ba Modimo ba ba tsetsweng ka moya. (Bar. 8:15, 16; 2 Bakor. 1:21) Seno se ne se naya bosupi jwa gore kgolagano e ntšha e ne e simolotse go dira mme Keresete e ne e le ene motsereganyi mo go yone e bile e tlhomamisitswe ka madi a gagwe. (Luke 22:20; bala Bahebera 9:15.) Barutwa bano ba ne ba nna maloko a setšhaba se sesha sa ga Jehofa, batho ba gagwe ba basha. Moya o o boitshepo o ne wa dira gore ba kgone go rera ka dipuo  tse di farologaneng tse di buiwang ke Bajuda le basokologi ba ba neng ba tlile mo Jerusalema, ba tswa mo mafelong otlhe a a neng a busiwa ke Mmusomogolo wa Roma, go tla go keteka Moletlo wa Bajuda wa Dibeke, kgotsa Pentekosete. Batho bano ba ne ba utlwa le go tlhaloganya “dilo tse dikgolo tsa Modimo” ka puo ya bone, tse di neng di rerwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya.—Dit. 2:1-11.

BATHO BA BASHA BA MODIMO

3-5. (a) Petere o ne a raya Bajuda a re eng mo letsatsing la Pentekosete? (b) Go ne ga latela dilo dife tse di neng tsa thusa setšhaba sa ga Jehofa se sesha gore se gole fa se ne se sa tswa go tlhomiwa?

3 Jehofa o ne a dirisa moaposetoloi Petere go etelela pele go bulwa ga tsela ya gore Bajuda le basokologi ba nne maloko a setšhaba seno se sesha, phuthego ya Bokeresete. Mo letsatsing la Pentekosete, Petere o ne a bolelela Bajuda ka bopelokgale gore ba amogele Jesu, monna yo ba neng ba mo “kokotela mo koteng” ka gonne “Modimo o [ne a] mo dira Morena le Keresete.” Fa boidiidi jwa batho bo botsa gore ba tshwanetse go dira eng, Petere o ne a araba ka go re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” (Dit. 2:22, 23, 36-38) Mo letsatsing leo, batho ba ka nna 3 000 ba ne ba oketsa palo ya setšhaba se sesha sa Iseraele wa semoya. (Dit. 2:41) Morago ga foo, baaposetoloi ba ile ba tswelela ba rera ba tlhagafetse, mme seo se ne sa ungwa maungo. (Dit. 6:7) Setšhaba se sesha se ne se gola.

4 Moragonyana, tiro ya go rera e ne ya kgona go anamela kwa Basamareeng. Batho ba le bantsi ba ne ba kolobeditswe ke moefangele Filipo, mme ba ne ba se ka ba amogela moya o o boitshepo ka yone nako eo. Setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema se ne sa romela moaposetoloi Petere le Johane kwa basokologing ba Basamarea, mme ba ne “ba ba baya diatla, mme ba simolola go amogela moya o o boitshepo.” (Dit. 8:5, 6, 14-17) Ka jalo, Basamarea bano le bone ba ne ba nna maloko a a tloditsweng a Iseraele wa semoya.

Petere o ne a rerela Korenelio le ba ntlo ya gagwe (Bona serapa 5)

5 Ka 36 C.E., Petere o ne a dirisiwa gape go thusa ba bangwe gore le bone ba nne le tshono ya go nna maloko a setšhaba se sesha sa Iseraele wa semoya. Seno se ne sa direga fa a ne a rerela molaodi wa masole a Roma e bong Korenelio le ba losika lwa gagwe le ditsala. (Dit. 10:22, 24, 34, 35) Pego ya Baebele e tlhalosa jaana: “Ya re Petere a sa ntse a bua . . . , moya o o boitshepo wa wela mo go botlhe [ba e seng Bajuda] ba ba utlwang lefoko. Mme ba ba ikanyegang ba ba neng ba tlile le Petere ba e neng e le ba bao ba rupileng ba ne ba gakgametse, ka gonne mpho ya mahala ya moya o o boitshepo e ne e tshololelwa le mo bathong ba ditšhaba.” (Dit. 10:44, 45) Ka jalo, maloko a setšhaba se sesha sa Iseraele wa semoya a ne a akaretsa badumedi ba Baditšhaba ba ba sa rupang.

