Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntshetsa Jehofa Ditebogo Mme o Segofadiwe

Ntshetsa Jehofa Ditebogo Mme o Segofadiwe

“Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo.”—PES. 106:1.

1. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re leboge Jehofa?

JEHOFA, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng,” ruri o tshwanelwa ke go lebogwa. (Jak. 1:17) E re ka e le Modisa yo o lorato, o re tlhokomela ka sotlhe se re se tlhokang mo mmeleng le mo semoyeng. (Pes. 23:1-3) O itshupile gore ke “botshabelo le nonofo ya rona”—segolobogolo mo dinakong tsa mathata! (Pes. 46:1) Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go dumalana le mopesalema ka pelo yotlhe, yo o neng a kwala jaana: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo; Gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.”—Pes. 106:1.

Setlhogo sa rona sa ngwaga wa 2015:Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo.”—Pesalema 106:1

2, 3. (a)  Ke dikotsi dife tse di nnang gone fa re sa anaanele masego a re nang le one? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

2 Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re sekaseke kgang eno ya go leboga? Jaaka go ile ga bolelelwa pele, batho ba mo metlheng eno ya bofelo ba tswelela go nna ba ba sa lebogeng. (2 Tim. 3:2) Ba le bantsi ga ba anaanele ditshegofatso tse ba nang le tsone. E re ka batho ba le dimilionemilione ba tlhotlhelediwa ke lefatshe la kgwebo le la papatso, ba gagamalela go nna le dilo di le dintsi go na le go kgotsofalela tse ba nang le tsone. Le rona re ka tlhotlhelediwa ke moya oo wa go tlhoka kanaanelo. Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo, re ka fetoga batho ba ba sa lebogeng mme ra tlogela go anaanela kamano ya rona e e molemolemo le Jehofa le ditshegofatso tse di tswang kwa go ene.—Pes. 106:7, 11-13.

3 Mo godimo ga moo, ela tlhoko se se diregang fa re lebana le diteko tse di botlhoko. Mo dinakong tseo, go ka nna motlhofo gore re fekeediwe ke maikutlo mme re lebale masego a re nang le one. (Pes. 116:3) Ka jalo, re ka lwela jang go nna le pelo e e anaanelang le go tswelela re na le yone? Mme ke eng se se tla re thusang gore re nne re na le boikutlo jo bo siameng le fa re lebana le diteko tse di botlhoko thata? Mma re boneng.

“O DIRILE DILO DI LE DINTSI, WENA JEHOFA”

4. Re ka dira jang gore re tswelele re na le pelo e e anaanelang?

4 Fa e le gore re batla go lwela go nna le pelo e e anaanelang le go tswelela re na le yone, re tshwanetse go lemoga masego a Jehofa a re neileng one le go bontsha kanaanelo fa re tlhatlhanya ka one mme re sekaseke ka kelotlhoko ditiro tsa gagwe tse di bontshang lorato lo lo ikanyegang. Fa mopesalema a ne a dira jalo, o ne a gakgamadiwa ke dilo di le dintsi tse dintle tse Jehofa a di dirileng.—Bala Pesalema 40:5; 107:43.

5. Re ka ithuta eng mo go moaposetoloi Paulo malebana le kgang ya go leboga?

5 Re ka ithuta go le gontsi go tswa mo go moaposetoloi Paulo malebana le kgang ya go leboga. Go bonala sentle gore o ile a tlhatlhanya ka masego a a nang le one ka gonne gangwe le gape o ne a leboga Jehofa go tswa pelong. Paulo o ne a itse gore e ne e le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” Ke ka moo a neng a lebogela go bo le fa a ne a sa itshwara sentle mo nakong e e fetileng, Modimo le Keresete ba ne ba mo utlwela botlhoko mme ba mo abela bodiredi. (Bala 1 Timotheo 1:12-14.) Gape Paulo o ne a anaanela thata Bakeresete ka ene e bile gantsi o ne a leboga Jehofa ka ntlha ya dinonofo tsa bone tse di molemo le ka ntlha ya go bo ba direla Modimo ka boikanyegi. (Bafil. 1:3-5, 7; 1 Bathes. 1:2, 3) Mme fa Paulo a ne a lebane le maemo a a thata, o ne a le bonako go leboga Jehofa ka ntlha ya tshegetso e e mo nakong e a neng a e newa ke bakaulengwe ba gagwe ba semoya. (Dit. 28:15; 2 Bakor. 7:5-7) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a kwalela Bakeresete le go ba kgothatsa jaana: “Itshupeng lo na le tebogo . . . , lo tlhagisane ka dipesalema, dipako tse di yang kwa Modimong, dipina tsa semoya di na le bopelontle.”—Bakol. 3:15-17.

