Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Letsatsi le a Tlhaba Kwa Japane

Letsatsi le a Tlhaba Kwa Japane

Kwa Tokyo, go ne ga dirisiwa ditaletso tsa puo ya phatlalatsa mme tsa anamisiwa ka difofane kwa Osaka

KA Lwetse 6, 1926, moeti wa sedumedi (molebedi yo o etang) wa Mojapane yo o neng a nna kwa United States o ne a boela Japane e le morongwa. O ne a kgatlhantshiwa ke mongwe yo e neng e le ene fela a amogelang khopi ya Tora ya Tebelo ka metlha, yo o neng a simolotse setlhopha sa baithuti ba Baebele mo Kobe. Baithuti ba Baebele ba ne ba tshwara kopano ya bone ya ntlha ka Ferikgong 2, 1927 kwa toropong eo. Batho ba le 36 ba ne ba nna gone kwa kopanong eo mme go ne ga kolobediwa ba le 8. E ne e le tshimologo e ntle tota, mme gone setlhotshwana seno se ne se tla dira jang gore lesedi la boammaaruri jwa Baebele le fitlhe kwa bathong ba le dimilione di le 60 ba ba neng ba tlhoka go le bona kwa Japane?

Ka Motsheganong 1927, Baithuti ba Baebele ba ba matlhagatlhaga ba ne ba simolola letsholo la go neela bosupi phatlalatsa go itsise batho ka motseletsele wa dithero tsa Baebele. Bakaulengwe ba ne ba itsise batho ka puo ya ntlha e e neng e tla tshwarelwa kwa Osaka ka go tlhoma matshwao mo thoko ga tsela le diboto tse dikgolo tse di dirisediwang go bapatsa go ralala toropo le go romela ditaletso di le 3 000 kwa bathong ba ba itsegeng. Ba ne ba phasalatsa dipampitshana tsa taletso di le 150 000 le go itsise batho ka puo eo mo lokwalodikgannyeng lo lo itsegeng thata kwa Osaka mmogo le mo ditheketeng tsa terena di le 400 000. Mo letsatsing le puo e neng e tlile go neelwa ka lone, difofane di le pedi di ne tsa fofa mo godimo ga toropo mme tsa gasamisa ditaletso di le 100 000. Batho ba ka nna 2 300 ba ne ba tlatsa Holo ya Osaka Asahi go tla go reetsa puo e e reng, “Bogosi Jwa Modimo bo Atametse.” Batho ba bangwe ba ka nna sekete ba ne ba busediwa morago. Morago ga puo, batho ba feta 600 ba ne ba salela thulaganyo ya dipotso le dikarabo. Mo dikgweding tse di latelang, dipuo tsa phatlalatsa tsa Baebele di ne tsa newa mo Kyoto le mo ditoropong tse dingwe tsa kwa bophirima jwa Japane.

Ka Diphalane 1927, Baithuti ba Baebele ba ne ba rulaganya gore go neelwe dipuo kwa Tokyo. Le mo lekgetlong leno ditaletso di ne tsa romelelwa batho ba maemo—go akaretsa le tonakgolo, maloko a palamente le baeteledipele ba bodumedi le ba sesole. Go ne ga dirisiwa diboto tsa phasalatso, dipapatso tsa makwalodikgang mmogo le dipampitshana di le 710 000, mme palogotlhe ya ba ba neng ba reetsa dithero di le tharo mo toropokgolong ya Japane e ne e le 4 800.

BAREKISI BA BA TLHAGAFETSENG BA DIBUKA

Katsuo le Hagino Miura

Barekisi ba dibuka (babulatsela) ba ne ba na le seabe sa botlhokwa thata mo go iseng molaetsa wa Bogosi kwa magaeng a batho. Mongwe wa barekisi ba ntlha ba dibuka mo Japane e bong Matsue Ishii mmogo le monna wa gagwe Jizo, ba ne ba rera mo karolong e kgolo ya naga, go tswa kwa Sapporo e e ka fa bokone jo bo kgakala go ya kwa Sendai, Tokyo, Yokohama, Nagoya, Osaka, Kyoto, Okayama le Tokushima. Kgaitsadi Ishii le kgaitsadi mongwe yo o godileng e bong Sakiko Tanaka, ba ne ba apara dikimono tsa mokgabo fa ba etela badiredibagolo ba puso. Mongwe wa bone o ne a kopa dibuka tsa The Harp of God di le 300 le tsa Deliverance di le 300 gore a di tsenye mo dilaeboraring tsa kwa dikgolegelong.

