Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jeremia o ne a kaya eng fa a ne a re Ragele o lelela bomorwawe?

Jeremia 31:15 ya re: “Jehofa o buile jaana, ‘Go utlwiwa lentswe kwa Rama, selelo sa khutsafalo le go lela mo go botlhoko; Ragele o lelela bomorwawe. O ganne go gomodiwa kaga bomorwawe, ka gonne ga ba tlhole ba le gone.’”

Bomorwa Ragele ba babedi ga ba a ka ba swa pele ga gagwe. Ka jalo, se Jeremia a neng a se kwala dingwaga di le 1 000 morago ga loso lwa ga Ragele, se ka nna sa tswa se lebega se se boammaaruri.

Morwa wa ntlha wa ga Ragele e ne e le Josefa. (Gen. 30:22-24) Moragonyana o ne a tshola morwa yo mongwe gape, yo o neng a bidiwa Benjamine. Mme Ragele o ne a swa fa a ntse a tshola morwa yoo wa bobedi. Ka jalo, potso ke go re: Ke ka ntlha yang fa Jeremia 31:15 e re o ne a lela ka gonne bomorwawe ba ne ba sa “tlhole ba le gone”?

Go botlhokwa go ela tlhoko gore fa nako e ntse e ya, morwa wa ntlha e bong Josefa, o ne a tshola Manase le Eferaime. (Gen. 41:50-52; 48:13-20) Moragonyana, lotso lwa ga Eferaime e ne ya nna lone lo lo tlhageletseng thata e bile lo na le tlhotlheletso e kgolo mo bogosing jotlhe jwa Iseraele jwa kwa bokone mme e ne ya nna lone lo emelang ditso tsotlhe tse di lesome. Ka fa letlhakoreng le lengwe, lotso lo lo neng lo tswa mo go Benjamine yo e neng e le morwa wa bobedi wa ga Ragele, lo ne lwa nna karolo ya bogosi jwa kwa borwa mmogo le lotso lwa Juda. Ka jalo, re ka re Ragele o emela bommè botlhe ba Iseraele, ba bogosi jo bo kwa bokone le jo bo kwa borwa.

Ka nako ya fa buka ya Jeremia e ne e kwalwa, bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome bo ne bo setse bo gapilwe ke Baasiria mme bontsi jwa batho ba jone ba ne ba isitswe botshwarwa. Le fa go ntse jalo, ditlogolwana dingwe tsa ga Eferaime di ka tswa di ile tsa tshabela kwa nageng ya Juda. Ka 607 B.C.E., Bababelona ba ne ba gapa bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi jwa kwa borwa. Go ka direga gore fa bogosi joo bo ne bo gapiwa, bontsi jwa batshwarwa ba ne ba isiwa kwa Rama, dikilometara di ka nna robedi go ya kwa bokone jwa Jerusalema. (Jer. 40:1) Gongwe bangwe ba bone ba ne ba bolaelwa kwa nageng ya ga Benjamine kwa Ragele a neng a fitlhetswe gone. (1 Sam. 10:2) Ka jalo, go lela ga ga Ragele go ka tswa go ne go kaya ka tsela ya tshwantshetso gore o hutsafalela Babenjamine, segolobogolo ba ba neng ba le kwa Rama. Kgotsa go ka nna ga bo go kaya gore bommè botlhe ba batho ba Modimo ba ne ba lelela go bolawa ga Baiseraele kgotsa go isiwa ga bone botshwarwa.

Mme gone, mafoko a ga Jeremia malebana le go lela ga ga Ragele a lelela bomorwawe a ne a porofeta se se neng sa direga makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa botshelo jwa ga Jesu yo mmotlana bo ne bo le mo kotsing. Kgosi Herode o ne a laela gore go bolawe basimane botlhe ba dingwaga di le pedi go ya kwa tlase kwa Bethelehema, e e neng e le kwa karolong e e kwa borwa jwa Jerusalema. Ka jalo, barwa bao ba ne ba sa tlhole ba le gone; ba ne ba sule. Akanya fela ka selelo sa khutsafalo sa bommè ba barwa ba bone ba sa tlholeng ba le gone! Go ne go ntse jaaka e kete selelo seo se utlwala le kwa Rama, kwa karolong e e kwa bokone jwa Jerusalema.—Math. 2:16-18.

Ka jalo, mo motlheng wa ga Jeremia le wa ga Jesu, go lela ga ga Ragele a lelela bomorwawe e ne e le puo e e neng e dirisiwa go tlhalosa khutsafalo ya bommè ba Bajuda fa bana ba bone ba bolailwe. Gone ke boammaaruri gore, ba ba ileng ba swa ba bo ba ya kwa “lefatsheng la mmaba” ba ka nna ba gololwa mo mmabeng fa baswi ba tsosiwa.—Jer. 31:16; 1 Bakor. 15:26.