GO TLHATLHANYA LE GO RAPELA—DILO TSA BOTLHOKWA TSE DI RE THUSANG GO TSWELELA RE LEBOGA

6. Ke eng se segolobogolo o lebogang Jehofa go bo a go diretse sone?

6 Re ka etsa jang sekao se se molemo sa ga Paulo fa go tliwa mo kgannyeng ya go leboga? Fela jaaka Paulo, le rona re tlhoka go tlhatlhanya ka se Jehofa a re diretseng sone. (Pes. 116:12) Fa o ne o ka bodiwa go re: ‘Ke ditshegofatso dife tse di tswang kwa go Jehofa tse o di anaanelang thata,’ o ne o ka araba o reng? A o ne o tla umaka kamano e e botlhokwa e o nang le yone le Jehofa? Kgotsa go bo Modimo a go itshwarela ka gonne o bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete? A o ne o tla umaka maina a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba go ema nokeng fa o ne o lebane le diteko tse di farologaneng? Ke boammaaruri gore o ne o ka se lebale go umaka molekane wa gago wa lenyalo yo o rategang le bana ba gago ba o ba ratang thata. Fa o ipha nako ya go tlhatlhanya ka ditshegofatso tse di molemo tse di tswang kwa go Rraarona yo o lorato e bong Jehofa, seo se tla dira gore pelo ya gago e phophome ka boitumelo e bile o tla tlhotlheletsega go mo leboga letsatsi le letsatsi.—Bala Pesalema 92:1, 2.

7. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leboga fa re rapela? (b) Go dira jalo go ka go solegela molemo jang?

7 Fa re tlhomamisegile mo megopolong le mo dipelong tsa rona ka masego a Jehofa a re nayang one, re tla kgona go mo rapela le go mo leboga. (Pes. 95:2; 100:4, 5) Batho ba le bantsi ba akanya gore o tshwanetse go rapela fela fa o kopa sengwe mo Modimong. Le fa go ntse jalo, rona re a itse gore Jehofa o a itumela fa re mo leboga ka se re nang le sone. Baebele e na le dikai tse dintsi tsa dithapelo tsa batho ba ba neng ba rapela go tswa pelong ba leboga, tsone di akaretsa thapelo ya ga Hana le ya ga Hesekia. (1 Sam. 2:1-10; Isa. 38:9-20) Ka jalo, etsa sekao sa batlhanka bao ba ba ikanyegang ba ba neng ba bontsha go leboga. Ee, rapela Jehofa o mo leboge ka ntlha ya masego a o nang le one. (1 Bathes. 5:17, 18) O tla solegelwa molemo thata fa o dira jalo. O tla itumela, lorato lo o ratang Jehofa ka lone lo tla gola e bile o tla atamalana thata le ene.—Jak. 4:8.

Ke ditshegofatso dife tse o di lebogelang tse di tswang kwa go Jehofa? (Bona serapa 6, 7)

8. Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone?

8 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re le kelotlhoko kgatlhanong le kotsi ya go se anaanele bomolemo jwa ga Jehofa? Ka gonne bosaitekanelang jo re bo ruileng bo dira gore go nne thata go leboga. Akanya ka seno: Batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ne ba beilwe mo tshingwaneng ya paradaise. Ba ne ba sa tlhoke sepe e bile ba kgona go tshelela ruri ka kagiso. (Gen. 1:28) Mme ga ba a ka ba anaanela masego a ba neng ba na le one. Bogagapa bo ile jwa dira gore ba eletse go nna le dilo tse dingwe. Ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe. (Gen. 3:6, 7, 17-19) E re ka re dikologilwe ke batho ba ba sa lebogeng, le rona re ka nna ra simolola go lebala dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone. Re ka nna ra simolola go sa anaanele botsalano jwa rona le ene. Re ka nna ra se tlhole re anaanela tshiamelo e re nang le yone ya go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Re ka nna ra nwelelela mo dilong tsa lefatshe leno le le tlileng go feta mo bogautshwaneng. (1 Joh. 2:15-17) Go tila kotsi eo e e tlang, re tshwanetse go tlhatlhanya ka masego a re nang le one le go leboga Jehofa ka metlha ka ntlha ya tshiamelo ya go nna batho ba gagwe.—Bala Pesalema 27:4.

