Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batlang Bogosi Mme e Seng Sepe se Sele

Batlang Bogosi Mme e Seng Sepe se Sele

“Batlang bogosi jwa [Modimo] lo sa kgaotse, mme dilo tseno lo tla di okelediwa.”—LUKE 12:31.

PINA: 40, 98

1. Pharologanyo ke eng fa gare ga dilo tse re di tlhokang le tse re di batlang?

DILO tse re di tlhokang mo botshelong di mmalwa fela mme tse re di batlang, di dintsi tota. Go bonala batho ba le bantsi ba sa kgone go farologanya dilo tse ba di tlhokang mo go tse ba di batlang. A mme go na le pharologanyo? Fa re bua ka dilo tse re di “tlhokang,” re bua ka dilo tse re sa kgoneng go tshela kwa ntle ga tsone tse di jaaka dijo, diaparo le lefelo la go latsa tlhogo. Mme fa re bua ka dilo tse re di “batlang,” re bua ka dilo tse re kgonang go tshela kwa ntle ga tsone.

2. Ke dilo dife tse batho ba di batlang?

2 Batho ba batla dilo tse di farologaneng, go ikaegile ka lefelo le ba nnang mo go lone. Mo dinageng tse di tlhabologang, batho ba le bantsi ba batla go nna le madi a go reka founo, sethuthuthu kgotsa setshanyana fela. Mo mafatsheng a a humileng, batho ba ka nna ba batla go nna le madi a go reka diaparo tse di maphatsiphatsi, ntlo e kgolo kgotsa koloi ya manobonobo. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, kotsi ke e—serai sa go rata dikhumo, go batla dilo tse dintsintsi go sa kgathalesege gore a motho o a di tlhoka kana jang kgotsa gore a o na le madi a go di reka kana jang.

IKELE TLHOKO MO SERAING SA GO RATA DIKHUMO

3. Go rata dikhumo go kaya eng?

3 Go rata dikhumo go kaya eng? Go kaya go tshwarega thata ka go batla dikhumo go na le go huma semoyeng. Go rata dikhumo go mo pelong ya motho, mo dilong tse a batlang go di dira mo botshelong le mo dilong tse a tlhomileng mogopolo wa gagwe otlhe mo go tsone. Go dira gore motho a eletse ka pelo ya gagwe yotlhe go nna le madi le dithoto tse dintsi. Motho yo o ratang dikhumo a ka tswa a se na madi a mantsi kgotsa a sa reke dilo tse di turang. Tota le batho ba ba humanegileng ba kgona go wela mo seraing sa go rata dikhumo mme ba feleletse ba sa batle Bogosi pele.—Baheb. 13:5.

4. Satane o dirisa jang “keletso ya matlho”?

4 Satane o dirisa dipapatso go re raela gore re akanye gore go nna le dikhumo le dithoto tse tota re sa di tlhokeng, go tla dira gore re itumelele botshelo. Satane ke mankge mo go diriseng “keletso ya matlho.” (1 Joh. 2:15-17; Gen. 3:6; Dia. 27:20) Lefatshe le na le mefuta e e farologaneng ya dilo, tse dingwe di dintle tota fa tse dingwe motho o sa kgone go di tlhaloganya, mme dingwe tsa tsone di gogela thata. A o kile wa reka sengwe se o sa se tlhokeng e le fela ka gonne o se bone mo papatsong kgotsa se beilwe mo lebenkeleng? A moragonyana o ile wa lemoga gore tota o kgona go tshela botshelo jwa gago jotlhe kwa ntle ga sone? Dilo tse di seng botlhokwa, di re tlhakatlhakanyetsa botshelo e bile di re rwesa morwalo o o sa tlhokegeng. Di ka re jela nako le go re kgoreletsa gore re se ka ra dira dilo tsa semoya tse di jaaka go ithuta Baebele, go baakanyetsa dipokano le go nna le seabe mo go tsone le go ya bodireding ka metlha. A re nneng re gopotse tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Johane: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone.”

5. Ke eng se se ka diregang ka batho ba ba fetsang nako e ntsi ba batla dilo tse di oketsegileng?

5 Satane o batla gore re nne makgoba a Dikhumo go na le go nna makgoba a ga Jehofa. (Math. 6:24) Batho ba ba fetsang nako e ntsi ba ikokoanyetsa dikhumo le dithoto, ba feleletsa ba sa itumelele botshelo ka gonne ba batla dilo tseno ka ntlha ya bopelotshetlha mme se se botlhoko le go feta, ba feleletsa ba sule semoyeng kgotsa ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi e bile ba gateletswe mo maikutlong. (1 Tim. 6:9, 10; Tshen. 3:17) Go ntse fela jaaka Jesu a ne a tlhalosa mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi. Fa molaetsa wa Bogosi o ‘jetswe mo mitlweng . . . , dikeletso tsa dilo tse dingwe tsotlhe di a tsenelela mme di hupetse lefoko, mme le nne le le sa ungweng.’—Mar. 4:14, 18, 19.

