Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela O na Le Kamano e e Molemo le Jehofa fa o Direla Kwa Nageng e Nngwe

Tswelela O na Le Kamano e e Molemo le Jehofa fa o Direla Kwa Nageng e Nngwe

“Ke bolokile lefoko la gago mo pelong ya me.”—PES. 119:11.

PINA: 142, 92

1-3. (a) Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, ke eng se se tshwanetseng go tla pele? (b) Bakeresete ba ba ithutang puo e nngwe ba lebana le dikgwetlho dife, mme seno se tsosa dipotso dife? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

BASUPI BA GA JEHOFA ba le diketekete ba nna le seabe mo go diragadiweng ga ponatshegelo ya go itsise dikgang tse di molemo “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshen. 14:6) A o ithuta puo e nngwe? A o morongwa kgotsa o direla kwa nageng e go nang le tlhokego ya baboledi gone? A o simolotse go ya dipokanong kwa phuthegong ya puo e nngwe e e mo lefelong le o nnang mo go lone?

2 E re ka re le batlhanka ba Modimo, kamano ya rona le Jehofa le kamano ya ba lelapa la rona le Jehofa e tshwanetse go tla pele. (Math. 5:3) Ka ntlha ya go tshwarega thata, ka dinako tse dingwe go ka se nne motlhofo go ithuta o le nosi, mme ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ba lebana le dikgwetlho tse dingwe gape.

3 Bakeresete ba ba direlang kwa nageng e nngwe ba tshwanetse go ithuta puo ya naga e ba direlang kwa go yone, gape ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba ithuta dithuto tse di boteng tse di mo Lefokong la Modimo. (1 Bakor. 2:10) Ba ka kgona go dira seo jang le fa ba sa tlhaloganye puo e e buiwang mo phuthegong e ba leng mo go yone? Ke eng fa batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore Lefoko la Modimo le fitlhelela dipelo tsa bana ba bone?

SENGWE SE SE KA KOAFATSANG KAMANO YA RONA LE JEHOFA

4. Ke eng se se ka koafatsang kamano ya rona le Jehofa? Naya sekai.

4 Fa re sa tlhaloganye Lefoko la Modimo ka puo e nngwe, seno se ka koafatsa kamano ya rona le Modimo. Ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., Nehemia o ne a tshwenngwa ke gore bana bangwe ba Bajuda ba ba neng ba boile go tswa kwa Babelona ba ne ba sa kgone go bua Sehebera. (Bala Nehemia 13:23, 24.) Bana bao ba ne ba sa kgone go direla Modimo ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye lefoko la Modimo ka botlalo.—Neh. 8:2, 8.

5, 6. Batsadi bangwe ba ba direlang kwa tshimong ya puo e nngwe ba ile ba lemoga eng, mme ka ntlha yang?

5 Bakeresete bangwe ba ba direlang kwa tshimong ya puo e nngwe ba ile ba lemoga gore bana ba bone ga ba tlhole ba tlhagafetse mo boammaaruring. E re ka bana bano ba ne ba sa tlhaloganye puo e e buiwang kwa dipokanong, se se neng se rutiwa se ne se sa ba tlhotlheletse go le kalo. Pedro [1] yo o neng a fudusetsa ba lelapa la gagwe go tswa kwa Australia go ya Amerika Borwa, a re: “Go tlotla ka dilo tse di amanang le kobamelo ya Modimo go tshwanetse ga ama dipelo tsa rona.”—Luke 24:32.

6 Fa re bala sengwe ka puo e nngwe, se re se balang se ka se fitlhelele dipelo tsa rona jaaka fa re se bala ka puo ya rona. Mo godimo ga moo, fa re sa kgone go bua le batho ka puo ya bone, seno se ka re kgoba marapo. Ka jalo, fa re ntse re direla Jehofa kwa tshimong ya puo e nngwe, go botlhokwa gore re nonotshe kamano ya rona le ene.—Math. 4:4.

BA NE BA TSWELELA BA NA LE KAMANO E E MOLEMO LE JEHOFA

7. Bababelona ba ile ba leka jang go dira gore Daniele a amogele setso le bodumedi jwa bone?

7 Fa Daniele le ditsala tsa gagwe ba le kwa botshwarwa, Bababelona ba ile ba leka go dira gore ba amogele setso sa bone ka go ba ruta ‘puo ya Bakaladia.’ Mo godimo ga moo, modiredi wa ntlo ya kgosi yo o neng a okametse go thapisiwa ga bone o ile a ba naya maina a Sebabelona. (Dan. 1:3-7) Daniele o ne a newa leina le le kayang modingwana wa Babelona e bong Bel. Gongwe Kgosi Nebukadenesare o ne a batla gore Daniele a akanye gore modimo wa Babelona o maatla go gaisa Modimo wa ga Daniele e bong Jehofa. —Dan. 4:8.