“BATHO BA LEINA LA GAGWE”

6, 7. Maloko a setšhaba se sesha a ne a itshwara jang jaaka ‘batho ba leina la ga Jehofa’ mme ba ne ba dira seo ka selekanyo se se kana kang?

6 Kwa pokanong ya setlhopha se se laolang sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e e neng ya tshwarwa ka 49 C.E.,  morutwa Jakobe o ne a re: “Semeone [Petere] o boletse ka botlalo kafa Modimo a neng a lebisa tlhokomelo ya gagwe ka gone lekgetlo la ntlha kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.” (Dit. 15:14) Batho bano ba basha ba ba neng ba bidiwa ka leina la ga Jehofa ba ne ba akaretsa Bajuda le badumedi ba e seng Bajuda. (Bar. 11:25, 26a) Moragonyana Petere o ne a ba kwalela jaana: “Lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo.” Petere o ne a tlhalosa tiro ya bone ka go re: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9, 10) Ba ne ba tshwanetse go baka Ene yo ba neng ba mo emela le go bolela leina la gagwe phatlalatsa. E ne e tshwanetse go nna basupi ba ba pelokgale ba ga Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe.

7 Fela jaaka go ne go ntse ka Iseraele wa tlholego, maloko a Iseraele wa semoya e ne e le bone ba Jehofa a ba bitsang “batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.” (Isa. 43:21) Ba ne ba senola medimo ya maaka e e neng e obamelwa ka nako eo, mme ba bolela ka bopelokgale gore Jehofa ke ene fela Modimo o o esi wa boammaaruri. (1 Bathes. 1:9) Ba ne ba naya bosupi ka Jehofa le Jesu, “mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit. 1:8; Bakol. 1:23.

8. Paulo o ne a tlhagisa batho ba Modimo ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka eng?

8 Motho mongwe yo o pelokgale yo e neng e le mongwe wa ‘batho ba ga Jehofa’ e ne e le Paulo. Fa a ne a eme fa pele ga borafilosofi ba baheitane, o ne a femela bolaodi jwa ga Jehofa jaana ka bopelokgale, “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, e re ka, jaaka yono a ntse, e le Morena wa legodimo le lefatshe.” (Dit. 17:18, 23-25) Go ela kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, Paulo o ne a tlhagisa batho ba ba neng ba bidiwa ka leina la Modimo jaana: “Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:29, 30) Botlhanogi jono jo bo boleletsweng pele bo ne bo bonala sentle kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga.—1 Joh. 2:18, 19.

9. Go ne ga diragala eng ka ‘batho ba leina la ga Jehofa’ morago ga loso lwa baaposetoloi?

9 Fa baaposetoloi ba sena go swa, botlhanogi bo ne jwa anama mme ga nna le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Bakeresete ba batlhanogi ba ne ba sa itshupe e le ‘batho ba leina la ga Jehofa’ gape ba ne ba tlosa leina la Modimo mo dithanolong tse dintsi tsa Baebele. Ba dira dingwao tsa boheitane e bile ba tlontlolola Modimo ka dithuto tsa bone tse di sa tsamaisaneng le dikwalo, ka “dintwa tse di boitshepo” tsa bone le ka boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. Ka jalo, ka makgolokgolo a dingwaga, Jehofa o ne a na le palo e nnye ya baobamedi ba ba ikanyegang mo lefatsheng, mme a se na “batho ba leina la gagwe” ba ba rulagantsweng.

