Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

A go siame gore Bakeresete ba fise setopo?

Motho ke ene a itirelang tshwetso ya gore a o tla fisa setopo kgotsa nnyaa. Le fa Baebele e sa bue ka tlhamalalo ka mokgwa ono, go botlhokwa go ela tlhoko gore ditopo tsa ga Kgosi Saulo le morwawe e bong Jonathane di ne tsa fisiwa mme go tswa foo tsa fitlhiwa. (1 Sam. 31:2, 8-13)—6/15, tsebe 7.

Re ka tlhomamisega jang gore Modimo ga a bake dilo tse di bosula?

Ditsela tsotlhe tsa Modimo di siame. Ke Modimo wa tshiamo, yo o ikanyegang le yo o thokgameng. Gape Jehofa o pelonomi mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko. (Dute. 32:4; Pes. 145:17; Jak. 5:11)—7/1, tsebe 4.

Motho a ka lebana le dikgwetlho dife fa a ya go direla kwa nageng e sele kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone?

Dikgwetlho di le tharo ke (1) go tlwaela tsela e e farologaneng ya botshelo, (2) go itshokela go tlhologelelwa gae le (3) go tlwaela bakaulengwe ba lefelo leo. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba kopaneng le dikgwetlho tseno ba ile ba segofadiwa fela thata.—7/15, tsebe 4-5.

Ke ka ntlha yang fa bomorwarraagwe Josefa ba ile ba mo tlhanogela?

Jakobe o ne a rata Josefa thata, a bo a mo naya seaparo se se kgethegileng. Bomorwarraagwe Josefa ba ne ba nna lefufa mme ba mo rekisa go ya go nna lekgoba.—8/1, tsebe 11-13.

Ke ka ntlha yang fa dipampitshana tse disha di le mosola jaana e bile go le motlhofo go di dirisa?

Tsotlhe di dirilwe ka tsela e e tshwanang. Pampitshana nngwe le nngwe e re kgothaletsa go bala temana ya Baebele le go botsa mong wa ntlo potso. Le fa a ka araba jang, re ka bula pampitshana mo teng mme re mmontshe se Baebele e se buang. Gape re ka mmontsha potso nngwe e re tla e arabang fa re dira loeto lwa go boela.—8/15, tsebe 13-14.

Peshitta ya Sesiria ke Eng?

Sesiria ke nngwe ya dipuo tsa Searamaika, e e neng e dirisiwa thata mo lekgolong la bobedi kgotsa la boraro la dingwaga C.E. Go lebega Sesiria e le puo ya ntlha e dikarolo dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di neng tsa ranolelwa mo go yone. Baebele ya puo ya Sesiria e ne ya itsege e le thanolo ya Peshitta.9/1, tsebe 13-14.

Batsadi ba Bakeresete ba ka dira eng go nna badisa ba ba molemo ba bana ba bone?

Go botlhokwa gore o reetse bana gore o kgone go ba tlhaloganya. Leka go ba thusa semoyeng. Ba kaele ka lorato, ka sekai, fa ba ntse ba leka go lwantsha dipelaelo tse ba nang le tsone ka dilo tse di amanang le Modimo.—9/15, tsebe 18-21.

Mo Bogosing Jwa Modimo, ke dilo dife tse di tla bong di sa tlhole di le gone?

Mathata a botsogo, loso, go tlhoka tiro, ntwa, tlhaelo ya dijo le khumanego di tla bo di sa tlhole di le gone.—10/1, tsebe 6-7.

Ke kgolagano efe e go buiwang ka yone mo Baebeleng e e dirang gore bangwe ba kgone go busa le Keresete?

Fa Jesu a sena go ja Tlolaganyo la bofelo le baaposetoloi ba gagwe, o ne a dira kgolagano le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, e re ka e bitsang kgolagano ya Bogosi. (Luke 22:28-30) Kgolagano eno e ne e ba tlhomamisetsa gore ba tla busa le Jesu kwa legodimong.—10/15, tsebe 16-17.

Neela dikai di le pedi tsa Baebele tse di bontshang gore Satane ke sebopiwa sa mmatota sa semoya.

Dikwalo di tlhalosa gore Satane o ne a bua le Jesu a leka go mo raela. Gape mo motlheng wa ga Jobe, Satane o ne a bua le Modimo. Dipego tseno di bontsha gore Satane ke sebopiwa sa mmatota sa semoya.—11/1, tsebe 4-5.

“Batho ba leina la gagwe,” ba Jakobe a neng a bua ka bone mo go Ditiro 15:14 ke bomang?

Batho bano e ne e le badumedi ba Bajuda le ba e seng Bajuda ba Modimo a ba tlhophileng gore e nne lotso lo lo tlhophilweng gore ba “bolele dinonofo tse di molemolemo” tsa Ene yo o neng a ba bitsa. (1 Pet. 2:9, 10)—11/15, tsebe 24-25.

Timgad e ne e le kwa kae, mme batho ba ba neng ba nna koo ba ne ba na le boikutlo jo bo ntseng jang?

Timgad e ne e le motse o mogolo wa Roma kwa Bokone jwa Afrika (Algeria ya motlha wa gompieno). Go bontsha gore bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo e ne e le badumedi, mokwalo mongwe o o epolotsweng o balega jaana: “Go Tsoma, go Tlhapa, go Tshameka, go Tshega.—Botshelo Ruri!” Seo se tshwana le se se umakilweng mo go 1 Bakorintha 15:32.—12/1, tsebe 8-10.