8. Ke eng se se thusitseng Daniele go tswelela a na le kamano e e molemo le Jehofa fa a ne a le kwa nageng e nngwe?

8 Le fa Daniele a ile a newa dijo tsa maemo tsa kgosi, o ne a “ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a ikgotlela.” (Dan. 1:8) Le fa Daniele a ne a nna kwa nageng e nngwe, o ne a tswelela a na le kamano e e molemo le Jehofa ka gonne o ne a ithuta “dibuka” tse di boitshepo. (Dan. 9:2) Ka ntlha ya seo, o ne a sa ntse a itsiwe ka leina la gagwe la Sehebera dingwaga di ka nna 70 a sena go goroga kwa Babelona.—Dan. 5:13.

9. Pesalema 119 ya re Lefoko la Modimo le ne la ama jang mokwadi wa yone?

9 Lefoko la Modimo le ne la thusa mokwadi wa Pesalema 119 gore a kgone go farologana le batho ba bangwe. O ne a tshwanelwa ke go itshokela go sotliwa ke maloko a lolwapa lwa segosi. (Pes. 119:23, 61) Le fa go ntse jalo, o ne a letla Lefoko la Modimo gore le mo ame pelo.—Bala Pesalema 119:11, 46.

TSWELELA O NA LE KAMANO E E MOLEMO LE MODIMO

10, 11. (a) Re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka boikaelelo bofe? (b) Re ka fitlhelela jang boikaelelo joo? Tshwantsha.

10 Le fa re ka tswa re tshwaregile ka ditiro tsa phuthego kgotsa ka tiro ya boitshediso, rotlhe re tlhoka go ipha nako ya go ithuta re le nosi le go ithuta le ba malapa a rona. (Baef. 5:15, 16) Mme gone, maikaelelo a rona ga e a tshwanela go nna go batla go bala tshedimosetso e ntsi fela kgotsa go baakanyetsa fela ka boikaelelo jwa go batla go akgela kwa dipokanong. Go na le moo, re batla gore Lefoko la Modimo le fitlhelele dipelo tsa rona e bile le nonotshe tumelo ya rona.

11 Gore re kgone go dira seo, re tshwanetse go tlhomamisa gore fa re ithuta, ga re akanyetse fela batho ba bangwe, mme gape re akanya kafa se re se ithutang se ka re solegelang molemo ka gone. (Bafil. 1:9, 10) Re tshwanetse go gopola gore fa re baakanyetsa puo, bodiredi kgotsa dipokano, seo ga se reye gore re a bo re dira jalo ka boikaelelo jwa go dirisa se re se ithutang. Ka sekai, le fa moapei a tshwanelwa ke go utlwa tatso ya dijo tse a di apeileng pele a di tsholela batho, seno ga se reye gore a ka kgona go tshela ka dijo tseo tse dinnye. Fa a batla go nna le botsogo jo bo molemo, o tshwanetse go ikapeela dijo tse di nang le dikotla. Ka tsela e e tshwanang, le rona re tshwanetse go ikotla ka dithuto tsa Baebele go ya ka se re se tlhokang.

12, 13. Ke eng fa Bakeresete ba ba direlang kwa tshimong ya puo e nngwe ba bona go le molemo go ithuta ka metlha ka segabone?

12 Bakeresete ba le bantsi ba ba direlang kwa tshimong ya puo e nngwe, ba bona go le molemo go ithuta Baebele ka metlha ka ‘puo ya bone e ba neng ba tsholwa ka yone.’ (Dit. 2:8) Tota le barongwa ba a itse gore fa ba batla go tswelela ba na le kamano e e molemo le Jehofa fa ba direla kwa nageng e nngwe, ga ba ka ke ba ikaega ka kitso e nnye e ba e amogelang kwa dipokanong.

13 Alain yo o nang le dingwaga di le robedi a ithuta puo ya kwa Persia a re: “Fa ke baakanyetsa dipokano ka puo eno, ke tlhoma mogopolo thata mo puong ka boyone. E re ka ke tlhomile mogopolo mo go ithuteng puo eo, dithuto tsa Baebele tse ke di balang ga di nkame pelo go le kalo. Ke gone ka moo ke iphang nako ya go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka puo e ke e antseng letseleng.”

FITLHELELA DIPELO TSA BANA BA GAGO

14. Batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa eng, mme ka ntlha yang?

14 Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore Lefoko la Modimo le fitlhelela mogopolo le dipelo tsa bana ba bone. Morago ga dingwaga tse tharo Serge le mosadi wa gagwe e bong Muriel ba direla kwa tshimong ya puo e nngwe, ba ne ba lemoga gore morwa wa bone wa dingwaga di le 17 o ne sa tlhole a itumelela go direla Jehofa. Muriel a re: “O ne a sa itumelele go rera ka puo e nngwe, mme pele re fuduga o ne a itumelela go rera ka puo ya rona.” Serge a re: “Re ne ra lemoga gore seno se koafatsa tumelo ya ngwana wa rona, ka jalo re ne ra swetsa ka gore re boele kwa phuthegong ya puo ya rona.”