GO TSHOLWA SESHA GA BATHO BA MODIMO

10, 11. (a) Jesu o ne a bolelela pele eng mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero? (b) Setshwantsho sa ga Jesu se ne sa diragadiwa jang morago ga 1914, mme seo se ne sa felela ka eng?

10 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa korong le mofero, Jesu o ne a bolelelapele nako e ka yone botlhanogi bo tla bakang lefifi la semoya. O ne a re fa “batho ba ntse ba robetse” Diabolo o ne a tla jala mofero mo tshimong e Morwa motho a jadileng dipeo tsa korong mo go yone. Tsoopedi di ne di tla gola mmogo go fitlha kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.’ Jesu o ne a tlhalosa gore “peo e e molemo”  e emela “bana ba bogosi,” mme “mefero ke bana ba yo o boikepo.” Mo nakong ya bokhutlo, Morwa motho o tla romela “barobi,” baengele gore ba kgaoganye korong ya tshwantshetso le mefero. Barwa ba Bogosi ba ne ba tla phuthiwa. (Math. 13:24-30, 36-43) Seno se ne sa direga jang, mme se ama jang kgang ya go bo Jehofa a na le batho mo lefatsheng?

11 “Bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo” bo simologile ka 1914. Ka nako ya fa ntwa e simolola mo ngwageng oo, Bakeresete ba le dikete di le mmalwa ba ba tloditsweng, “bana ba bogosi,” ba ne ba le mo botshwarwa jwa semoya jwa Babelona yo Mogolo. Ka 1919, Jehofa o ne a ba golola a bontsha pharologanyo magareng ga bone le “mefero” kgotsa Bakeresete ba e seng ba mmatota. O ne a phutha “bana ba bogosi” a ba dira batho ba ba rulagantsweng, go diragatsa boporofeti jwa ga Isaia: “A lefatshe le tla tsholwa ka ditlhabi tsa pelegi mo letsatsing le le lengwe fela? Kgotsa a setšhaba se tla tsholwa ka nako e le nngwe fela? Gonne Siona o tsene mo ditlhabing tsa pelegi e bile o belege bana ba gagwe ba basimane.” (Isa. 66:8) Sione, e bong phuthego ya ga Jehofa ya dibopiwa tsa semoya, e ne ya rulaganya bana ba ba tloditsweng gore e nne setšhaba.

12. Batlodiwa ba itshupile jang e le ‘batho ba leina la ga Jehofa’ gompieno?

12 Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, “bana ba bogosi” ba ba tloditsweng ba ne ba tla nna basupi ba ga Jehofa. (Bala Isaia 43:1, 10, 11.) Ka jalo, ba ne ba tla farologana le Bakeresete ba maaka ka boitsholo le ka go rera “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi, gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14; Bafil. 2:15) Ka go dira jalo, ba thusitse batho ba le bantsi, tota e bile ba thusitse dimilionemilione tsa batho gore ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa.—Bala Daniele 12:3.

“RE TLA TSAMAYA LE LONA”

13, 14. Batho ba e seng Baiseraele ba semoya ba tshwanetse go dira eng gore ba obamele Jehofa le go mo direla ka tsela e a e amogelang, mme seo se ile sa porofetiwa jang mo Baebeleng?

13 Mo setlhogong se se fetileng re bone gore kwa Iseraele wa bogologolo, batswakwa ba ne ba ka kgona go obamela Jehofa ka tsela  e a e amogelang, le fa go ntse jalo, batswakwa bao ba ne ba tshwanetse go kopanela le batho ba kgolagano ya ga Jehofa. (1 Dikg. 8:41-43) Le gompieno, batho ba e seng karolo ya Iseraele wa semoya ba tshwanetse go kopanela le batho ba ga Jehofa, “bana ba bogosi” ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng.

