Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA MONGWE YO O MO RATANG A TLHOKAFALA

Baswi ba Tla Tshela Gape!

Baswi ba Tla Tshela Gape!

Gongwe o sa ntse o gopola gore Gail, yo go builweng ka ene pelenyana mo motseletseleng ono, o ipotsa gore a o tla tsamaya a tlogela go hutsafalela monna wa gagwe yo o tlhokafetseng e bong Rob. Mme gone, o lebile pele go mmona gape mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. A re: “Temana e ke e ratang thata ke Tshenolo 21:3, 4.” Ya re: “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Gail a re: “Tsholofetso eno e nkgomotsa tota. Ke utlwela botlhoko batho ba ba tlhokafaletsweng ke mongwe yo ba mo ratang mme ba sa itse ka tsholofelo eno ya gore ba tla mmona gape.” O dira tumalanong le se a se dumelang ka go dira tiro ya boithaopo ya go nna moreri wa nako e e tletseng, a bolelela baagelani ba gagwe ka tsholofetso ya Modimo ya isagwe ya gore “loso lo tla bo lo seyo.”

Jobe o ne a tlhomamisegile gore o tla tshela gape

O ka nna wa re, ‘go thata go dumela seno!’ Mme gone, akanya ka sekai sa monna yo o bidiwang Jobe. O ne a lwala thata. (Jobe 2:7) Le fa gone a ne a eletsa e kete a ka bo a sule, o ne a sa ntse a dumela gore Modimo o na le maatla a go mo tsosa. O ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole . . . O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:13, 15) Jobe o ne a tlhomamisegile gore Modimo wa gagwe o tla mo tlhoafalela e bile o tla tlhologelelwa go mo tsosa.

Mo bogautshwaneng Modimo o tla tsosa baswi—Jobe le ba bangwe ba bantsi—fa lefatshe leno le fetolwa go nna paradaise. (Luke 23:42, 43) Baebele e tlhomamisa jaana mo go Ditiro 24:15: “Go tlile go nna le tsogo.” Jesu o re tlhomamisetsa jaana: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Jobe o tla bona tsholofetso eno e diragadiwa. O tla kgona go boa gape a nna le “matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe” e bile nama ya gagwe e tla nna ‘e ntšhafetse go gaisa le nako ya bosha.’ (Jobe 33:24, 25) Go tla diragala jalo le ka batho botlhe ba ba anaanelang thulaganyo ya Modimo ya bopelonomi ya go tsosa baswi.

Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang, tshedimosetso e re tlotlileng ka yone e ka nna ya se ka ya fedisa khutsafalo ya gago gotlhelele. Mme gone, fa o tlhatlhanya ka ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng, o tla nna le tsholofelo ya mmatota le nonofo ya go tswelela ka botshelo.—1 Bathesalonika 4:13.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng malebana le go lepalepana le khutsafalo? Kgotsa a o na le dipotso tse di tsamaisanang le eno tse di jaaka, “Goreng Modimo a letleletse boikepo le pogo?” Tsweetswee tsena mo website ya rona ya jw.org/tn, gore o bone dikarabo tsa Baebele tse di gomotsang le tse di solegelang molemo.