6. Sekao sa ga Baruke se re ruta eng?

6 Ela tlhoko se se ileng sa diragalela mokwaledi wa ga moporofeti Jeremia e bong Baruke. Fa nako ya gore Jerusalema e senngwe e ntse e atamela, Baruke o ne a simolola go “ipatlela dilo tse dikgolo”—dilo tse di neng di se kitla di nnela ruri. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanetse go bo a ile a tshwenyega ka se Jehofa a neng a mo solofeditse sone fa a ne a re: “Ke tla falotsa botshelo jwa gago.” (Jer. 45:1-5; ntlha e e kwa tlase mo NW) Ga go pelaelo gore Modimo o ne a se kitla a sireletsa dithoto tsa motho ope fela mo motseng o a neng a tlile go o senya. (Jer. 20:5) Fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela, gone jaanong ga se nako ya gore re ikokoanyetse dikhumo le dithoto tse di oketsegileng. Ga re a tshwanela go lebelela gore re tla falola le dithoto tsa rona ka nako ya pitlagano e kgolo, go sa kgathalesege gore di tlhwatlhwakgolo go le kana kang.—Dia. 11:4; Math. 24:21, 22; Luke 12:15.

7. Re tla sekaseka eng, mme ka ntlha yang?

7 Jesu o re neile kgakololo ya botlhokwa thata e e ka re thusang gore re nne le dilo tse re di tlhokang ntle le gore re iteege tsebe, re rate dikhumo le dithoto kgotsa re ipakele matshwenyego a a sa tlhokegeng. Kgakololo eno ke karolo ya Thero ya kwa Thabeng. (Math. 6:19-21) A re baleng Mathaio 6:25-34 mme re e sekaseke. Go dira jalo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ‘batle bogosi re sa kgaotse’ mme e seng dilo dipe tse dingwe.—Luke 12:31.

JEHOFA O RE TLAMELA KA DILO TSE RE DI TLHOKANG

8, 9. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go tshwenyega thata ka dilo tse re di tlhokang? (b) Ke eng se Jesu a neng a se itse ka batho le ka dilo tse ba di tlhokang?

8 Bala Mathaio 6:25. Fa Jesu a ne a bolelela bareetsi ba gagwe a re ba ‘tlogele go tlhobaela ka meya [kgotsa matshelo a] bone,’ go ne go tshwana le fa a ne a ba raya a re “tlogelang go tshwenyega.” Ba ne ba tlhobaela ka dilo tse ba neng ba sa tshwanela go tlhobaela ka tsone. Jesu o ne a ba raya a re ba tlogele go dira jalo—mme o ne a na le mabaka a a utlwalang a go bua jalo. Go tshwenyega go sa tlhokege, tota le fa e le ka dilo tse di utlwalang, go ka itaya motho tsebe, ga dira gore a se ka a tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya. Jesu o ne a tshwenyegile thata ka barutwa ba gagwe mo a neng a ba tlhagisa makgetlo a mangwe a le manè ka kotsi ya go tshwenyega thata.—Math. 6:27, 28, 31, 34.

9 Ke eng fa Jesu a re ga re a tshwanela go tshwenyega gore re tla ja eng, re tla nwa eng kgotsa gore re tla apara eng? A dilo tseno ga se tse re di tlhokang mo botshelong? Re a di tlhoka! Fa re se na dilo tseno, a ga re kitla re tlhobaela? Re tla tlhobaela mme Jesu o ne a itse seo sentle. O ne a itse dilo tse batho ba di tlhokang letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, o ne a itse maemo a a thata a barutwa ba gagwe ba neng ba tla lebana le one mo “metlheng ya bofelo,” e mo go yone go tla nnang “le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1) Maemo ao a akaretsa botlhokatiro, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dilo, tlhaelo ya dijo le khumanego e e botlhoko e batho ba le bantsi ba lebanang le yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore ‘botshelo bo botlhokwa go feta dijo le mmele go feta diaparo.’

10. Jesu o ne a re selo sa botlhokwatlhokwa se balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go se rapelela ke eng?

10 Mo therong ya gagwe, Jesu o ne a ruta bareetsi ba gagwe gore ba kope Rraabone yo o kwa legodimong gore a ba neye dilo tse ba di tlhokang, a re ba ka nna ba rapela ba re: “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” (Math. 6:11) Kgotsa jaaka a ile a bua mo temaneng e nngwe a re: “Re neye senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka se re se tlhokang mo letsatsing leo.” (Luke 11:3) Mme seno ga se reye gore re tshwanetse go tlhola re akantse thata ka dilo tse re di tlhokang. Mo thapelong ya Morena, Jesu o ne a re selo sa botlhokwa se balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go se rapelela, ke gore Bogosi Jwa Modimo bo tle. (Math. 6:10; Luke 11:2) Go thusa bareetsi ba gagwe gore ba se ka ba tshwenyega, Jesu o ne a umaka dilo di le dintsi tse di bontshang gore Jehofa ga a bolo go nna Motlamedi.

