Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O se Ka wa Boifa. Nna ke Tla go Thusa”

“O se Ka wa Boifa. Nna ke Tla go Thusa”

A RE re o tsamaya mo seterateng mo gare ga mpa ya bosigo. Ka tshoganyetso, o lemoga gore mongwe o go setse morago. Fa o ema, le ene o a ema. Fa o tsamaya ka bonako, le ene o tsamaya ka bonako. O simolola go taboga; o itlhaganelela kwa ntlong ya tsala ya gago e e nnang gaufi. Fa tsala ya gago e bula lebati o bo o tsena, o wela makgwafo.

Gongwe ga o ise o tsamaye o diragalelwe ke selo se se ntseng jalo, mme gone, ditlhobaelo tsa botshelo di ka nna tsa dira gore o ikutlwe jalo. Ka sekai, a o lwa le bokoa bongwe jo o lekang go bo fenya mme gone nako le nako o dira phoso e e tshwanang? A o kile wa leka sotlhe se o ka se kgonang go batla tiro mme gone o sa atlege? A o tshwenyegile ka go tsofala le go lebana le mathata a botsogo a a tsamaisanang le bogodi? Kgotsa a go na le sengwe se se go tshwenyang?

Le fa o ka tswa o lebane le bothata bofe, a ga o kitla o itumelela go nna le mongwe yo o ka mmolelelang mathata a gago mme a bo a go thusa? A o na le tsala e e ntseng jalo? Ee o na le yone! Jehofa ke tsala ya mofuta oo, fela jaaka a ile a nna tsala ya tlhogo ya lotso e bong Aborahame jaaka go umakilwe mo go Isaia 41:8-13. Jehofa o bua jaana le batlhanka ba gagwe mo temaneng ya 10 le 13: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo. Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”

“RURI KE TLA GO NGANGATLELA”

A mafoko a a nametsang pelo ruri! A re re Jehofa o lebisitse mafoko ano mo go wena. Fano, ga go buiwe ka wena le Jehofa lo tsamaya lo tshwarane ka diatla le fa gone seo e ne e ka nna selo se se itumedisang go se dira. Fa e le gore lo ne lo tsamaya mmogo lo tshwarane ka diatla, seo se raya gore seatla sa ga Jehofa sa moja se ne se ka bo se tshwere sa gago sa molema. Go na le moo, Jehofa o otlolola ‘seatla sa gagwe sa moja sa tshiamo’ a bo a tshwara “seatla sa gago sa moja,” jaaka e kete o go goga a go ntsha mo mathateng. Fa a ntse a dira jalo, o go tlhomamisetsa jaana: “O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.”

A o tsaya Jehofa e le Rre yo o lorato le Tsala e e tla go thusang ka nako ya fa o na le mathata? Jehofa o amega ka wena le ka botsogo jwa gago e bile o ikemiseditse go go thusa. Fa o na le mathata, Jehofa o batla gore o ikutlwe o sireletsegile ka gonne o go rata fela thata. Ruri ke “thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.”—Pes. 46:1.

GO IPONA MOLATO KA NTLHA YA DIPHOSO TSA NAKO E E FETILENG

Batho bangwe ba nnela go akanya thata ka boitshwaro jwa bone jwa nako e e fetileng mme ba ipotsa gore a Modimo o ba itshwaretse. Fa e le gore o mongwe wa bone, akanya ka monna yo o ikanyegang e bong Jobe yo o neng a amogela “ditlolo tsa bosha jwa” gagwe. (Jobe 13:26) Mopesalema Dafide le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang mme o ne a kopa Jehofa jaana: “O se ka wa gakologelwa maleo a bosha jwa me le go tlhanoga ga me.” (Pes. 25:7) Rotlhe re ‘leofile e bile re tlhaela kgalalelo ya Modimo.’—Bar. 3:23.

