Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Jesu o ne a tshwara balepero jang ka tsela e e sa tlwaelegang?

Bajuda ba bogologolo ba ne ba tshaba lepero le le neng le tlwaelegile mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Bolwetse jono jo bo tshabiwang bo ne bo senya ditshika tsa motho bo bo bo mo golafatsa le go fetola tsela e a lebegang ka yone. Lepero le ne le se na kalafi. Go na le moo, ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jono ba ne ba nna kgakala le batho e bile ba tshwanetse go tlhagisa ba bangwe ka boemo jwa bone.—Lefitiko 13:45, 46.

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba itlhomela melao e e sa kwalwang mo Baebeleng kaga lepero mme e ketefaletsa balepero botshelo. Ka sekai, melao ya borabi e ne e re molepero a nne kgakala le batho ka dimetara di ka nna pedi. Mme fa go na le phefo, o ne a tshwanetse go nna kgakala ka dimetara di ka nna 45. Baithuti bangwe ba Talmud ba ne ba re mafoko a Baebele a a reng balepero ba nne “kwa ntle ga bothibelelo” a kaya gore ba tshwanetse go nna kwa ntle ga dipota tsa motse. Ka jalo, fa rabi mongwe a ne a bona molepero mo motseng o ne a mo kolopa ka maje a bo a re: “Ya kwa lefelong la gago mme o se ka wa leswafatsa batho ba bangwe.”

Jesu ene o ne a tshwara balepero ka tsela e e farologaneng le eo! Go na le go ba leleka, o ne a ba ama a bo a ba fodisa.—Mathaio 8:3.

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba re motho a ka tlhala ka mabaka afe?

Lekwalo la tlhalo la 71/72 C.E.

Tlhalo e ne e le kgang ya moruthutha mo baeteledipeleng ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Ka jalo, mo lekgetlong lengwe Bafarasai ba ne ba leka Jesu ka go mmotsa jaana: “A go kafa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe?”—Mathaio 19:3.

Molao wa ga Moshe o ne o letla monna go tlhala mosadi wa gagwe fa a “fitlhetse sengwe se se seng sentle mo go ene.” (Duteronome 24:1) Mo motlheng wa ga Jesu go ne go na le dikolo tse pedi tsa borabi tse di neng di tlhalosa molao oo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Sekolo sa Shammai se se neng se gagamatsa dilo, se ne se re monna a ka tlhala fela fa mosadi wa gagwe a “itshekologile” e leng go dira boaka. Mme Sekolo sa Hillel sone se ne se re go ka fa molaong gore monna a tlhale mosadi wa gagwe fa ba na le mathata mo lenyalong le fa a ka tswa a le mannye. Go ya ka sekolo seno, monna o ne a ka tlhala mosadi wa gagwe fa a sa apaya sentle kgotsa fa a bone mosadi yo mongwe yo a tsayang gore o montle go mo gaisa.

Mme gone, Jesu o ne a araba Bafarasai jang? O ne a re: “Yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Mathaio 19:6, 9.