14 Go thologela ga batho ba le bantsi ba tla go obamela Jehofa le batho ba gagwe mo motlheng wa bokhutlo, go ile ga bolelelwa pele ke baporofeti ba babedi ba bogologolo. Isaia o ne a porofeta jaana: “Ditšhaba di le dintsi di tla ya di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’ Gonne molao o tla tswa mo Siona, le lefoko la ga Jehofa kwa Jerusalema.” (Isa. 2:2, 3) Moporofeti Sekaria le ene o ne a bolelelapele gore “Ditšhaba di le dintsi le merafe e e thata e tla tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema le go nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa.” O ne a ba tshwantshanya le “batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe” ba ka tsela ya tshwantshetso ba tla tshwarang seaparo sa Iseraele wa semoya mme ba tla re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—Seka. 8:20-23.

15. Ba “dinku tse dingwe” ba “tsamaya le” Iseraele wa semoya mo tirong efe?

15 Ba “dinku tse dingwe” ba “tsamaya le” Iseraele wa semoya mo tirong ya bone ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mar. 13:10) Ba nna karolo ya batho ba Modimo, “letsomane le le lengwe” le batlodiwa, ba etelelwa pele ke “modisa yo o molemo” Keresete Jesu.—Bala Johane 10:14-16.

BONA TSHIRELETSEGO MO BATHONG BA GA JEHOFA

16. Jehofa o tla tlisa jang karolo ya bofelo ya “pitlagano e kgolo”?

16 Fa Babelona yo Mogolo a sena go senngwa, go tla nna le letsholo la go tlhasela batho ba ga Jehofa, mme ka nako eo, re tla tlhoka gore re bo re le mo tshireletsong e Jehofa a tla e nayang batlhanka ba gagwe. E re ka tlhaselo eno e tla simolola karolo ya bofelo ya “pitlagano e kgolo” Jehofa ka boene o tla kaela dilo mo lefatsheng a bo a tlhophe nako e a tla fedisang lefatshe ka yone. (Math. 24:21; Esek. 38:2-4) Ka nako eo, Gogo o tla tlhasela “batho ba ba phuthilweng mmogo go tswa mo ditšhabeng,” e leng batho ba ga Jehofa. (Esek. 38:10-12) Tlhaselo eo e tla bo e le letshwao la go diragatsa katlholo ga ga Jehofa kgatlhanong le Gogo le lesomo la gagwe. Jehofa o tla godisa bolaodi jwa gagwe mme a itshepise leina la gagwe ka gonne a re: “Eleruri ke [tla] . . . dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.”—Esek. 38:18-23.

Ka nako ya “pitlagano e kgolo” re tla tshwanelwa ke go kopanela le diphuthego tsa rona (Bona serapa 16-18)

17, 18. (a) Fa Gogo a tlhasela batho ba ga Jehofa, go tla ntshiwa dikaelo dife? (b) Fa e le gore re batla gore Jehofa a re sireletse, re tshwanetse go dira eng?

17 Fa Gogo a simolola tlhaselo ya gagwe, Jehofa o tla bolelela batlhanka ba gagwe a re: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta.” (Isa. 26:20) Ka nako eo ya bofelo, Jehofa o tla naya batho ba gagwe dikaelo tse di bolokang matshelo, mme ‘diphaposi tse di kwa teng’ di ka tswa di amana le diphuthego tsa rona.

18 Ka jalo, fa e le gore re batla go solegelwa molemo ke tshireletso ya ga Jehofa ka nako ya pitlagano e kgolo, re tshwanetse go lemoga gore Jehofa o na le batho ba gagwe mo lefatsheng mme o ba rulagantse go nna diphuthego. Re tshwanetse go tswelela re eme le bone e bile re kopanela le diphuthego tsa rona. A ka dipelo tsa rona tsotlhe re bake Jehofa fela jaaka mopesalema mme re re: “Poloko ke ya ga Jehofa. Tshegofatso ya gago e mo bathong ba gago.”—Pes. 3:8.