FA RE LEBANE LE DITEKO

9. Fa re lebana le diteko tse di botlhoko, ke eng fa re tshwanetse go akanya ka masego a re nang le one?

9 Go nna le pelo e e anaanelang go ka re thusa gore re itshokele diteko tse di botlhoko. Re ka nna ra ikutlwa re imetswe fa ka tshoganyetso re lebana le maemo a a ka fetolang botshelo jwa rona, jaaka go sa ikanyege ga molekane wa lenyalo, bolwetse jo bo kotsi, go swelwa ke mongwe yo o mo ratang kgotsa go lebana le diphelelo tse di utlwisang botlhoko tse di nnang gone ka ntlha ya masetlapelo a tlholego. Mo maemong a a ntseng jalo, go akanya ka masego a re nang le one go tla re gomotsa le go re nonotsha. Ela tlhoko se se ileng sa diragalela bakaulengwe bangwe.

10. Irina o ile a solegelwa molemo jang ke go nna a akantse ka masego a a nang le one?

10 Irina *, yo e leng mmulatsela wa ka metlha kwa Amerika Bokone, o ne a nyalane le mogolwane yo o neng a se ka a ikanyega mme a mo phuaganya ka bana. Ke eng se se thusitseng Irina gore a tswelele a direla Jehofa ka boikanyegi? A re: “Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntlhokomela. Ka go nna ke akantse ka masego a ke nang le one letsatsi le letsatsi, ke kgona go bona gore ruri ke tshiamelo go itsiwe le go ratiwa ke Rraarona yo o kwa legodimong yo o re sireletsang. Ke a itse gore ga a kitla a ntatlha.” Le fa Irina a ile a lebana le mathata a mantsi mo botshelong jwa gagwe, go nna a itumetse go ile ga mo thusa e bile ga dira gore a kgothatse le ba bangwe.

11. Ke eng se se thusitseng Kyung-sook gore a itshokele bolwetse jo bo kotsi?

11 Kyung-sook, yo o nnang kwa Asia, ene le mogatse e ne e le babulatsela ka dingwaga di feta 20. Ka tshoganyetso go ne ga lemogiwa gore o na le bolwetse jwa kankere ya makgwafo e e neng e setse e aname e bile o ne a bolelelwa gore o tla tshela dikgwedi di le tharo go ya go di le thataro. Le fa ene le mogatse ba ile ba lebana le diteko di le dintsi, tse dikgolo le tse dinnye, ba ne ba sa akanye gore nako nngwe ba ka tsenwa ke mangwe a malwetse a a ntseng jalo. O ne a re: “Kgang eno ya go lwala, e ne ya nkama fela thata. Ke ne ke ikutlwa e kete ke latlhegetswe ke sengwe le sengwe e bile ke tshogile thata.” Ke eng se se thusitseng Kyung-sook go itshoka? A re: “Bosigo bongwe le bongwe pele ke ya go robala, ke ne ke ya kwa borulelong jwa ntlo mme ke bo ke rapelela kwa godimo ke umaka dilo di le tlhano tse ke di lebogelang mo letsatsing leo. Morago ga moo, ke ne ke ikutlwa ke kgothatsegile e bile ke tlhotlheletsega go bolelela Jehofa kafa ke mo ratang ka gone.” Kyung-sook o ile a solegelwa molemo jang ke dithapelo tseo tsa bosigo? A re: “Ke ile ka lemoga gore Jehofa o a re nonotsha fa re lebane le diteko le gore masego a mantsi a re nang le one mo matshelong a rona, a feta kgakala diteko tse re lebanang le tsone.”

A na le morwarraagwe yo o falotseng e bong John (Bona serapa 13)

12. Jason o ne a kgothadiwa ke eng fa mogatse a sena go tlhokafala?

12 Jason, yo o direlang kwa ofising ya lekala ya mo Afrika o na le dingwaga tse di fetang 30 a le mo tirelong ya nako e e tletseng. A re: “Dingwaga di le supa tse di fetileng, ke ile ka tlhokafalelwa ke mosadi mme botlhoko jwa teng bo tlhaba mo pelong. Ke kgobega marapo thata fa ke nnela go akanya ka tsela e a neng a boga ka yone fa a ne a tshwerwe ke bolwetse jwa kankere.” Ke eng se se thusitseng Jason go itshoka? A re: “Nako nngwe fa ke gopola dinako tse di itumedisang tse nna le mogatsake re nnileng le tsone, ke ne ka rapela mme ka leboga Jehofa ka dinako tseo tse di monate. Ke ne ka ikutlwa ke imologile mme go simolola ka nako eo, ka leboga Jehofa go bo re ile ra nna le dinako tseo tse di monate. Go leboga go ne ga fetola thata tsela e ke lebang dilo ka yone. Ke sa ntse ke utlwa botlhoko jwa go latlhegelwa ke molekane mme ke leboga Jehofa go bo ke ile ka nna le lenyalo le le itumedisang le go nna le tshiamelo ya go mo direla le mongwe yo o neng a mo rata thata, dilo tseno di tokafaditse thata tsela e ke lebang dilo ka yone.”

