Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE?

Goreng Jesu a Ile a Boga A ba A Swa?

Goreng Jesu a Ile a Boga A ba A Swa?

“Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo.”—Baroma 5:12

O ne o ka reng fa o ne o ka bodiwa jaana: “A o batla go tshelela ruri?” Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba ne ba ka re ba ka rata go tshelela ruri, le fa go ntse jalo, ba akanya gore seo se ka se kgonege. Ba re loso ke karolo e e tlwaelegileng ya botshelo jwa rona, ke phelelo ya batho botlhe.

A re re potso eno e a fetolwa, o bo o bodiwa jaana: “A o batla go swa?” Mo maemong a a tlwaelegileng fela, batho ba le bantsi ba ka re nnyaa. Seno se bontsha eng? Go sa kgathalesege mathata a re lebanang le one, ka tlholego fela re eletsa go tshela. Baebele e bontsha gore Modimo o bopile batho ba na le keletso ya go tshela. Tota e bile ya re, “o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.”—Moreri 3:11.

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore batho ga ba tshelele ruri. Matsapa di a tsere kae? Mo godimo ga moo, a go sengwe se Modimo a se dirileng go baakanya boemo jono? Baebele e araba dipotso tseno ka tsela e e nametsang pelo, e bile dikarabo tsa tsone di amana ka tlhamalalo le lebaka la go bo Jesu a ile a boga a ba a swa.

MATSAPA DI A TSERE KAE?

Dikgaolo tsa ntlha tse tharo tsa buka ya Baebele ya Genesise di re bolelela gore Modimo o ne a neile banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa tsholofelo ya go tshelela ruri, mme o ne a ba boleletse gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira gore ba nne le botshelo joo. Go tswa foo, pego eo e tlhalosa gore ba ne ba palelwa ke go ikobela Modimo mme ba latlhegelwa ke tsholofelo eo. Pego eo e tlhalosa kgang eno ka tsela e e motlhofo thata mo e leng gore bangwe ba e leba e le tlhamane fela. Mme gone, fela jaaka Diefangele, go bonala sentle gore buka ya Genesise le yone ke pego e e boammaaruri ya hisitori. *

Diphelelo tsa go tlhoka kutlo ga ga Adame e ne ya nna dife? Baebele e araba jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Adame o ne a leofa ka ntlha ya go se ikobele Modimo. Ka jalo, o ne a latlhegelwa ke tsholofelo ya go tshelela ruri mme kgabagare a swa. E re ka re le ditlogolwana tsa gagwe, re ruile boleo joo jwa gagwe. Ka ntlha ya seo, re a lwala, re a tsofala e bile re a swa. Tlhaloso eno ya lebaka la go bo re swa, e dumalana le se baitsesaense ba se fitlheletseng malebana le tsela e bana ba gotsang mekgwa mengwe mo batsading ba bone. Mme gone, a go sengwe se Modimo a se dirileng go baakanya boemo jono?

SE MODIMO A SE DIRILENG

Ee, Modimo o ne a dira dithulaganyo tsa go rekolola kgotsa go reka gape se Adame a se latlhileng, sengwe se ditlogolwana tsa gagwe di neng di tla nna le sone, e leng tsholofelo ya go tshelela ruri. Modimo o ne a fitlhelela seno jang?

Baebele e bua jaana mo go Baroma 6:23: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” Seno se bolela gore loso ke ditlamorago tsa boleo. Adame o ne a swa ka gonne a ne a leofile. Ka tsela e e tshwanang, le rona re leofile, ka jalo, re lebana le dituelo tsa boleo e leng loso. Mme gone, re ne ra tsholelwa mo boemong jono e se ka gonne re ile ra dira phoso nngwe. Ka jalo, e re ka Modimo a le lorato, o ne a romela Morwawe e bong Jesu, gore a amogele ‘dituelo tsa boleo’ mo boemong jwa rona. Seno se kgonega jang?

Loso lwa ga Jesu lo re buletse tsela ya go tshelela ruri, re itumetse

E re ka motho a le mongwe yo o itekanetseng e bong Adame, a ile a re tlisetsa boleo le loso ka ntlha ya go tlhoka kutlo, go ne go tlhokega motho a le mongwe yo o itekanetseng, yo o neng a tla nna kutlo go fitlha a swa gore a re golole mo mokgweleong oo. Baebele e tlhalosa kgang eno jaana: “Gonne fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe, ka tsela e e tshwanang ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe.” (Baroma 5:19) ‘Motho yoo a le mongwe,’ e ne e le Jesu. O ne a tswa kwa legodimong, a nna motho yo o itekanetseng *, a bo a re swela. Ka ntlha ya seo, re kgona go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo le go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri.

