Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ba Anaanelang Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo

Batho ba ba Anaanelang Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo

“Rotlhe re ne ra amogela . . . bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mo godimo ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—JOH. 1:16.

PINA: 95, 13

1, 2. (a) Tlhalosa setshwantsho sa ga Jesu sa mong wa tshimo ya mofine. (b) Setshwantsho seno se bontsha jang nonofo ya go aba ka bopelotshweu le ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?

MOSO mongwe, mong wa tshimo ya mofine o ne a ya kwa marekisetsong go ya go thapa batho ba ba tla dirang mo tshimong ya gagwe. Banna ba a ileng a ba thapa ba ile ba dumalana le ene ka madi a ba neng ba tla a duelwa mme ba ya go simolola tiro. Le fa go ntse jalo, mothapi yono o ne a tlhoka badiri ba ba oketsegileng, ka jalo, o ne a nna a boela kwa marekisetsong go ya go ba batla. O ne a dumalana le bone ka tuelo e e tshwanang tota le ba a neng a ba thapa pele letsatsi le dikela. Fa go nna lotlatlana, o ne a ba kgobokanya botlhe mme a ba duela tlhwatlhwa e e lekanang, go sa kgathalesege gore ba simolotse tiro ka nako efe. Fa ba ba simolotseng go bereka mo mosong ba lemoga seo, ba ne ba ngongorega. Mong wa tshimo ya mofine o ne a re: ‘A ga re a dumalana ka tuelo eno? A ga ke na tshwanelo ya go naya badiri botlhe se re dumalaneng ka sone? Kgotsa a leitlho la gago le boikepo ka gonne ke le pelotshweu?’—Math. 20:1-15.

2 Setshwantsho seno sa ga Jesu se re gopotsa nonofo nngwe ya ga Jehofa e gantsi go buiwang ka yone mo Baebeleng—‘bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.’ [1] (Bala 2 Bakorintha 6:1.) Badiri ba ba ileng ba bereka ura e le nngwe fela ba ne ba sa tshwanela go newa tuelo e e feletseng mme gone, mong wa tshimo ya mofine o ne a ba bontsha bopelonomi jo bogolo. Mmatlisisi mongwe o ne a kwala jaana malebana le lefoko “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” le le ranolwang mo Dibaebeleng di le dintsi e le “bopelotlhomogi kgotsa tshegofatso”: “Totatota lefoko leno le kaya mpho ya mahala e motho a se nang tshwanelo ya go e newa mme gone a e newa e se ka gonne a dirile sengwe se se kgethegileng.”

MPHO E JEHOFA A E ABANG KA BOPELOTSHWEU

3, 4. Ke eng fa Jehofa a ile a re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mme o ile a dira seo jang?

3 Dikwalo di bua ka “mpho ya mahala ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Baef. 3:7) Ke eng fa Jehofa a re naya mpho eno ya mahala mme o dira seo jang? Fa e le gore re ne re tshela go dumalana le melao yotlhe ya ga Jehofa, re ne re tla tshwanelwa ke bopelonomi jo a re bontshang jone. Mme gone, ga re kgone. Ke ka moo Kgosi Solomone a neng a re: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Mor. 7:20) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a re: “Gonne botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” Gape o ne a re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Bar. 3:23; 6:23a) Eo ke yone tuelo e e re tshwanetseng.

4 Le fa go ntse jalo, Jehofa o a re rata, ke ka moo a ileng a re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bo ka se kang jwa lekanngwa le sepe. O ne a re naya mpho e e di gaisang tsotlhe ka go romela “Morwawe yo o tsetsweng a le esi” mo lefatsheng gore a tle go re swela. (Joh. 3:16) Ka jalo, Paulo o ne a re Jesu ‘o rwesitswe serwalo sa kgalalelo le tlotlo ka go bo a bogile loso, gore ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo a tle a utlwele motho mongwe le mongwe loso.’ (Baheb. 2:9) Ke ka moo Baebeleng e reng “mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.”—Bar. 6:23b.

5, 6. Go nna le diphelelo dife fa re laolwa ke (a) boleo? (b) bopelonomi jo bo sa re tshwanelang?

5 Go tlile jang gore batho ba nne baleofi mme ba feleletse ba swa? Baebele ya re: “Ka tlolo ya motho a le mongwe [e bong Adame] loso lo ne lwa busa jaaka kgosi” mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa ga gagwe. (Bar. 5:12, 14, 17) Le fa go ntse jalo, re kgona go itlhophela gore a re tla letla boleo gore bo laole matshelo a rona. Fa re dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, re itetla go laolwa ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa. Jang? “Koo boleo bo neng jwa tota gone, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo ne jwa nna jwa totela pele. Gore go direge eng? Gore, fela jaaka boleo bo ne jwa busa jaaka kgosi le loso, ka tsela e e tshwanang le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo buse jaaka kgosi ka tshiamo ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete.”—Bar. 5:20, 21.

