Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Go ne go silwa jang bogologolo?

Korong e ne e silwa gore e nne folouru e e dirang borotho. Basadi kgotsa batlhanka ba malapa a le mantsi ba ne ba sila letsatsi le letsatsi. Mo metlheng ya bogologolo modumo wa go sila o ne o tlwaelegile.—Ekesodo 11:5; Jeremia 25:10.

Ditshwantsho le difikantswe tsa bogologolo tsa kwa Egepeto di bontsha tsela e go neng go silwa ka yone. Korong e ne e tshelwa mo lelwaleng. Motho o ne a khubama fa pele ga lone a bo a sila korong eo ka tshilo. Makasine mongwe wa re ditshilo di ne di le bokete jwa dikilogerama di le pedi go ya go di le nnè. Fa di ne di ka dirisiwa jaaka dibetsa, di ne di ka bolaya.—Baatlhodi 9:50-54.

Go sila go ne go le botlhokwa thata mo malapeng mo Baebele e neng e thibela motho go tseela yo mongwe tshilo le lelwala. Duteronome 24:6 ya re: “Ope a se ka a tsaya lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo, ka gonne o tsaya moya e le sebeelo.”

Mafoko a a reng “fa sehubeng” a kaya eng?

Baebele ya re Jesu o “fa sehubeng sa ga Rara.” (Johane 1:18, Tswana Central) Mafoko ano a bontsha gore Modimo o amogela Jesu e bile o atamalane le ene. Gape a bontsha se Bajuda ba neng ba tlwaetse go se dira fa ba le mo tafoleng ba ja.

Mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba ne ba nna ka go sekama go dikologa tafole. Motho o ne a baya sekgono sa molema mo mosamong, tlhogo ya gagwe e lebile mo tafoleng mme maoto a lebile go sele. Go nna jalo go ne go dira gore a kgone go dirisa letsogo la moja ka kgololesego. Buka nngwe ya tshedimosetso ya re e re ka batho ba ne ba ikaega ka letlhakore la molema ba atamalane, “tlhogo ya yo mongwe e le gaufi le sehuba sa yo o fa morago ga gagwe, go ne go ka twe o ‘fa sehubeng’ sa gagwe.”

Go nna fa sehubeng sa tlhogo ya lelapa kgotsa sa motho yo o go laleditseng e ne e le tlotla kgotsa tshiamelo e e seng kana ka sepe. Ga go gakgamatse go bo mo Tlolaganyong ya bofelo ya ga Jesu, “morutwa yo Jesu a kileng a bo a mo rata” e bong moaposetoloi Johane, a neng a nna fa sehubeng sa ga Jesu. Ka jalo, Johane o ne a ka ikaega “fa sehubeng sa ga Jesu” a bo a mmotsa potso.—Johane 13:23-25; 21:20, Tswana Central.