Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?

A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?

A wena kgotsa mongwe mo lapeng o kile a tlhaselwa? A o tshaba gore go tla go diragalela? Tirisodikgoka e bidiwa “bothata jo bo anamang jwa botsogo mo lefatsheng lotlhe.” Akanya ka dikai dingwe.

DIKGOKA MO LAPENG LE GO SOTLIWA KA THOBALANO: Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng la re: “Mosadi a le mongwe mo go ba le bararo o kile a itewa kgotsa a sotliwa ka thobalano ke molekane wa gagwe.” Se se utlwisang botlhoko ke gore “go fopholediwa gore mo lefatsheng lotlhe, mosadi a le mongwe mo go ba le batlhano o tla betelelwa kgotsa mongwe o tla leka go mmetelela.”

BOKEBEKWA MO MEBILENG: Go begwa gore kwa United States go na le digongwana tsa dikebekwa di feta 30 000. Motho a le mongwe mo go ba le bararo kwa Latin America o ne a bega gore o kile a tlhaselwa.

DIPOLAO: Go fopholediwa gore bosheng jaana mo ngwageng o le mongwe go ne ga bolawa batho ba ka nna halofo ya milione go feta ba ba bolailweng mo dintweng. Dipalo tsa batho ba ba bolailweng kwa Borwa Jwa Afrika le Bogare Jwa Amerika di feta tsa ba ba bolailweng mo lefatsheng lotlhe ka makgetlo a le manè. Mo ngwageng o le mongwe fela, go ne ga bolawa batho ba feta 100 000 kwa Latin America le ba ba ka nnang 50 000 kwa Brazil fela. A go na le sengwe se se ka fedisang tirisodikgoka?

A TIRISODIKGOKA E KA FEDISIWA?

Goreng tirisodikgoka e aname thata jaana? Tirisodikgoka e bakiwa ke dilo tse dintsi, tse di jaaka: mathata a loago le a tsa ikonomi, go nyatsa batho ba bangwe, go dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang, go bo bana ba godisiwa ke bagolo ba ba ratang dikgoka le go bo dikebekwa di sa otlhaelwe ditiro tsa tsone.

Ke boammaaruri gore mo dikarolong dingwe tsa lefatshe matsapa a go fokotsa tirisodikgoka a ne a atlega. Go ne ga begwa gore kwa toropong e e nang le baagi ba le bantsi ya São Paulo kwa Brazil, palo ya batho ba ba neng ba bolawa e ne ya fokotsega ka diperesente di le 80 mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Mme go sa ntse go na le mefuta e mengwe ya bokebekwa mo toropong eo e bile go sa ntse go bolawa batho ba le 10 mo go ba le 100 000. Tota go ka dirwang go fedisa tirisodikgoka?

Selo se se ka fedisang tirisodikgoka se ama batho—tsela e ba lebang dilo ka yone le e ba itshwarang ka yone. Gore batho ba ba dikgoka ba fetoge, ba tshwanetse go tlogela mekgwa e e jaaka boikgogomoso, bogagaru le go ikakanyetsa ba le bosi mme ba nne le lorato, tlotlo ba bo ba amege ka batho ba bangwe.

Ke eng se se ka thusang motho go dira diphetogo tseno tse dikgolo? Akanya ka se Baebele e se rutang:

  • “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.”—1 Johane 5:3.

  • “Go boifa Jehofa go raya go tlhoa bosula.” *Diane 8:13.

Go rata Modimo le go tshaba go mo utlwisa botlhoko go ka tlhotlheletsa le e leng batho ba ba dikgoka go fetola matshelo a bone—e seng mo dikarolong dingwe fela mme le botho jwa bone jotlhe. A tota seno se ka direga?

