Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Memeno e ne e dirwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, mme e ne e dirisiwa jang?

Memeno ya bosheng ya letlalo le ya pampiri e e thata ya buka ya Baebele ya Esethere, go tloga ka dingwaga tsa bo1800 C.E.

Efangele ya ga Luke e tlhalosa gore Jesu o ne a bula momeno wa ga Isaia, a o bala a bo a o mena gape. Fa Johane a konela Efangele ya gagwe, le ene o ne a bua ka momeno, a tlhalosa gore o ne a se ka a kgona go kwala ditshupo tsotlhe tsa ga Jesu mo go one.—Luke 4:16-20; Johane 20:30; 21:25.

Memeno e ne e dirwa jang? Dikarolwana tsa dilo tse di jaaka letlalo, pampiri ya sekaletlalo ya go kwalela kgotsa papirase, di ne di kopanngwa go bo go dirwa momeno. Momeno ono o ne o ka nna wa ngaparediwa mo thobaneng mme karolo e e kwadilweng ya one e ne e nna ka fa teng. Go ne go dirwa dikholomo tse dikhutshwane tse di yang kwa tlase di kgabaganya bophara jwa momeno. Fa o ne o le moleele, o ne o nna le dithobane mo matlhakoreng oomabedi, tse mmadi a neng a tla di dirisa go o menolola ka letsogo le lengwe mme a tla a o mena ka le lengwe, go fitlha a bona karolo e a e batlang.

The Anchor Bible Dictionary ya re, “se se neng se kgatlha ka momeno ke gore o ne o kgona go nna boleele jo bo lekaneng [ka dinako dingwe o ka nna dimetara tse 10], ka jalo, fa o setse o mennwe, e ne e nna bolumo e nnye e e nang le buka yotlhe.” Ka sekai, go fopholediwa gore Efangele ya ga Luke e ne e ka tlhoka momeno o o ka nnang boleele jwa dimetara di le 9,5. Ka dinako dingwe, karolo e e kwa godimo le e e kwa tlase ya momeno e ne e segwa sentle, e gotlhiwa ka letlapana gore e nne borethe e bo e tshasiwa mmala.

“Baperesiti ba bagolo” ba go buiwang ka bone mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, e ka tswa e ne e le bomang?

Go tloga fa thulaganyo ya boperesiti e ne e simolola kwa Iseraele, go ne go tlhomiwa monna a le mongwe fela go direla e le moperesiti yo mogolo, kabelo e kwa tshimologong e neng e le ya botshelo jotlhe. (Dipalo 35:25) Motho wa ntlha go nna moperesiti yo mogolo ke Arone. Moragonyana, gantsi morwa yo mogolo o ne a tlhatlhama rraagwe. (Ekesodo 29:9) Bontsi jwa banna ba lelapa la ga Arone ba ne ba nna baperesiti, mme ba le mmalwa fela ba bone ba ne ba nna baperesiti ba bagolo.

Fa Baiseraele ba ne ba laolwa ke ditšhaba di sele, balaodi bao ba bone ba ne ba tlhoma le go tlosa baperesiti ba bagolo ba Bajuda nako nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, go lebega baperesiti bao ba basha ba ba neng ba tlhomiwa, gantsi ba ne ba tsewa mo malapeng mangwe a a neng a tseelwa kwa godimo, a bontsi jwa one e neng e le a losika lwa ga Arone. Go bonala sentle gore polelwana e e reng “baperesiti ba bagolo,” e bua ka maloko a a eteletseng pele mo boperesiting. Baperesiti ba bagolo ba ka tswa ba ne ba akaretsa ditlhogo tsa makgamu a a 24 a boperesiti; maloko a a neng a itsege thata a malapa a baperesiti ba bagolo; le batho ba pele e neng e le baperesiti ba bagolo mme ba tlositswe mo maemong a bone, ba ba jaaka Anase.—1 Ditiragalo 24:1-19; Mathaio 2:4; Mareko 8:31; Ditiro 4:6.