Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A bodumedi bo tlhamilwe ke batho?

BATHO BANGWE BA RE bodumedi bo tlhamilwe ke batho; ba bangwe ba akanya gore Modimo o dirisa bodumedi gore batho ba mo atamele. O akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

Go na le ‘kobamelo e e phepa le e e sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara.’ (Jakobe 1:27) Bodumedi jo bo phepa kgotsa jwa boammaaruri bo simolotswe ke Modimo.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Gore bodumedi bo itumedise Modimo, bo tshwanetse go thewa mo dithutong tsa Baebele.—Johane 4:23, 24.

  • Madumedi a a theilweng mo dithutong tsa batho ke a lefela.—Mareko 7:7, 8.

A o tshwanetse go nna leloko la bodumedi bongwe?

O KA RENG?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Go ikaegile ka maemo

SE BAEBELE E SE BUANG

“A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.” (Bahebera 10:24, 25) Modimo o batla gore baobamedi ba gagwe ba phuthege mmogo e le setlhopha se se rulaganeng.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Batho ba ba obamelang Modimo mmogo ba tshwanetse go dumela se se tshwanang. —1 Bakorintha 1:10, 11.

  • Maloko a bodumedi jo Modimo a bo amogelang ke bakaulengwe ba lefatshe lotlhe.—1 Petere 2:17.