11, 12. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a tlamelang dinonyane ka yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 Bala Mathaio 6:26. Re tshwanetse go ‘lepa ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo.’ Le fa dibopiwa tseno di le dinnye thata, di ja maungo, dipeo, ditshenekegi le diboko tse dintsi. Di na le mebele e mennye mme di ja makgetlo a mantsi go feta batho. Le fa go ntse jalo, ga di tlhoke go tlhagola mmu le fa e le go lema peo ya dijo. Jehofa o di tlamela ka sengwe le sengwe se di se tlhokang. (Pes. 147:9) Boammaaruri ke gore, ga a di tsenye dijo mo ganong! Dijo tsone di teng, mme dinonyane tseno di tshwanetse go tswa di ye go di batla.

12 Jesu o ne a itse gore Rraagwe yo o kwa legodimong a ka se ka a tlamela dinonyane ka dijo mme a bo a palelwa ke go tlamela batho ka dilo tse ba di tlhokang. [1] (1 Pet. 5:6, 7) Ga a re tsenye dijo mo ganong mme a ka segofatsa maiteko a re a dirang go lema dijo kgotsa go batla madi a go di reka. Ka dinako tse dingwe, o kgona go tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba re thuse. Le fa Jesu a sa umake gore Jehofa o direla dinonyane dintlhaga, Jehofa o di neile bokgoni jwa tlholego le dilo tse di ka di dirisang go ikagela dintlhaga. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka re thusa go nna le ntlo e re ka nnang mo go yone.

13. Ke eng se se bontshang gore re botlhokwa go feta dinonyane?

13 Jesu o ne a botsa bareetsi ba gagwe a re: “A ga lo botlhokwa go feta [dinonyane tsa magodimo]?” Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse gore go ise go ye kae, o tlile go ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola batho. (Bapisa Luke 12:6, 7.) Setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se ne se sa ntshediwe dibopiwa dipe tse dingwe. Jesu ga a ka a swela dinonyane, go na le moo, o ile a re swela gore re kgone go tshelela ruri.—Math. 20:28.

14. Motho yo o tlhobaelang a ka se kgone go dira eng?

14 Bala Mathaio 6:27. Ke eng fa Jesu a ne a re motho yo o tlhobaelang a ka se oketse botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe? Ka gonne go tshwenyega ka dilo tse re di tlhokang ga go kitla go re thusa go tshela lobaka lo loleele. Go na le moo, go ka tsenya botsogo jwa rona mo kotsing.

15, 16. (a) Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a tlhokomelang dithunya tsa naga ka yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke dipotso dife tse re ka nnang ra ipotsa tsone, mme ka ntlha yang?

15 Bala Mathaio 6:28-30. Ga go na motho yo o sa rateng go apara diaparo tse dintle, segolobogolo fa a le mo bodireding kgotsa a le kwa dipokanong le kwa dikopanong. A mme gone re tshwanetse go tlhobaela ka diaparo? Le mo lekgetlong leno, Jesu o re kopa gore re ele tlhoko tiro ya ga Jehofa. Re ka ithuta go le gontsi mo tseleng e ‘dithunya tsa masoma tsa legola’ di lebegang ka yone. Jesu a ka tswa a ne a akantse ka dithunya tse dintle thata. Dithunya tseno ga di tlhoke go loga kgotsa go itshegela diaparo tsa tsone. Le fa go ntse jalo, di lebega bontle tota! Tota e bile, le ‘Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka dingwe tsa tsone.’

16 Ntlha ya konokono e Jesu a neng a e gatelela fano ke go re: “Fa Modimo a apesa dimela tsa naga jalo, . . . a ga a na a apesa lona bogolo, lona ba lo nang le tumelo e potlana?” Ga go pelaelo gore o tla dira jalo! Ka tsela nngwe, barutwa ba ga Jesu ba ne ba na le tumelo e potlana. (Math. 8:26; 14:31; 16:8; 17:20) Ba ne ba tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng le go ikanya Jehofa. Go tweng ka rona gompieno? A re na le tumelo ya gore Jehofa o eletsa go re tlamela e bile o na le bokgoni jwa go dira jalo?

