Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA BONA KGOMOTSO KAE?

Kafa Modimo a re Gomotsang ka Gone

Kafa Modimo a re Gomotsang ka Gone

Moaposetoloi Paulo o tlhalosa Jehofa * a re ke “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ka jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore ga go na motho ope yo Modimo a sa kgoneng go mo thusa le yo mathata a gagwe a leng magolo thata jaana mo Rraarona yo o kwa legodimong a se kitlang a kgona go mo gomotsa.

Gone re tshwanetse go dira sengwe fa re batla gore Modimo a re gomotse. Ngaka e ka re thusa jang fa re sa ye kwa go yone? Moporofeti Amose o ne a botsa a re: “A bobedi bo ka tsamaya mmogo bo sa kopana ka nako e bo e beelaneng?” (Amose 3:3) Ke ka moo Dikwalo di re kgothaletsang jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o tla re atamela? Sa ntlha, ka gonne gangwe le gape Modimo o re bolelela gore o batla go re thusa. (Bona  lebokoso le le mo setlhogong seno.) Sa bobedi, re na le bosupi jwa batho ba Modimo a ileng a ba kgothatsa, batho ba mmatota ba nako e e fetileng le ba motlha wa rona.

Kgosi Dafide o ne a welwa ke masetlapelo mme a kopa Modimo gore a mo thuse, fela jaaka batho ba le bantsi ba dira gompieno. Nako nngwe o ne a kopa Jehofa a re: “Utlwa lentswe la dikopo tsa me tse di dirwang ka tlhoafalo fa ke goela kwa go wena ke kopa thuso.” A Modimo o ne a mo araba? Ee. Dafide o ne a re: “Ke thusitswe, mo pelo ya me e itumetseng.”—Pesalema 28:2, 7.

SEABE SA GA JESU MO GO GOMOTSENG BA BA HUTSAFETSENG

Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore Jesu a nne le seabe se segolo mo go gomotseng batho. Nngwe ya dikabelo tse a neng a mo naya tsone, e ne e le go “hapa ba ba dipelo di phatlogileng” le go “gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2) Jaaka go ne go porofetilwe, Jesu o ne a amega thata ka batho ba ba neng ba ‘dira ka natla le ba ba imetsweng.’—Mathaio 11:28-30.

Jesu o ne a gomotsa batho ka go ba naya kgakololo e e molemo, go dirisana le bone sentle mme mo maemong mangwe, go ba fodisa. Letsatsi lengwe, molepero mongwe o ne a kopa Jesu a re: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a bua jaana a mo tlhomogela pelo: “Ke a batla. Ntlafala.” (Mareko 1:40, 41) Molepero o ne a fola.

Gone jaanong Morwa Modimo ga a yo mo lefatsheng gore a kgone go re gomotsa. Mme Rraagwe e bong Jehofa, “Modimo wa kgomotso,” o sa ntse a thusa batho ba ba tlhokang thuso. (2 Bakorintha 1:3) Ela tlhoko ditsela di le nnè tsa konokono tse Modimo a di dirisang go gomotsa batho.

  • Baebele. “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Baroma 15:4.

  • Moya o o Boitshepo. Moragonyana fela fa Jesu a sena go swa, phuthego ya Bokeresete e ne ya tshela ka kagiso. Ka ntlha yang? Ka gonne “e ne e tsamaya ka go boifa Jehofa le ka go gomodiwa ke moya o o boitshepo.” (Ditiro 9:31) Moya o o boitshepo o maatla thata. Modimo o kgona go o dirisa go gomotsa ope fela yo o lebaneng le maemo le fa e ka nna afe.

  • Thapelo. Baebele ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe.” Go na le moo, “a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.”—Bafilipi 4:6, 7.

  • Badumedimmogo le Rona ba ka nna ditsala tsa mmatota tse re ka ikaegang ka tsone gore di re gomotse ka dinako tsa mathata. Moaposetoloi Paulo o ne a re ditsala tsa gagwe ke “thuso e e nnonotshang” mo dinakong tsa ‘tlalelo le pitlagano.’—Bakolosa 4:11; 1 Bathesalonika 3:7.

Mme gone, o ka tswa o ipotsa gore dilo tseno tsotlhe di direga jang. A re tlotleng ka se se ileng sa diragalela batho ba ba ileng ba lebana le mathata a re buileng ka one kwa tshimologong. Le rona re tla lemoga gore Modimo o sa ntse a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe: “Jaaka motho yo mmaagwe a nnang a mo gomotsa, le nna ke tla nna ke lo gomotsa jalo.”—Isaia 66:13.

^ ser. 3 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.