Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tiro e Kgolo’

‘Tiro e Kgolo’

KE NAKO ya kopano e e botlhokwa thata kwa Jerusalema. Kgosi Dafide o biditse dikgosana tsotlhe tsa gagwe, badiredi ba ntlo ya kgosi le banna ba ba thata. Ba itumeletse go utlwa kitsiso e e kgethegileng. Jehofa o laetse morwa wa ga Dafide e bong Solomone go aga moago o o tla dirisediwang go obamela Modimo wa boammaaruri. Kgosi ya Iseraele e neile Solomone polane ya kago e e e boneng mo ponatshegelong. Dafide a re: “Tiro yone e kgolo; gonne kago ya phemelo ga se ya motho, mme ke ya ga Jehofa Modimo.”—1 Ditir. 28:1, 2, 6, 11, 12; 29:1.

Go tswa foo, Dafide o botsa jaana: “Ke mang yo o ithaopelang go tlatsa seatla sa gagwe ka mpho ya ga Jehofa gompieno?” (1 Ditir. 29:5) Fa o ka bo o le koo, o ne o tla dira eng? A o ne o tla tlhotlheletsega go tshegetsa tiro eno e kgolo? Baiseraele ga ba a ka ba senya nako! Ruri ba ne “ba ipela ka ntlha ya go ntsha . . . meneelo ka go rata, gonne ba ne ba ntshetsa Jehofa meneelo ka go rata ka pelo e e feletseng.”—1 Ditir. 29:9.

Dingwaga di le dintsi moragonyana, Jehofa o ne a rulaganya gore go nne le sengwe se se gaisang tempele. O ne a rulaganya gore go nne le tempele ya semoya, e leng thulaganyo ya gore batho ba mo obamele ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. (Baheb. 9:11, 12) Gompieno Jehofa o thusa jang batho gore ba atamalane le ene? Ka tiro ya go dira batho barutwa. (Math. 28:19, 20) Tiro eno e dira gore ngwaga le ngwaga go tshwarwe dithuto tsa Baebele di le dimilione, go kolobediwe barutwa ba le diketekete le gore go nne le diphuthego tse disha di le makgolokgolo.

Ka ntlha ya seo, re tlhoka dikgatiso di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng, go aga le go tlhabolola Diholo Tsa Bogosi le go batla mafelo a go tshwarelwang dikopano tse dinnye le tse dikgolo gone. Ruri tiro ya rona ya go rera dikgang tse di molemo e kgolo e bile e dira gore re bone masego!—Math. 24:14.

E re ka re rata Modimo le baagelani e bile re itse gore tiro ya go rera e potlakile, re tlhotlheletsega “go tlatsa seatla . . . ka mpho ya ga Jehofa” ka go ntsha meneelo ka go rata. Ruri go a itumedisa go “tlotla Jehofa ka dilo tsa [rona] tse di tlhwatlhwakgolo” le go bona kafa didirisiwa tseo di dirisiwang sentle ka gone!—Dia. 3:9.