6 Le fa re le baleofi, ga re a tshwanela go letlelela boleo bo laola matshelo a rona. Fa re leofile, re kopa Jehofa gore a re itshwarele. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete a re: “Boleo ga bo a tshwanela go nna mong wa lona, ka jaana lo se tlase ga molao mme lo le tlase ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Bar. 6:14) Ka jalo, re itetla go laolwa ke molao wa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Fa re dira jalo, go tla nna le diphelelo dife? Paulo a re: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo . . . bo re laya gore re gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:11, 12.

BOPELONOMI JO BO SA RE TSHWANELANG BO ‘BONTSHIWA KA DITSELA TSE DI FAROLOGANENG’

7, 8. Mafoko a a reng bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo ‘bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng’ a kaya eng? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)

7 Moaposetoloi Petere o ne a re: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Pet. 4:10) Seno se kaya eng? Gore go sa kgathalesege teko e re ka lebanang le yone mo botshelong, Jehofa o kgona go re thusa gore re itshoke. (1 Pet. 1:6) Bopelonomi jwa Modimo bo kgona go re thusa mo tekong epe fela e re lebanang le yone.

8 Ke boammaaruri gore bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Rotlhe re ne ra amogela le e leng bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mo godimo ga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Joh. 1:16) Ditsela tse di farologaneng tse Jehofa a re bontshang bopelonomi ka tsone di felela ka ditshegofatso di le dintsi. Dingwe tsa tsone ke dife?

9. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo re solegela molemo jang, mme re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa ka ntlha ya jone?

9 Go itshwarelwa maleo. Jehofa o re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka go re itshwarela fa fela re ikwatlhaya e bile re tswelela re leka ka natla go lwa le makoa a rona. (Bala 1 Johane 1:8, 9.) Re leboga Modimo ka ntlha ya go bo a re utlwela botlhoko e bile seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re mmake. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “[Jehofa] o ne a re golola mo taolong ya lefifi a ba a re fetisetsa mo bogosing jwa Morwa wa lorato lwa gagwe, yo re gololwang ka ene ka thekololo, e leng boitshwarelo jwa maleo a rona.” (Bakol. 1:13, 14) Fa Jehofa a re itshwarela, re nna le ditshono tsa go bona ditshegofatso di le dintsi tse di itumedisang.

10. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo dira gore re nne le eng?

10 Go nna le kamano e e molemo le Modimo. Re tshotswe re le baba ba Modimo ka ntlha ya boleo. Paulo o ne a itse seno, ke ka moo a neng a kwala a re: “Re ne ra letlana le Modimo ka loso lwa Morwawe, fa re ne re sa ntse re le baba.” (Bar. 5:10) Seno se ile sa dira gore Jehofa a re amogele. Paulo o ne a amanya seno le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa fa a ne a re: “Jalo, e re ka jaanong [rona batlodiwa] re boletswe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo, a re ipeleleng kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete, yo ka ene le rona re boneng go atamela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono ka tumelo jo jaanong re emeng mo go jone.” (Bar. 5:1, 2) Ruri eno ke tshegofatso e e seng kana ka sepe!

Ditsela tse ka tsone Modimo a re bontshang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang: Go utlwa dikgang tse di molemo (Bona serapa 11)

11. Batlodiwa ba tlisa jang “dinku tse dingwe” mo tshiamong?

11 Go tlisiwa mo tshiamong. Rotlhe re tsholetswe mo boleong. Le fa go ntse jalo, moporofeti Daniele o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, “ba ba nang le temogo,” ke gore batlodiwa, ba tla ‘tlisa bontsi kwa tshiamong.’ (Bala Daniele 12:3.) Tiro ya bone ya go rera le go ruta e ile ya dira gore Jehofa a amogele batho ba le bantsi ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Le fa go ntse jalo, seno se ile sa kgonega fela ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa. Paulo o ne a re: “Ke mpho ya mahala go bo ba bolelwa e le ba ba siameng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa [Modimo] ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.”—Bar. 3:23, 24.

Tshiamelo ya thapelo (Bona serapa 12)

12. Thapelo e amana jang le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo?

12 Go atamela setulo sa Bogosi sa Modimo ka thapelo. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo re naya tshono ya go atamela setulo sa Bogosi sa ga Jehofa ka thapelo. Tota e bile, Paulo o bitsa setulo seno a re ke ‘setulo sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang’ mme o re laletsa gore re se atamele re na le “kgololesego ya go bua.” (Baheb. 4:16a) Jehofa o ne a re naya tshiamelo eno a dirisa Morwawe, “yo ka ene re nang le kgololesego eno ya go bua le go atamela ka tshepo ka tumelo ya rona mo go ene.” (Baef. 3:12) Ruri go atamela setulo sa Bogosi sa ga Jehofa ke tsela e e molemolemo e a re bontshang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka yone!

Thuso ka nako e e tshwanetseng (Bona serapa 13)

13. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo re ‘thusa jang ka nako e e tshwanetseng’?