 Katsuo le Hagino Miura ba ne ba newa dibuka ke Kgaitsadi Ishii mme ba lemoga boammaaruri ka bonako. Ba ne ba kolobediwa ka 1931 mme ba nna barekisi ba dibuka. Haruichi le Tane Yamada le ba le bantsi ba masika a bone, ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi nakwana pele ga 1930. Boorra-Yamada ba ne ba tsenela tirelo ya go nna barekisi ba dibuka mme morwadiabone e bong Yukiko o ne a ya go direla kwa Bethele e e kwa Tokyo.

“BO-JEHU”—BA BAGOLO LE BA BANNYE

Jehu yo Mogolo o ne a pega babulatsela ba le barataro

Mo metlheng eo, dikoloi di ne di ja madi a mantsi e bile ditsela di ne di le maswe tota. Ka jalo, Kazumi Minoura mmogo le barekisi ba bangwe ba dibuka ba basha ka dingwaga ba ne ba dirisa ditereilara tse di se nang dienjene. Ba ne ba di bitsa Bo-Jehu ba di teelela ka mokgweetsi mongwe wa kara yo o neng a nna nngwe ya dikgosi tsa Iseraele. (2 Dikg. 10:15, 16) Bo-Jehu ba Bagolo ba le bararo ba ne ba le boleele jwa dimetara di le 2,2 bophara jwa dimetara di le 1,9 le bogodimo jwa dimetara di le 1,9 mme mongwe le mongwe wa bone o ne a ka robatsa babulatsela ba le barataro. Mo godimo ga moo, lekala la kwa Japane le ne la dira Bo-Jehu ba Bannye ba le 11 ba ba gogwang ka dibaesekele ba ba neng ba ka robatsa batho ba le babedi. Kiichi Iwasaki yo o neng a thusa go aga Bo-Jehu o gakologelwa jaana: “Jehu mongwe le mongwe o ne a na le tente mmogo le beteri ya koloi e e neng e fetlha motlakase wa dipone.” Barekisi ba dibuka ba ne ba phatsimisa lesedi la boammaaruri go ralala Japane, ba kgarametsa le go goga Bo-Jehu, ba tlhatloga le go fologa dithaba go ralala mekgatšha go ya kwa Hokkaido e e kwa bokone go ya kwa Kyushu e e kwa borwa.

Jehu yo Monnye o ne a pega batho ba le babedi

Morekisi mongwe wa dibuka e bong Ikumatsu Ota a re: “Fa re goroga mo toropong, re ne re tlhoma Jehu wa rona mo losing lwa noka kgotsa mo patlelong. Sa ntlha, re ne re etela banna ba maemo ba mo toropong, ba ba jaaka ratoropo mme go tswa foo re bo re etela batho mo magaeng a bone go ba bontsha dibuka tsa rona. Fa re sena go wetsa tshimo, re ne re fetela kwa toropong e e latelang.”

E ne e le “letsatsi la tshimologo e potlana” fa setlhopha seo sa Baithuti ba Baebele ba le 36 kwa Kobe ba ne ba tshwara kopano ya bone ya ntlha. (Seka. 4:10, NW) Dingwaga di le tlhano fela tse di latelang—ka 1932—barekisi ba dibuka le baboledi ba le 103 kwa Japane ba ne ba bega tiro ya bone, ba tsamaisa dibuka di feta 14 000. Gompieno, go newa bosupi jo bo rulagantsweng sentle mo ditoropong tsa kwa Japane, mme baboledi ba ka nna 220 000 ba phatsimisa lesedi la bone mo nageng ya Japane.—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Japane.

Ditshwantsho tse di toroilweng ke Kiichi Iwasaki, yo o neng a aga Bo-Jehu kwa Bethele ya Japane