17. Ke eng se se ka senyang kamano ya rona le Jehofa?

17 Bala Mathaio 6:31, 32. Ga re a tshwanela go tshwana le batho ba “ditšhaba,” ba ba se nang tumelo ya gore Rraarona yo o lorato o kgona go tlamela batho ba ba bayang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. Fa re leka go kokoanya “dilo . . .  tse ditšhaba di di gwalalelang,” re tla senya kamano ya rona le Jehofa. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore fa re dira se re tshwanetseng go se dira, ke gore, fa re dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo matshelong a rona, Jehofa ga a kitla a re tima dilo tse di molemo. “Boineelo . . .  jwa bomodimo” bo tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re kgotsofalele “dijo le se re ipipang ka sone,” kgotsa “dijo le lefelo la bonno.”—1 Tim. 6:6-8; ntlha e e kwa tlase mo NW.

A BOGOSI JWA MODIMO BO TLA PELE MO BOTSHELONG JWA GAGO?

18. Ke eng se Jehofa a se itseng ka rona, mme o tla re thusa jang?

18 Bala Mathaio 6:33. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba beye Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. Fa re dira jalo, jaaka Jesu a buile, ‘dilo tse dingwe tseno tsotlhe re tla di okelediwa.’ Ke eng fa a ne a rialo? O ne a bua jaana mo temaneng e e tlang pele ga eo: “Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Jehofa o kgona go bona gore a re tlhoka dijo, diaparo le lefelo la bonno, tota le pele re itse gore re tla di tlhoka. (Bafil. 4:19) Jehofa o a itse gore ke seaparo sefe sa rona se se tlileng go onala. O itse dijo tse re tlhokang go di ja e bile o itse gore re tlhoka ntlo e e kana kang, a akanyetsa bogolo jwa lelapa la rona. Jehofa o tla tlhomamisa gore re nna le dilo tse tota re di tlhokang.

19. Ke eng re sa tshwanela go tshwenyega ka dilo tse di ka nnang tsa direga mo isagweng?

19 Bala Mathaio 6:34. Ela tlhoko gore le mo lekgetlong leno la bobedi, Jesu a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela.” Jesu o batla gore re se ka ra tshwenyega ka letsatsi le le latelang, ka gonne re ikanya Jehofa gore o tla re thusa. Fa motho a tlhobaela ka se se ka nnang sa direga mo isagweng mme go sa tlhokege, a ka nna a leka go ikaega ka tlhaloganyo ya gagwe go na le go ikanya Modimo mme seo se ka senya kamano ya gagwe le Jehofa.—Dia. 3:5, 6; Bafil. 4:6, 7.

BATLA BOGOSI PELE MME JEHOFA O TLA GO NAYA DILO TSE DINGWE

A o ka tlhofofatsa botshelo jwa gago gore o kgone go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya Modimo? (Bona serapa 20)

20. (a) Ke mekgele efe e o ka ipeelang yone mo tirelong ya ga Jehofa? (b) Ke eng se o ka se dirang go tlhofofatsa botshelo jwa gago?

20 Ke boeleele fela go dira gore go gagamalela dikhumo go tle pele mme dilo tse di direlwang Bogosi di tle kwa morago. Go na le moo, re tshwanetse go ipeela mekgele ya semoya. Ka sekai, a o kgona go fudugela kwa phuthegong e e tlhokang baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi? A o ka kgona go nna mmulatsela? Fa e le gore o mmulatsela, a o kile wa akanyetsa go tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi? A o ka tsenya kopo ya go nna moithaopi wa nakwana o thusa kwa Bethele kgotsa kwa ofising ya thanolo? A o kgona go ithaopela go thusa mo Lefapheng la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga, go thusa ka nakwana mo diporojekeng tsa go aga Diholo Tsa Bogosi? Akanyetsa ditsela tsa go tlhofofatsa botshelo jwa gago gore o kgone go nna le seabe mo ditirong tse di direlwang Bogosi. Sekaseka lebokoso le le reng, “ Kafa o ka Tlhofofatsang Botshelo Jwa Gago ka Gone,” mme o rapele Jehofa gore a go thuse go tsaya dikgato tsa go fitlhelela mokgele wa gago.

21. Ke eng se se tla go thusang go atamalana le Jehofa?

21 Jesu o ne a na le mabaka a a utlwalang a go re kgothaletsa gore re batle Bogosi pele mme e seng sepe se sele. Fa re dira jalo, le ka motlha ga re kitla re tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang. Re atamalana le Jehofa fa re mo ikanya e bile re sa leke go kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe fela e re nang le yone kgotsa re sa reke sengwe le sengwe se lefatshe leno le se bapatsang, tota le fa re na le madi a go se reka. Fa re tlhofofatsa matshelo a rona gone jaanong, re tla kgona go ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Tim. 6:19.

^ [1] (serapa 12) Go bona lebaka la go bo ka dinako tse dingwe Jehofa a letla Bakeresete go tlhoka dijo tse di lekaneng, bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 2014, ts. 22.