Akanya ka Alex, * yo o feditseng dingwaga di le 19 a le kwa kgolegelong nngwe kwa Brazil ka ntlha ya go bo a tlhasetse batho ba le mmalwa. Fa a sena go ithuta Baebele le Basupi, o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa ka ngwaga wa 2000. A tota o ne a sa tlhole a le dikgoka? Ee, e bile Alex o ikwatlhaela dilo tsotlhe tse di bosula tse a di dirileng. A re: “Ke rata Modimo ka gonne ke lemoga gore o intshwaretse. Go rata Jehofa le go bontsha gore ke a mo leboga go dirile gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone.”

César wa kwa Brazil o ne a thuba mo matlong e bile a kgothotsa a dirisa dibetsa. O ne a tshela jalo ka dingwaga di le 15. Ke eng se se dirileng gore a fetoge? Fa a ne a le kwa kgolegelong, o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa mme le ene a simolola go ithuta Baebele. César a re: “E ne e le la ntlha ke tlhaloganya gore ke tshelela eng. Ke ithutile go rata Modimo. Gape ke ithutile go mmoifa—poifo e e siameng ya go sa batle go dira dilo tse di bosula tse di sa itumediseng Jehofa. Ke ne ke batla go bontsha gore ke mo lebogela bopelonomi jo a bo mpontshitseng. Go mmoifa le go mo rata jalo go ntlhotlheleditse gore ke fetoge.”

Bona gore o ka dira eng gore o tshele mo lefatsheng le le se nang ntwa

Maitemogelo ao a re bontsha eng? Gore Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho gotlhelele—ka go fetola tsela e ba akanyang ka yone. (Baefeso 4:23) Alex yo o umakilweng pelenyana o tswelela ka go re: “Se ke se ithutileng mo Baebeleng se ne se tshwana le metsi a a phepa a a neng a mphepafatsa ka iketlo ka go ntsha dikakanyo tse di sa siamang. Tseo ke dilo tse ke neng ke sa akanye gore ke tla kgona go di tlogela.” Boammaaruri ke gore fa re tlatsa megopolo ya rona ka molaetsa o o phepa wa Baebele, o ka tlosa dilo tse di bosula kgotsa wa re phepafatsa. Lefoko la Modimo le na le maatla a go re ntlafatsa. (Baefeso 5:26) Seo se felela ka gore batho ba ba setlhogo le ba ba pelotshetlha ba fetole tsela e ba tshelang ka yone mme ba nne pelonomi ba bo ba rate kagiso. (Baroma 12:18) Ba nna le kagiso ka go dirisa melaometheo ya Baebele.—Isaia 48:18.

Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le robedi mo dinageng di le 240 ba bone se se ka fedisang tirisodikgoka. Batho ba ditso tsotlhe, ba maemo a a farologaneng le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng ba ithutile go rata le go boifa Modimo, gape ba ithutile go ratana le go tshela ka kagiso e le lelapa le le lengwe mo lefatsheng lotlhe. (1 Petere 4:8) Ba bontsha gore lefatshe le le se nang tirisodikgoka le ka nna teng.

LEFATSHE LE LE SE NANG TIRISODIKGOKA LE GAUFI!

Baebele e bontsha gore go ise go ye kae Modimo o tla fedisa tirisodikgoka mo lefatsheng. Lefatshe leno le le tletseng tirisodikgoka le tla lebana le ‘letsatsi [la Modimo] la katlholo le la go senngwa ga baikepi.’ (2 Petere 3:5-7) Ga go kitla go tlhola go nna le batho ba ba dikgoka ba ba bogisang ba bangwe. Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o batla go tsaya kgato le go fedisa tirisodikgoka?

Baebele ya re Modimo “o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Mmopi o rata kagiso le tshiamiso. (Pesalema 33:5; 37:28) Ke gone ka moo a ka se letleleleng batho ba ba dikgoka ba nnela ruri.

Ruri re ka tlhomamisega gore lefatshe le lesha la kagiso le a tla! (Pesalema 37:11; 72:14) Goreng o sa ithute gore o ka dira eng gore o tshele mo lefatsheng leo le le se nang tirisodikgoka?

^ ser. 14 Maina a fetotswe.