Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?

Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?

Diabolo ke mang kgotsa ke eng?

A O KA RE Diabolo ke . . .

  • Sebopiwa sa moya?

  • Bosula jo bo mo teng ga motho?

  • Se motho a se ikakanyetsang fela?

SE BAEBELE E SE BUANG

Diabolo o ne a buisana le Jesu a ba a mo ‘raela.’ (Mathaio 4:1-4) Ka jalo, Diabolo ga se sengwe se se ikakanyediwang fela kgotsa bosula jo bo mo teng ga motho. Ke sebopiwa se se bosula sa moya.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Kwa tshimologong, Diabolo e ne e le moengele yo o boitshepo mme “o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) O ne a nna moaki mme a tsuologela Modimo.

  • Baengele ba bangwe le bone ba ne ba tsuologa le Satane.—Tshenolo 12:9.

  • Diabolo o foufatsa batho gore ba se ka ba bona gore o teng.—2 Bakorintha 4:4.

A Diabolo a ka kgona go laola batho?

BATHO BANGWE BA RE kgang ya gore Diabolo o kgona go laola batho ke maaka, fa ba bangwe bone ba boifa go laolwa ke meya e e bosula. Wena o akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Diabolo o tlhotlheletsa batho ka tsela e kgolo, mme gone, ga a laole mongwe le mongwe.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Diabolo o dirisa tsietso go oketsa tsela e a tlhotlheletsang batho ka yone.—2 Bakorintha 11:14.

  • Ka dinako dingwe meya e e boikepo e ka laola batho.—Mathaio 12:22.

  • Modimo a ka go thusa gore o kgone go ‘ganetsa Diabolo.’—Jakobe 4:7.