Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang

Papiso e e Molemolemo E o Ka e Dirang

A O IPITSA Mokeresete? Fa go ntse jalo, o mongwe wa batho ba ba fetang dibilione di le pedi mo lefatsheng ba ba ipitsang balatedi ba ga Keresete. Gompieno go na le dikereke di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete, le fa go ntse jalo dithuto tsa bone le tsela e ba lebang dilo ka yone ga e dumalane. Ka jalo, se o se dumelang se ka tswa se farologane le se batho ba bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba se dumelang. A go botlhokwa gore o dumela eng? Ee go botlhokwa—fa e le gore o batla go dira se Baebele e reng Bakeresete ba se dire.

Balatedi ba bogologolo ba ga Jesu Keresete ba ne ba bidiwa “Bakeresete.” (Ditiro 11:26) E re ka go ne go na le tumelo e le nngwe fela ya Bokeresete, go ne go sa tlhokege gore ba bidiwe ka maina a mangwe. Bakeresete bao ba ne ba latela dithuto le dikaelo tsa ga Jesu Keresete e leng Mosimolodi wa Bokeresete. A kereke ya gago e dira jalo? A o dumela gore e ruta se Keresete a neng a se ruta le se balatedi ba gagwe ba bogologolo ba neng ba se dumela? O ka tlhomamisega jang ka seo? Tsela e le nngwe fela e o ka dirang seo ka yone ke go e sekaseka o dirisa Baebele.

Akanya ka seno: Jesu Keresete o ne a tlotla Dikwalo e bile a di tsaya e le Lefoko la Modimo. O ne a kgala ba ba neng ba nyatsa dithuto tsa Baebele ka go tlotlomatsa dingwao tsa batho. (Mareko 7:9-13) Re ka swetsa ka gore se balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba se dumelang se tshwanetse go tshegediwa ke Baebele. Ka jalo, Mokeresete mongwe le mongwe a ka ipotsa jaana: ‘A dithuto tsa kereke ya me di dumalana le se se mo Baebeleng?’ Gore o bone karabo, bapisa se kereke ya gago e se rutang le se Baebele e se rutang.

Jesu o ne a re tsela e re obamelang Modimo ka yone e tshwanetse go theiwa mo boammaaruring—boammaaruri jo bo mo Baebeleng. (Johane 4:24; 17:17) E bile moaposetoloi Paulo o ne a re gore re bolokege go ikaegile ka gore re tle “mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Ka jalo, go botlhokwa gore se re se dumelang se theiwe mo dithutong tse di boammaaruri tsa Baebele, go seng jalo re ka se bolokwe!

RE KA BAPISA JANG SE RE SE DUMELANG LE SE BAEBELE E SE RUTANG?

Re kopa gore o bale dipotso tse thataro tse di latelang o bo o ele tlhoko kafa Baebele e di arabang ka gone. Leba ditemana tsa Baebele tse di nopotsweng mme o akanye thata ka dikarabo tsa tsone. Go tswa foo, ipotse jaana, ‘A se se rutiwang kwa kerekeng ya me se dumalana le se Baebele e se buang?’

Tlhatlhobo eno e khutshwane e ka go thusa go dira papiso e e molemo. A o ikemiseditse go bapisa dithuto dingwe tsa kereke ya gago le se Baebele e se buang? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go sekaseka boammaaruri jo bo utlwalang sentle jwa Baebele. O ka kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a ithute Baebele le wena mahala. Kgotsa o ka tsena mo website ya rona ya jw.org/tn.