LEBAKA LA GO BO JESU A ILE A BOGA A BA A SWA

Gone mme, ke eng fa go ne go tlhokega gore Jesu a swe gore seno se fitlhelelwe? A Modimo Mothatayotlhe o ne a ka se ntshe taelo ya gore ditlogolwana tsa ga Adame di letlwe gore di tshelele ruri? Ruri o ne a ka kgona go dira jalo. Mme gone, seo se ne se tla bo se le kgatlhanong le molao o a o tlhomileng wa gore dituelo tsa boleo ke loso. Molao oo ga se molawana fela o o sa reng sepe o o ka phimolwang kgotsa wa fetolwa nako nngwe le nngwe fela fa go tlhokega. O amana thata le tshiamiso ya boammaaruri.—Pesalema 37:28.

Fa Modimo a ka bo a ile a tlhokomologa tshiamiso mo kgannyeng eno, batho ba ne ba ka nna ba ipotsa gore a o tla dira jalo le mo maemong a mangwe. Ka sekai, a go ne go tla bo go siame gore a tlhophe gore ke mang mo ditlogolwaneng tsa ga Adame yo o tshwanelegang go tshelela ruri? A batho ba ne ba tla mo ikanya gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe? Lebaka la go bo Modimo a ile a ngaparela tshiamiso fa a ne a dira thulaganyo ya gore re bolokwe, le re tlhomamisetsa gore ka metlha o tla dira se se siameng.

Fa Modimo a ne a ntsha Jesu setlhabelo, o ne a re bulela tsela ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Ela tlhoko mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 3:16: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Ka jalo, loso lwa ga Jesu ga lo bontshe fela gore Modimo o tshiamiso, mme gape lo bontsha gore o rata batho fela thata.

Mme gone, ke eng fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go boga le go swa ka tsela e e botlhoko e e tlhalosiwang mo Diefangeleng? Fa Jesu a ne a itshokela teko e kgolo le go tswelela a ikanyega, o ne a bontsha sentle gore tatofatso ya ga Satane ya gore batho ba ka se ikanyege mo Modimong fa ba lekwa, ke maaka. (Jobe 2:4, 5) Tatofatso eo e ka tswa e ne e lebega e utlwala fa Satane a sena go tlhotlheletsa Adame yo o itekanetseng gore a leofe. Mme Jesu—yo o neng a itekanetse fela jaaka Adame—o ne a tswelela a ikanyega go sa kgathalesege pogo e e botlhoko e a neng a lebana le yone. (1 Bakorintha 15:45) Ka jalo, o ne a bontsha gore Adame le ene a ka bo a ile a kgona go ikobela Modimo, fa a ka bo a ile a tlhopha go dira jalo. Fa Jesu a ne a itshokela diteko, o ne a re tlhomela sekao se re ka se latelang. (1 Petere 2:21) E re ka Jesu a ne a le kutlo ka botlalo, Modimo o ne a mo duela ka go dira gore a tshele kwa legodimong a sa swe.

KAFA O KA SOLEGELWANG MOLEMO KA GONE

Eleruri Jesu o ne a swa. Loso lwa gagwe lo re buletse tsela ya go tshelela ruri. A o batla go tshelela ruri? Jesu o ne a tlhalosa se re tshwanetseng go se dira fa a ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Bagatisi ba makasine ono ba go kgothaletsa gore o ithute mo go oketsegileng ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, le ka Morwawe e bong Jesu Keresete. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona ba ka itumelela go go thusa. Gape o ka bona tshedimosetso e e molemo ka go tsena mo website ya rona ya www.pr418.com/tn.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng, “The Historical Character of Genesis,” mo Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 922, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 Modimo o ne a fudusa botshelo jwa ga Morwawe kwa legodimong, a bo tsenya mo sebopelong sa ga Marea mme a ima, mme moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa sireletsa Jesu gore a se ka a rua bosaitekanelang go tswa mo go Marea.—Luke 1:31, 35.