Molaetsa o o mo go Isaia kgaolo 41 o ne o kwaletswe batho ba Modimo ba bogologolo. Ba ne ba leofile thata mo Jehofa a neng a dira tshwetso ya go ba otlhaya ka go dira gore ba isiwe botshwarwa kwa Babelona. (Isa. 39:6, 7) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a akanya ka nako ya fa a tla bo a golola batho ba ba ikwatlhayang mme ba boela kwa go ene! (Isa. 41:8, 9; 49:8) Le gompieno, Jehofa o utlwela botlhoko batho botlhe ba ba batlang go mo itumedisa.—Pes. 51:1.

Ela tlhoko se se ileng sa diragalela Takuya, * yo o neng a leka go tlogela mokgwa o o leswe wa go leba ditshwantsho tsa thobalano le wa go itshwaratshwara dirwe ka maikaelelo a go kgotsofatsa keletso ya thobalano. Nako le nako fa a leka go tlogela, o ne a feleletsa a boetse gape mo mekgweng eno. O ne a ikutlwa jang? “Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe, mme fa ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a intshwarele, o ne a nthusa.” Jehofa o ne a dira seo jang? Bagolwane ba phuthego ya ga Takuya ba ne ba mmolelela gore a ba bitse fa a ka wela mo mekgweng eo gape. Takuya a re: “Go ne go se motlhofo go dira jalo, mme fa ke ba biditse, ba ne ba nnonotsha gape.” Go tswa foo, bagolwane ba ne ba rulaganya gore molebedi wa potologo a direle Takuya loeto lwa bodisa. Molebedi wa potologo o ne a mo raya a re: “Ga ke a tla fano ka phoso. Ke fano ka gonne bagolwane ba batla gore ke tle mo go wena. Ba go tlhophile gore re tle go go direla loeto lwa bodisa.” Takuya a re: “Ke nna ke neng ke leofela Jehofa, le fa go ntse jalo, ke ene a neng a tsaya matsapa go nthusa a dirisa bagolwane.” Takuya o ne a gatela pele mme a nna mmulatsela, ga jaana o direla kwa ofising ya lekala. Modimo o tla re thusa fa re le mo mathateng fela jaaka a ile a thusa mokaulengwe yono.

GO TLHOBAELA KA TIRO YA BOITSHEDISO

Batho ba le bantsi ba tlhobaediwa ke botlhokatiro. Bangwe ba bone ba latlhegelwa ke tiro mme go nna thata gore ba bone e nngwe. Akanya fela kafa go leng botlhoko ka gone go batla tiro mme o sa e bone. Batho bangwe ba feleletsa ba inyatsa. Jehofa a ka go thusa jang? A ka nna a se ka a go naya tiro e o e batlang ka yone nako eo, mme a ka go thusa ka go dira gore o gopole mafoko ano a ga Kgosi Dafide: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” (Pes. 37:25) O botlhokwa thata mo go Jehofa e bile ‘seatla sa gagwe sa moja sa tshiamo’ se tla go thusa go nna le dilo tse o di tlhokang gore o kgone go tswelela o mo direla.

Jehofa a ka go thusa jang fa o ka latlhegelwa ke tiro?

Sara yo o nnang kwa Colombia, o ne a bona maatla a ga Jehofa. O ne a berekela khampani e e itsegeng thata e bile a duelwa madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a batla go oketsa tirelo ya gagwe, o ne a tlogela tiro mme a nna mmulatsela. Mme go ne go le thata gore a bone tiro ya nakwana. O ne a bula lebenkele la aesekerimi, le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ne a felelwa ke madi mme a tshwanelwa ke go tswala lebenkele leo. Sara a re: “Go ne ga feta dingwaga tse tharo ke sa bereke, mme gone, Jehofa o ne a nthusa gore ke itshoke.” O ne a ithuta go farologanya dilo tse a di batlang mo go tse a di tlhokang le gore a se ka a tshwenyega ka letsatsi le le latelang. (Math. 6:33, 34) Kgabagare mothapi wa gagwe wa pele o ne a mo founela a mo kopa gore a boele tirong. O ne a bolelela mothapi wa gagwe gore o tla amogela tiro eo fa fela e le ya nakwana e bile a dumelelwa go tsaya nako ya go dira ditiro tsa semoya. Le fa Sara a sa tlhole a amogela madi a mantsi jaaka pele, o kgona go tswelela e le mmulatsela. A re: “Mo dilong tseno tsotlhe, ke ile ka bona lorato lwa ga Jehofa le tsela e a neng a nthusa ka yone.”