13 Go bona thuso ka nako e e tshwanetseng. Paulo o ile a re kgothaletsa gore re atamele Jehofa ka thapelo re gololesegile, “gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.” (Baheb. 4:16b) Nako nngwe le nngwe fa re lebana le diteko kgotsa re tlhobaela, re ka kopa Jehofa gore a re utlwele botlhoko le go re thusa. Jehofa o re bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka go araba dithapelo tsa rona, gantsi a dirisa Bakeresete ka rona, “gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?’”—Baheb. 13:6.

14. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo re gomotsa jang?

14 Go gomodiwa fa re gateletswe thata. Jehofa o re bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang ka go re gomotsa fa re gateletswe thata. (Pes. 51:17) Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ba neng ba bogisiwa a re: “E kete Morena wa rona Jesu Keresete ka boene le Modimo Rraarona, yo o neng a re rata a ba a naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, a ka gomotsa dipelo tsa lona a ba a lo nitamisa [kgotsa a lo nonotsha].” (2 Bathes. 2:16, 17, ntlha e e kwa tlase mo NW) Ruri re gomodiwa ke go itse gore Jehofa o amega ka rona le gore o a re rata e re ka a re bontsha bopelonomi ka tsela e kgolo!

15. Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo dirile gore re nne le tsholofelo efe?

15 Go nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. E re ka re le baleofi, re ne re se na tsholofelo. (Bala Pesalema 49:7, 8.) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a re naya tsholofelo e e itumedisang. Jesu o ile a solofetsa balatedi ba gagwe a re: “Eno ke thato ya ga Rre, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa mme a supa tumelo mo go ene a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:40) Boammaaruri ke gore, botshelo jo bo sa khutleng ke mpho e e molemolemo e Modimo a ileng a re bontsha ka yone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. Paulo o ne a anaanela mpho eo, ke ka moo a ileng a re: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo tlisetsang batho ba mefuta yotlhe poloko bo bonaditswe.”—Tito 2:11.

O SE KA WA DIRISA BOPELONOMI JWA MODIMO KA TSELA E E SA TSHWANELANG

16. Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba dirisa jang bopelonomi jwa Modimo ka tsela e e sa tshwanelang?

16 Le fa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo dira gore re nne le ditshegofatso di le dintsi, ga re a tshwanela go akanya gore Modimo o amogela boitshwaro bongwe le bongwe fela. Mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga, go ne go na le ba ba neng ba ‘fetola bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo . . . seipato sa boitshwaro jo bo repileng.’ (Jude 4) Bakeresete bao ba ba sa ikanyegeng ba ne ba akanya gore ba ka leofa ka boomo mme Jehofa a bo a ba itshwarela. Se se maswe le go feta, ba ne ba raela bakaulengwe ba bangwe gore le bone ba itshware ka tsela eo e e sa siamang. Le gompieno, ope fela yo o dirang jalo, o ‘tlhapaditse moya wa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.’—Baheb. 10:29.

17. Ke kgakololo efe ya botlhokwa e Petere a neng a e naya Bakeresete?

17 Le gompieno, Satane o tsietsa Bakeresete bangwe gore ba akanye gore fa ba leofa ka boomo, Modimo o tla ba itshwarela le gore ga ba kitla ba otlhaiwa. Le fa Jehofa a iketleeleditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang, o lebeletse gore re leke ka natla go fenya makoa a rona. Modimo o ne a tlhotlheletsa Petere go kwala jaana: “Jalo, lona baratwa, ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone ka go fapoga ga batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng ga lona. Nnyaa, mme tswelelang lo gola mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.”—2 Pet. 3:17, 18.

BOPELONOMI JO BO SA RE TSHWANELANG BO RE NAYA MAIKARABELO

18. Ke maikarabelo afe a re nang le one ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa?

18 E re ka re leboga Jehofa go bo a re bontshitse bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang, re tshwanetse go dirisa bokgoni jwa rona go galaletsa Modimo le go thusa batho ba bangwe. Ka ditsela dife? Paulo a re: “E re ka jaanong re na le dimpho tse di sa tshwaneng go ya ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo re bo neilweng, e ka ne e le . . . bodiredi, a re nneng mo bodireding jono; kgotsa yo o rutang, a a nne mo go ruteng ga gagwe; kgotsa yo o rotloetsang, a a nne mo thotloetsong ya gagwe . . . yo o bontshang kutlwelobotlhoko, a a go dire ka boitumelo.” (Bar. 12:6-8) Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa bo re rwesa maikarabelo a gore re tshwarege mo bodireding, re rute ba bangwe Baebele, re kgothatse Bakeresete ba bangwe le go itshwarela ope fela yo a ka tswang a re kgopisitse.

19. Re tla tlotla ka boikarabelo bofe mo setlhogong se se latelang?

19 E re ka re anaanela lorato lwa Modimo, re na le boikarabelo jwa go dira sotlhe se re ka se kgonang go ‘naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.’ (Dit. 20:24) Re tla tlotla ka boikarabelo jono mo setlhogong se se latelang.

^ [1] (serapa 2) Bona “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” mo “Lenaane la Mafoko a Baebele” mo Baebeleng e e tokafaditsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane.