Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o “Dibela Botlhale jo bo Mosola”?

A o “Dibela Botlhale jo bo Mosola”?

GATWE go kile ga bo go na le mosimane yo o neng a nna kwa motseng mongwe mme a le dikobo dikhutshwane. Batho ba mo motseng ba ne ba mo ja ditshego ka gonne ba akanya gore ga a botlhale. Fa go na le baeng, batho ba motse oo ba ne ba mo sotla fa pele ga ditsala tsa bone. Ba ne ba tle ba mmontshe madi a tshipi a mabedi, a selefera le a gouta. Madi a selefera a ne a le magolo go feta a gouta. Le fa madi a gouta a ne a le mannye, a ne a le tlhwatlhwakgolo go gaisa a selefera. Ba ne ba tlhola ba mo raya ba re: “Tlhopha madi a o a batlang.” Mosimane yono o ne a tlhopha madi a selefera a bo a tshaba.

Letsatsi lengwe, monna mongwe wa moeng o ne a mmotsa jaana: “A ga o itse gore madi a gouta a tlhwatlhwakgolo ga gaisa a selefera?” Mosimane yoo o ne a mo araba jaana a nyenya: “Ke a itse.” Monna yoo o ne a re: “Jaanong ke eng o tsaya a selefera? Fa o ka tsaya a gouta, o tla nna le madi a mantsi.” Mosimane o ne a re: “Fa nka tsaya a gouta, ba tla tlogela go tshameka le nna. A o a itse gore ke setse ke na le madi a le kae a selefera?” Mosimane yono o ne a na le botlhale jo bo mosola e leng nonofo e e ka solegelang batho ba le bantsi molemo.

Baebele ya re: “Dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya. Foo lonao lwa gago ga lo na go kgopa sepe.” (Dia. 3:21, 23) Go itse gore “botlhale jo bo mosola” ke eng le gore re ka bo dirisa jang go ka re sireletsa. Seo se ka re thusa go tila go dira dilo tse di ka koafatsang kamano ya rona le Jehofa.

“BOTLHALE JO BO MOSOLA” KE ENG?

Botlhale jo bo mosola bo farologana le kitso le go tlhaloganya. Motho yo o nang le kitso o na le tshedimosetso kgotsa dintlha. Mme motho yo o tlhaloganyang dilo sentle o kgona go bona kafa ntlha nngwe e amanang ka gone le e nngwe. Motho yo o botlhale o kgona go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e molemo.

Ka sekai, motho a ka nna a bala le go tlhaloganya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mo nakong e e sa reng sepe. Fa a tshwaretswe thuto, a ka nna a araba sentle. A ka simolola go ya dipokanong le go akgela monate. Go dira jalo go ka bontsha gore o simolola go nna le kamano e e molemo le Jehofa. A mme seo se raya gore o setse a le botlhale? Nnyaa. A ka tswa a kgona go ithuta le go tlhaloganya dilo ka bonako fela. Le fa go ntse jalo, fa a dirisa kitso le tlhaloganyo ka go dirisa se a se ithutang, o tla bo a bontsha gore o botlhale. Fa ditshwetso tsa gagwe tse di akanyeditsweng sentle di atlega, seo se bontsha gore eleruri o na le botlhale jo bo mosola.

Mathaio 7:24-27 e bua ka setshwantsho sa ga Jesu sa banna ba babedi ba ba neng ba aga matlo. Mongwe wa bone o tlhalosiwa a le “botlhale.” O ne a aga ntlo ya gagwe mo lejeng a akantse ka se se ka diregang mo isagweng. O ne a akanyetsa dilo kwa pele mme a dira tshwetso e e molemo. Ga a ka a tsaya gore go tla nna motlhofo go aga ntlo mo motlhabeng e bile go ka se mo tlhoke madi a le mantsi. Go na le moo, o ne a akanya kafa ditshwetso tsa gagwe di ka mo amang ka gone mo isagweng. Fa go nna le sefefo se se maatla, ntlo ya gagwe ga e a ka ya senyega. Ka jalo, re ka nna jang le botlhale jo bo mosola le go tswelela re na le jone?

RE KA NNA JANG LE JONE?

Sa ntlha, ela tlhoko gore Mika 6:9 ya re: “Motho yo o nang le botlhale jo bo mosola o tla boifa leina la [Modimo].” Go boifa leina la Modimo go kaya go mo tlotla. Go raya go tlotla se leina la gagwe le se kayang go akaretsa le melao ya gagwe. Gore re kgone go tlotla mongwe, re tshwanetse go itse kafa a akanyang ka gone. Fa re mo tlotla, re kgona go mo ikanya le go ithuta mo go ene re bo re dira ditshwetso tse di molemo jaaka ene. Fa re akanya kafa ditiro tsa rona di tla amang kamano ya rona le Jehofa ka gone mo isagweng, re bo re tsaya ditshwetso re akantse ka melao ya gagwe, seo se bontsha gore re na le botlhale jo bo mosola.

Sa bobedi, Diane 18:1 ya re: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” Fa re se kelotlhoko, re ka itlhaola mo go Jehofa le mo bathong ba gagwe. Gore seo se se ka sa direga, re tshwanetse go fetsa nako le batho ba ba boifang leina la Modimo e bile ba tlotla melao ya gagwe ka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. Fa re le kwa dipokanong, re tshwanetse go reetsa ka tlhoafalo mme re bone gore re ka dirisa jang se re se ithutang.

Mo godimo ga moo, fa re bulela Jehofa mafatlha ka thapelo, re tla atamalana thata le ene. (Dia. 3:5, 6) Fa re ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka tlhoafalo, re tla kgona go bona gore ditshwetso tsa rona di ka nna le diphelelo dife mo isagweng mme seo se tla re thusa go dira dilo ka botlhale. Gape re tshwanetse go reetsa kgakololo e re e newang ke bakaulengwe ba ba godileng sentle. (Dia. 19:20) Fa re dira jalo re tla nna le nonofo eno e e botlhokwa mme seo se tla re thusa gore re se ka ra “nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.”

“BOTLHALE JO BO MOSOLA” BO KA THUSA LELAPA JANG?

Botlhale jo bo mosola bo ka sireletsa malapa. Ka sekai, Baebele e kgothaletsa mosadi go nna le “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe. (Baef. 5:33) Monna a ka dira eng gore mosadi wa gagwe a mo tlotle? Fa a pateletsa mosadi wa gagwe gore a mo tlotle, mosadi wa gagwe a ka nna a mo tlotla ka nakwana fela. Gore go se ka ga nna le dikgogakgogano, mosadi yoo a ka nna a mo tlotla fela fa a le teng. Le fa go ntse jalo, fa monna yoo a seyo, a mosadi wa gagwe o tla mo tlotla? Nnyaa. Monna yoo o tshwanetse go akanya gore ke eng se se ka dirang gore mosadi wa gagwe a mo tlotle ka metlha. Fa a bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang ka go nna lorato le ka go nna pelonomi, seo se tla dira gore go nne motlhofo gore mosadi wa gagwe a mo tlotle. Mme gone, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe le fa monna wa gagwe a sa mo tshware sentle.—Bagal. 5:22, 23.

Gape Baebele ya re monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe. (Baef. 5:28, 33) Mosadi a ka nna a se ka a bolelela monna wa gagwe dilo dingwe tse di sa itumediseng mme monna wa gagwe a na le tshwanelo ya go di itse, gongwe a tshaba gore fa a ka mmolelela a ka se tlhole a mo rata. Mme gone, a go tla bo go le botlhale go dira jalo? Fa dilo tseo di senoga, go ka direga eng? A o tla mo rata le go feta? Tota go ka se nne motlhofo. Mme fa mosadi a ka batla nako e e siameng ya go tlhalosetsa monna wa gagwe dilo tse di sa itumediseng, monna wa gagwe o tla itumelela gore mosadi wa gagwe o a ikanyega. Seno se tla dira gore a rate mosadi wa gagwe le go feta.

Tsela e o otlhayang bana ba gago ka yone e tla ama tsela e lo buisanang ka yone

Bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone mme batsadi ba tshwanetse go otlhaya bana ka tsela e Jehofa a batlang ba otlhaiwa ka yone. (Baef. 6:1, 4) A seno se raya gore batsadi ba tshwanetse go naya bana melao e mentsintsi? Bana ga ba tlhoke fela go itse melao e ba tshwanetseng go e ikobela kgotsa gore ba tla otlhaiwa jang fa ba sa itshware sentle. Batsadi ba ba botlhale ba thusa bana ba bone go tlhaloganya lebaka la go bo ba tshwanetse go ikobela melao.

Ka sekai, a re re ngwana o bua le motsadi wa gagwe ka tsela e e bontshang lenyatso. Fa motsadi a ka mo araba kgotsa a mo otlhaya a galefile, seno se ka dira gore ngwana a tlhabiwe ke ditlhong kgotsa a didimale. Le fa go ntse jalo, a ka mo tshwarela sekgopi mme seo se ka dira gore ngwana a se ka a tlhola a atamalana le batsadi ba gagwe.

Batsadi ba ba nang le botlhale jo bo mosola ba tla akanyetsa tsela e ba otlhayang bana ba bone ka yone le kafa seno se ka amang bana ka gone mo isagweng. Batsadi ga ba a tshwanela go tsiboga ka bonako fela ka gonne ngwana a ba digile seriti. Gongwe ba ka bua le ngwana kwa thoko, ba mo tlhalosetsa gore Jehofa o lebeletse gore a tlotle batsadi ba gagwe, ka gonne fa a dira jalo o tla solegelwa molemo. Batsadi ba tshwanetse go dira seno ba wetse makgwafo e bile ba bua le ngwana ka lorato. Fa ngwana a tlotla batsadi ba gagwe, o tla lemoga gore fa a dira jalo tota o a bo a tlotla Jehofa. (Baef. 6:2, 3) Fa batsadi ba bua le ngwana ka tsela eo, go ka nna le diphelelo tse di molemo. O tla lemoga gore batsadi ba gagwe ba a mo kgathalela e bile o tla ba tlotla le go feta. Seno se tla dira gore ngwana a kgone go kopa thuso fa a na le mathata mo isagweng.

Batsadi bangwe ga ba otlhaye bana ba bone ka gonne ba tshaba gore ba tla utlwisa bana ba bone botlhoko. Mme go tla direga eng fa ngwana yoo a gola? A o tla boifa Jehofa le go lemoga botlhokwa jwa go ikobela melao ya gagwe? A o tla reetsa Jehofa kgotsa o tla katogela kgakala le ene?—Dia. 13:1; 29:21.

Mmetli yo o setswerere o akanya pele ka se a batlang go se betla. Ga a betle sengwe a sa akanya ka sone a bo a lebelela gore selo seo se nne sentle. Batsadi ba ba nang le botlhale jo bo mosola ba ipha nako ya go ithuta le go dirisa melao ya ga Jehofa, ka go dira jalo ba bontsha gore ba a mo tlotla. Fa ba nna ba atamalane le Jehofa le phuthego ya gagwe, ba tla nna le botlhale jo bo mosola mme seo se tla ba thusa go nonotsha malapa a bone.

Letsatsi le letsatsi re dira ditshwetso tse di tla re amang le mo isagweng. Go na le gore re dire ditshwetso tse di sa akanyediwang sentle ka gonne re tseegile maikutlo, go ka nna molemo gore re iphe nako ya go akanya pele re dira tshwetso. Akanya kafa ditshwetso tsa gago di tla go amang ka gone mo isagweng. Kopa Jehofa gore a go kaele o bo o dirise kgakololo ya gagwe. Fa re dira jalo, re tla bo re na le botlhale jo bo mosola mme bo tla re boloka.—Dia. 3:21, 22.