Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefoko la Botlhokwa Tota!

Lefoko la Botlhokwa Tota!

“MOSADI.” Ka dinako dingwe, Jesu o ne a dirisa lefoko leno fa a bua le basadi. Ka sekai, fa a ne a fodisa mosadi mongwe yo o neng a feditse dingwaga di le 18 a hutagane e bile a sa kgone go inamologa, o ne a re: “Mosadi, o golotswe mo bokoweng jwa gago.” (Luke 13:10-13) Tota le e leng fa Jesu a ne a bua le mmaagwe, o ne a mmontsha tlotlo ka go dirisa lefoko leno le le neng le tlwaelegile mo motlheng wa fa Baebele e ne e kwalwa. (Joh. 19:26; 20:13) Mme go ne go na le lefoko le lengwe le le neng le le botlhokwa go gaisa leno.

Baebele e dirisa lefoko le le bontshang bopelonomi le bonolo fa e bua ka basadi bangwe. Jesu o ne a dirisa lefoko leno fa a ne a bua le mosadi mongwe yo go neng go fetile dingwaga di le 12 a na le kelelo ya madi. O ne a tlola Molao wa Modimo ka go ya kwa go Jesu ka gonne molao oo o ne o tlhalosa gore motho yo o mo seemong seo o itshekologile. O ne a sa tshwanela go kopana le batho ba bangwe ka ntlha ya bolwetse jwa gagwe. (Lefi. 15:19-27) Mme gone o ne a tlhoka thuso. Tota e bile, “o ne a tsentswe mo ditlhabing di le dintsi ke dingaka di le dintsi e bile o ne a dirisitse mahumo otlhe a gagwe mme go sa mo tswela mosola, go na le moo, a ntse maswe le go feta.”—Mar. 5:25, 26.

Mosadi yono o ne a tsamaya a nanabela, a itshukunyetsa mo boidiiding, a atamela Jesu ka fa morago mme a ama lekantsa la seaparo sa gagwe sa ka fa ntle. O ne a fola ka ponyo ya leitlho! Mosadi yono o ne a solofetse gore o ne a tla tswa mo boidiiding joo a sa lemogiwa, mme Jesu o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o nkamileng?” (Luke 8:45-47) Mosadi yono o ne a tshogile e bile a roroma, ka jalo, o ne a khubama fa pele ga ga Jesu a bo a “mmolelela boammaaruri jotlhe.”—Mar. 5:33.

Jesu o ne a thusa mosadi yono gore a phuthologe ka go mmolelela jaana ka bopelonomi: “Nna pelokgale, morwadiaka!” (Math. 9:22) Go ya ka baithuti ba Baebele, lefoko la Sehebera le la Segerika le le ranolwang e le “morwadiaka” le ka dirisiwa go bontsha “bopelonomi le bonolo.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a kgothatsa mosadi yoo jaana: “Tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”—Mar. 5:34.

“Morwadiaka.” Monna yo o humileng wa kwa Iseraele e bong Boase o ne a dirisa lefoko leo fa a ne a bua le mosadi wa kwa Moabe e bong Ruthe. Mosadi yono le ene o ne a sa phuthologa ka gonne o ne a ronopa mo tshimong ya monna yo a neng a sa mo itse. Boase o ne a bua jaana: “O utlwile, a ga go jalo morwadiaka?” Go tswa foo, o ne a kgothaletsa Ruthe gore a tswelele a ronopa mo tshimong ya gagwe. Ruthe o ne a wa ka sefatlhego a ikoba fa pele ga gagwe mme a mmotsa gore ke eng fa a mmontsha bopelonomi le fa gone e le motswakwa. Boase o ne a mo araba jaana: “Ke begetswe ka botlalo ka gotlhe mo o go diretseng matsalaago [Naomi wa motlholagadi] . . . E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone.”—Ruthe 2:8-12.

Ruri Jesu le Boase ba tlhometse bagolwane ba Bakeresete sekao se se molemo! Ka dinako dingwe, bagolwane ba babedi ba ka etela kgaitsadi mongwe yo o tlhokang go thusiwa ka Dikwalo le go kgothadiwa. Fa ba sena go kopa kaelo ya ga Jehofa le go reetsa kgaitsadi yono ka kelotlhoko, bagolwane bano ba ka kgona go mo kgothatsa ba dirisa Lefoko la Modimo.—Bar. 15:4.