“Ke leboga fela thata go bo Jehofa e le Modimo wa me.”—Sheryl

13. Ke eng se se ileng sa thusa Sheryl gore a itshoke fa a ne a latlhegelwa ke ba lelapa la gagwe ba le bantsi?

13 Fa Setsokotsane se Segolo sa Haiyan se ne se itaya bogare jwa Ditlhaketlhake Tsa Philippine go ela kwa bofelong jwa 2013, Sheryl, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 13 o ne a latlhegelwa ke sengwe le sengwe. O ne a re: “Ke ne ka latlhegelwa ke legae la gaetsho e bile ke ne ka latlhegelwa ke ba lelapa la gaetsho ba le bantsi.” Batsadi ba gagwe mmogo le bana ba gaabo ba ne ba swa fa setsokotsane seo se se maatla se ne se phepheula lefelo leo. Ke eng se se ileng sa thusa Sheryl go itshokela masetlapelo ano ntle le go galefa? O thusitswe ke go nna le pelo e e anaanelang le go nna a akantse ka masego a a sa ntseng a na le one. “Ke ne ka bona sotlhe se bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba se dira go thusa le go kgothatsa ba ba neng ba tlhoka thuso. Ke ne ke itse gore bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ba ne ba nthapelela.” O oketsa ka go re: “Ke leboga fela thata go bo Jehofa e le Modimo wa me. Ka metlha o re naya dilo tse re di tlhokang.” Go nna re akantse ka masego a re nang le one go ka re thusa fela thata gore re se ka ra hutsafala go feta selekanyo. Go nna le pelo e e anaanelang go re thusa gore re tswelele pele ka botshelo go sa kgathalesege maemo a a thata a re lebanang le one.—Baef. 5: 20; bala Bafilipi 4:6, 7.

“FA E LE NNA, KE TLA ITUMELA MO GO JEHOFA”

14. Re letetswe ke ditiragalo dife tse di itumedisang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

14 Go ralala hisitori, batho ba ga Jehofa ba ntse ba ipelela masego a ba nang le one. Ka sekai, fa Baiseraele ba sena go gololwa mo go Faro le masole a gagwe kwa Lewatleng le Lehibidu, ba ne ba bontsha boipelo jwa bone ka go opela dipina ba baka le go leboga Jehofa. (Ekes. 15:1-21) Gompieno, tsholofelo e re tlhomamisegileng ka yone ya gore re tla gololwa mo dilong tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko le tse di re ngomolang pelo ke mangwe a masego a magolo a re nang le one. (Pes. 37:9-11; Isa. 25:8; 33:24) Akanya fela kafa re tla ikutlwang ka gone fa Jehofa a ripitla baba ba gagwe botlhe a bo a re amogela mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso le tshiamo. Ruri leo e tla bo e le letsatsi la go leboga!—Tshen. 20:1-3; 21:3, 4.

15. O ititeile sehuba go dirang mo ngwageng wa 2015?

15 Re lebile pele go amogela masego a le mantsi a semoya a a tswang kwa go Jehofa ka 2015. Gone ke boammaaruri gore re tla lebana le diteko dingwe. Le fa go ka direga eng, re a itse gore Jehofa ga a kitla a re latlha. (Dute. 31:8; Pes. 9:9, 10) O tla tswelela a re tlamela ka sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re mo direle ka boikanyegi. Ka jalo, a re ititeyeng sehuba mme re nneng le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moporofeti Habakuke yo o neng a re: “Le mororo setlhare sa mofeige ka bosone se ka nna sa se ka sa ntsha dithunya, mme go ka nna ga se ka ga nna le kungo mo mefineng; tiro ya setlhare sa motlhware e ka nna ya tlhoka maungo, le matlhagare ka boone a ka nna a se ka a ntsha dijo; letsomane tota le ka nna la kgaolwa mo lesakeng, mme go ka nna ga se ka ga nna le motlhape mo o tswalelwang gone; Le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke tla itumela mo go Jehofa ka boene; ke tla ipela mo Modimong wa poloko ya me.” (Hab. 3:17, 18) Ee, mo ngwageng ono, a re ipeleng fa re akanya ka masego a re nang le one mme re tlhotlheletsege go latela kgakololo eno ya setlhogo sa rona sa ngwaga wa 2015: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo.”—Pes. 106:1.

^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe mo setlhogong seno.