Tlhomamisa gore Lefoko la Modimo le fitlhelela dipelo tsa bana ba gago (Bona serapa 14 le 15)

15. (a) Ke eng se se ka tlhotlheletsang batsadi gore ba boele kwa phuthegong ya puo e bana ba bone ba e tlhaloganyang sentle? (b) Duteronome 6:5-7 e kgothaletsa batsadi go dira eng?

15 Ke eng se se ka tlhotlheletsang batsadi gore ba boele kwa phuthegong ya puo e bana ba bone ba e tlhaloganyang sentle? Sa ntlha, ba tshwanetse go bona gore a ba ka kgona go ruta bana ba bone go rata Jehofa mme gape ba ba ruta puo e nngwe. Sa bobedi, gongwe ba ka lemoga gore bana ba bone ga ba tlhole ba itumelela go direla Jehofa kgotsa go direla mo tshimong ya puo e nngwe. Mo maemong ao, batsadi ba Bakeresete ba ka akanyetsa go boela kwa phuthegong ya puo e bana ba bone ba e tlhaloganyang sentle go fitlha bana ba bone ba nna le kamano e e nonofileng le Modimo.—Bala Duteronome 6:5-7.

16, 17. Batsadi bangwe ba ile ba kgona jang go ruta bana go rata Jehofa le fa ba direla mo tshimong ya puo e nngwe?

16 Ka fa letlhakoreng le lengwe, batsadi bangwe ba ile ba kgona go ruta bana ba bone ka puo ya bone le fa ba direla mo phuthegong kgotsa mo setlhopheng sa puo e nngwe. Charles yo o nang le bana ba bararo ba basetsana o direla mo setlhopheng sa puo ya Selingala. A re: “Re ne ra swetsa ka gore re tshware kobamelo ya lelapa e bile re ithute Baebele le bana ba rona ka puo ya rona. Gape re ikatisetsa bodiredi le go tshameka re dirisa puo ya Selingala gore bana ba rona ba itumelele go ithuta puo eno.”

Dira maiteko go ithuta puo le go nna le seabe kwa dipokanong (Bona serapa 16 le 17)

17 Kevin yo o nang le barwadi ba babedi, wa dingwaga di le tlhano le wa dingwaga di le robedi, o tsaya matsapa go thusa bana ba gagwe ka gonne ga ba solegelwe molemo go le kalo kwa dipokanong tsa puo e nngwe. A re: “Nna le mosadi wa me re ithuta Baebele le bana ba rona ka puo ya rona ya Sefora. Gape re ya dipokanong tsa Sefora gangwe mo kgweding e bile re ya dikopanong tsa puo ya rona.”

18. (a) Molaomotheo o o mo go Baroma 15:1, 2 o ka go thusa jang go dira tshwetso e e tla solegelang bana ba gago molemo? (b) Batsadi bangwe ba ile ba akantsha eng? (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.)

18 Boammaaruri ke gore lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go itseela tshwetso ya gore ke eng se se tla thusang bana go nna le kamano e e molemo le Modimo. [2] (Bagal. 6:5) Muriel yo go builweng ka ene pelenyana, a re le fa ba ne ba itumelela go direla kwa tshimong ya puo e nngwe, ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya tshwetso e e neng e tla solegela morwa wa bone molemo. (Bala Baroma 15:1, 2.) Serge o tlhomamisegile gore ba tsere tshwetso e e molemo. A re: “Fa re se na go boela kwa phuthegong ya rona, morwa wa rona o ne a tlhagafala mo tirong ya ga Jehofa mme a kolobediwa. Gone jaanong, ke mmulatsela wa ka metlha. Tota e bile o akanyetsa go boela kwa setlhopheng sa puo ya Selingala!”

LETLA LEFOKO LA MODIMO LE GO AME PELO

19, 20. Re ka bontsha jang gore re rata Lefoko la Modimo?

19 E re ka Jehofa a re rata, o dirile gore Lefoko la gagwe e leng Baebele le nne gone ka dipuo di le dintsi “gore batho ba mefuta yotlhe . . . ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) O a itse gore batho ba ka kgona go atamalana le ene fa ba ithuta Lefoko la gagwe ka puo ya bone.

20 Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, re tshwanetse go ikemisetsa go nonotsha kamano ya rona le Jehofa. Fa re ithuta Baebele ka metlha ka puo ya rona, rona le ba malapa a rona re tla nna le kamano e e molemo le Jehofa e bile re tla bo re bontsha gore re tsaya Lefoko la Modimo le le botlhokwa.—Pes. 119:11.

^ [1] (serapa 5) Maina a fetotswe.

^ [2] (serapa 18) Go bona melaometheo ya Baebele e e ka thusang lelapa la gago, bona setlhogo se se reng “Go Godisa Bana Kwa Nageng e Sele—Mathata le Maduo a Gone” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2002.