Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke eng se se tlhotlheletsang batho ba bantsi go dumela gore go na le Mmopi?

A Botshelo ga bo Gakgamatse?

Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng mmoki mongwe o ne a kwala jaana: “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang.” (Pesalema 139:14) Fa o akanya gore losea lo simolola e le sele e le nngwe fela, a seo ga se go gakgamatse? Batho ba bantsi ba tsaya gore dilo tse di tshelang di bopilwe ke Mmopi.—Bala Pesalema 139:13-17; Bahebera 3:4.

Mmopi wa lobopo lotlhe yo o dirileng gore lefatshe le kgone go nniwa, gape o tlhodile botshelo. (Pesalema 36:9) O ne a bua le batho e bile o a re ikitsise.—Bala Isaia 45:18.

A re tswa mo diphologolong?

Go na le dilo tse dintsi tse mebele ya rona e tshwanang le ya diphologolo ka tsone. Seno ke ka gonne Mmopi a bopile batho le diphologolo gore di nne mo lefatsheng. O bopile motho wa ntlha ka lorole, e seng go tswa mo phologolong.—Bala Genesise 1:24; 2:7.

Batho ba farologana le diphologolo ka ditsela tse pedi tsa botlhokwa. Sa ntlha, batho ba kgona go itse, go rata le go tlotla Mmopi. Sa bobedi, diphologolo di ne di sa bopelwa go tshelela ruri, batho ke bone ba ba neng ba bopetswe go tshelela ruri. Mme gone jaanong batho botlhe ba ruile loso ka gonne motho wa ntlha a ganne go kaelwa ke Mmopi.—Bala Genesise 1:27; 2:15-17.