GO TLHOBAEDIWA KE GORE O A TSOFALA

Sengwe gape se se tlhobaetsang batho ke go lemoga gore ba a tsofala. Batho ba le bantsi ba fitlha mo dingwageng tse ba tshwanelwang ke go tlogela tiro ka tsone mme ba ipotsa gore a ba tla nna le madi a a lekaneng go tshela sentle. Gape fa ba ntse ba tsofala, ba tshwenyega ka botsogo jwa bone. Gongwe Dafide ke ene a neng a kwala mafoko ano a ikuela mo go Jehofa: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.”—Pes. 71:9, 18.

Mme batlhanka ba ga Jehofa ba ba tsofetseng, ba ka ikutlwa jang ba sireletsegile? Ba tshwanetse go tswelela ba na le tumelo mo Modimong le go mo ikanya gore o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. Gongwe ba ka tswa ba ne ba tshela monate pele mme jaanong ba tlhoka go tlhofofatsa matshelo a bone le go ithuta go kgotsofalela dilo tse ba nang le tsone. Ba ka nna ba fitlhela gore go ja “dijo tsa merogo” go na le “poo e e fepetsweng,” go monate e bile ga go tsenye botsogo jwa bone mo kotsing! (Dia. 15:17) Fa o tlhoma mogopolo mo go itumediseng Jehofa, o tla go tlamela le fa o setse o tsofetse.

José le Rose ba na le Tony le Wendy

Ela tlhoko se se ileng sa diragalela José le Rose ba ba nang le dingwaga di feta 65 ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Mo dingwageng tse di fetileng, ba ne ba tshwanelwa ke go tlhokomela rraagwe Rose yo o neng a lwala thata. Mo godimo ga moo, José o ne a tsamaya kalafi ya kankere. A Jehofa o ne a otlololela banyalani bano ba ba ikanyegang seatla sa gagwe sa moja? Ee. O ne a dira seo jang? O ne a dirisa banyalani bangwe ba ba bidiwang Tony le Wendy gore ba ba neye folete ya bone. Tony le Wendy ba ne batla gore babulatsela ba ka metlha e nne bone fela ba nnang mo foleteng eo mme gone ba sa duele rente. Dingwaga pele ga moo, Tony o ne a tlhola a bona José le Rose ka fensetere ya sekolo se a neng a tsena kwa go sone, ba ya bodireding jwa tshimo. O ne a rata tsela e ba neng ba tlhoafetse ka yone mme seo se ile sa nna le tlhotlheletso e e molemo mo go ene. Tony le Wendy ba ne ba tlhotlheletsega go ntsha lefelo la bone la bonno mme ba le naya banyalani bano ba ba feditseng botshelo jwa bone jotlhe ba direla Jehofa. Go setse go fetile dingwaga di le 15 ba ntse ba tlhokomela José le Rose ba ga jaana ba leng mo dingwageng tsa bo80. Banyalani bano ba ba godileng ba tsaya thuso e ba e newang ke banyalani bano ba basha e le mpho e e tswang kwa go Jehofa.

Modimo o go otlololela ‘seatla sa gagwe sa moja sa tshiamo.’ A o tla ntsha seatla sa gago mme o tshware Ene yo o go solofetsang a re: “O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa”?

^ ser. 11 Maina mangwe a fetotswe.