Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | MODIMO O LEBA NTWA JANG?

Kafa Modimo a Neng a Leba Ntwa ka Gone Bogologolo

Kafa Modimo a Neng a Leba Ntwa ka Gone Bogologolo

Batho ba ne ba gatelelwa. Ba ne ba rapela Modimo kgapetsakgapetsa gore a ba thuse, mme ga a ka a ba thusa ka yone nako eo. Batho bao e ne e le Baiseraele, setšhaba sa Modimo sa mo metlheng ya bogologolo. Ba ne ba gateletswe ke setšhaba se se maatla sa Egepeto. (Ekesodo 1:13, 14) Baiseraele ba ne ba letetse gore Modimo a fedise kgatelelo e ba neng ba le mo go yone ka dingwagangwaga. Kgabagare, nako ya gore Modimo a tseye kgato e ne ya goroga. (Ekesodo 3:7-10) Baebele ya re Modimo o ne a lwa le Baegepeto. O ne a itaya Baegepeto ka dipetso tse di botlhoko ka go latelana a bo a bolaya kgosi ya Egepeto le masole a yone kwa Lewatleng le Lehibidu. (Pesalema 136:15) Jehofa Modimo o ne a itshupa e le “motho yo o nonofileng wa ntwa” mo boemong jwa batho ba gagwe.—Ekesodo 15:3, 4.

Kgang ya gore Modimo o ne a lwa le Baegepeto e bontsha gore ga a kgatlhanong le dintwa tsotlhe. Nako nngwe o ne a laela Baiseraele go ya ntweng. Ka sekai, o ne a ba laela gore ba lwe le Bakanana ba ba neng ba le bosula thata. (Duteronome 9:5; 20:17, 18) O ne a kaela Kgosi ya Iseraele e bong Dafide go lwa le Bafilisitia ba ba neng ba ba gateletse. Modimo o ne a bo a naya Dafide maano a go lwa a a neng a dira gore a fenye.—2 Samuele 5:17-25.

Dipego tseno tsa Baebele di bontsha gore fa mefuta mengwe ya bosula kgotsa kgatelelo e ne e dira gore Baiseraele ba tshoge, Modimo o ne a ba laela gore ba lwe go itshireletsa le go boloka kobamelo ya boammaaruri. Mme ela tlhoko dintlha tse tharo tse di bontshang kafa Modimo a neng a nna le seabe ka gone mo dintweng.

  1. KE MODIMO FELA YO O NENG A TLHOPHA GORE KE MANG YO O NENG A TLA LWA. Mo lekgetlhong lengwe, Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “Ga lo kitla lo tlhoka go lwa.” Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o ne a tla lwa mo boemong jwa bone. (2 Ditiragalo 20:17; 32:7, 8) O ne a dira jalo ka makgetlho a le mantsi, jaaka go umakilwe kwa tshimologong ya setlhogo seno. Ka dinako dingwe, Modimo o ne a bolelela Baiseraele gore ba lwe mo dintweng tse a di amogetseng, tse di akaretsang go sireletsa le go lwela Lefatshe le le Solofeditsweng.—Duteronome 7:1, 2; Joshua 10:40.

  2. KE MODIMO FELA YO O NENG A BUA GORE NTWA EO E TLA LOWA LENG. Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go leta nako e a e tlhomileng ya gore a lwe le kgatelelo le bosula jo ba neng ba le mo go jone. Go fitlha nako eo e goroga, ba ne ba sa tshwanela go ipagololela mogodu ka go tsenela ntwa. Fa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba ka se tlhole ba amogelwa ke Modimo. Tota e bile, Baebele ya re fa Baiseraele ba ne ba lwa Modimo a sa ba laela, go ne go nna le ditlamorago tse di botlhoko. *

  3. Le fa Modimo a ne a lwa kgatlhanong le Bakanana, o ne a sireletsa bangwe, jaaka Rahabe le lelapa la gagwe

    MODIMO GA A ITUMEDISIWE KE GO BONA BATHO BA SWA, TOTA LE BA BA BOSULA. Jehofa Modimo ke Motswedi wa botshelo le Mmopi wa batho. (Pesalema 36:9) Ka jalo, ga a rate go bona batho ba swa. Ka maswabi, go na le batho ba ba epelang ba bangwe lemena la go ba gatelela le e leng go ba bolaya. (Pesalema 37:12, 14) Ka dinako dingwe Modimo o ne a lwa kgatlhanong le batho ba ba bosula gore a emise bosula joo. Le fa gone Modimo a ne a letla Baiseraele ba lwa ka dingwaga di le dintsi, o ne a sa ntse a le “kutlwelobotlhoko” e bile a le ‘bonya go galefela’ bagateledi ba bone. (Pesalema 86:15) Ka sekai, o ne a laela Baiseraele gore pele ba ya go lwa le motse mongwe ba ne ba tshwanetse go o “itsise ditsela tsa go dira kagiso” gore banni ba motse ba nne le tshono ya go fetola ditsela tsa bone le gore ba tile ntwa. (Duteronome 20:10-13) Modimo o ne a dira jalo go bontsha gore ‘ga a na kgatlhego epe mo losong lwa moikepi; fa e se go re moikepi a sokologe mo tseleng ya gagwe, mme a tshele.’—Esekiele 33:11, 14-16, Baebele e e Boitshepo. *

Go tloga fela kwa tshimologong, re bone gore bogologolo Modimo o ne a tsaya ntwa e le yone fela tsela ya go fedisa mefuta yotlhe ya kgatelelo le bosula. Ke ene yo o neng a itse gore ntwa eo e tla lowa leng le gore ke mang yo o neng a tla lwa, e seng batho. A Modimo o ne a batla go lwa ka bosetlhogo? Nnyaa. Tota o tlhoile ntwa. (Pesalema 11:5) A tsela e Modimo a lebang ntwa ka yone e ne ya fetoga fa Morwawe e bong Jesu Keresete a simolola bodiredi jwa gagwe ka lekgolo la ntlha la dingwaga?

^ ser. 7 Ka sekai, nako nngwe Baiseraele ba ne ba fenngwa ke Baamaleke le Bakanana mo ntweng ka gonne Modimo a sa ba laela go re ba ye go lwa le bone. (Dipalo 14:41-45) Morago ga dingwaga di le dintsi, Kgosi e e ikanyegang e bong Josia o ne a tsenela ntwa a sa kopa Modimo mme seo sa dira gore a bolawe.—2 Ditiragalo 35:20-24.

^ ser. 8 Baiseraele ga ba a ka ba itsise ditsela tsa go dira kagiso pele ba lwa le Bakanana. Goreng? Ka gonne Bakanana ba ne ba neilwe dingwaga di le 400 gore ba tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. Fa Baiseraele ba ya go lwa le bone, Bakanana ba ne ba le bosula thata e bile ba sa batle go fetoga. (Genesise 15:13-16) Ka jalo, ba ne ba bolawa. Le fa go ntse jalo, Bakanana ba ba neng ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula ba ne ba sirelediwa.—Joshua 6:25; 9:3-27.