Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke na le mosadi wa me Tabitha, re rera

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke sa Dumele Gore Modimo o Teng

Ke ne Ke sa Dumele Gore Modimo o Teng
  • O TSHOTSWE KA: 1974

  • O TSHOLETSWE KWA: GERMAN DEMOCRATIC REPUBLIC

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A SA DUMELE GORE MODIMO O TENG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

Ke tsholetswe mo motseng mongwe kwa Saxony, e e neng e le mo German Democratic Republic (GDR). Kwa lapeng re ne re tshela monate tota e bile batsadi ba me ba ne ba nthutile melao e e siameng ya boitsholo. GDR e ne e le puso ya Bokomonisi (batho ba ba lwelang gore go nne le tekatekano) ka jalo, batho ba le bantsi mo Saxony ba ne ba sa tseye bodumedi bo le botlhokwa. Mme nna ke ne ke sa dumele gore Modimo o teng. Ke feditse dingwaga di le 18 ke dumela gore Modimo ga a yo e bile ke lwela gore go nne le tekatekano mo nageng ya rona.

Ke ne ke eletsa go bona go na le tekatekano ka gonne ke ne ke akanya gore ga go na yo o botoka go gaisa yo mongwe. Gape ke ne ke dumela gore dithoto tsotlhe di tshwanetse go kgaoganngwa sentle gore go se ka ga nna le batho ba ba humileng thata le ba ba humanegileng thata. Ka jalo, ke ne ka nna leloko la mokgatlho wa basha wa Bokomonisi. Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ke fetsa nako e ntsi ke dira porojeke ya motse ya go sela dipampiri tse di latlhilweng re bo re di dirisa gape. Baeteledipele ba toropo e e gaufi e e bidiwang Aue, ba ne ba nnaya setifikeiti ka gonne ba ne ba itumelela matsapa a ke a tsayang. Le fa gone ke ne ke le monnye, ke ne ke itse boradipolotiki bangwe ba ba kwa godimo ba GDR. Ke ne ke akanya gore ke mo tseleng e e siameng le gore ke na le bokamoso jo bo itumedisang.

Dilo di ne tsa fetoga ke sa solofela. Ka 1989, Lebota la Berlin le ne la wa le mokgatlho wa Bokomonisi wa Yuropa Botlhaba o ne wa phutlhama. Dilo di ne di nnela maswe go ya pele. Ka bonako fela ke ne ka lemoga gore go ne go tletse tshiamololo mo GDR. Ka sekai, batho ba ba neng ba sa tshegetse mokgatlho wa Bokomonisi ba ne ba tseelwa kwa tlase. Ke ne ke ipotsa gore go tla jang. Ke ne ke ithaya ke re rona Bakomonisi re dumela gore batho botlhe ba a lekalekana. Ke ne ke ipotsa gore a mme re itsietsa fela ka go akanya jalo. Ke ne ka simolola go tlhobaela thata.

Ka jalo, ke ne ka simolola go ithuta mmino le botaki. E re ka ke ne ke ithuta kwa sekolong sa mmino, ke ne ke eletsa go ya kwa yunibesithing. Ke ne ke eletsa go ipona ke dira ditiro tse dintsi tsa mmino. Gape ke ne ka tlogela melao e e siameng ya boitsholo e ke neng ke e rutilwe kwa lapeng. Ke ne ke tsaya menate le go ratana le basetsana ba le bantsi e le tsone dilo tsa botlhokwa. Mme mmino, botaki le go tshela jaaka ke batla di ne di sa dire gore ke se ka ka tlhobaela thata. Tota le ditshwantsho tse ke neng ke di taka di ne bontsha gore ke nna fela ke tshogile. Ke ne ke ipotsa gore batho ba na le bokamoso jo bo ntseng jang le gore re tshelela eng.

Ke ne ka gamarega fa ke sena go bona dikarabo tsa dipotso tsa me. Maitseboa mangwe fa ke le kwa sekolong, nna le baithuti bangwe re ne ra tlotla ka bokamoso jwa rona. Go ne go na le moithuti mongwe yo o bidiwang Mandy, * yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a nnaya kgakololo e e molemo mo maitseboeng ao. O ne a nthaya a re: “Andreas, fa o batla dikarabo tsa dipotso tsa gago ka botshelo le bokamoso, o di batle mo Baebeleng.”

Ke ne ke le pelopedi mme ke ne ka feleletsa ke batla dikarabo mo Baebeleng. Mandy o ne a nthaya a re ke bale Daniele kgaolo 2 mme ke ne ka gakgamadiwa ke se ke neng ke se bala. Boporofeti jono bo bua ka tatelano ya magosi a lefatshe, dipuso tse di nang le tlhotlheletso e kgolo mo nakong ya rona. Gape o ne a mpontsha boporofeti jo bongwe jwa Baebele jo bo buang ka bokamoso jwa rona. Jaanong ke ne ke bona dikarabo tsa dipotso tsa me! Mme ke ne ke ipotsa gore ke mang yo o kwadileng boporofeti joo le gore ke mang yo o ka bolelang pele dilo tse di tla diregang ka tsela e e nepileng jaana. A seo se ne se raya gore Modimo o teng?

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

Mandy o ne a nkopanya le banyalani bangwe ba Basupi, e bong Horst le Angelika, mme ba ne ba nthusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo botoka. Ke ne ka lemoga ka bonako gore Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba nnang ba dirisa leina la Modimo e bong Jehofa le gore ba le tsaya le le botlhokwa thata. (Pesalema 83:18; Mathaio 6:9) Ke ne ka ithuta gore Jehofa Modimo o solofetsa gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Pesalema 37:9 ya re: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe.” Ke ne ka lemoga gore Baebele ya re fa motho a batla go tshelela ruri mo lefatsheng o tshwanetse go tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo.

Le fa go ntse jalo, go ne go le thata go tshela ka melao ya Baebele. Tiro ya me ya mmino e ne e dira gore ke itseele kwa godimo, ka jalo ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go nna boikokobetso. Gape go ne go le thata go tlogela mekgwa e e sa siamang ya boitsholo. Ke leboga Jehofa thata go bo a le pelotelele, a le kutlwelobotlhoko e bile a tlhaloganya fa batho ba leka ka natla go tshela ka melao ya Gagwe e e mo Baebeleng!

Mo dingwageng tsa ntlha tse 18 tsa botshelo jwa me, Bokomonisi le go sa dumele gore Modimo o teng di ne di le botlhokwa thata mo go nna mme morago ga moo, Baebele e ne ya simolola go fetola botshelo jwa me. Se ke neng ke se ithuta se ne se dira gore ke se ka ka tlhola ke tshwenyega ka bokamoso mme sa nthusa go itse gore ke tshelela eng. Ke ne ka kolobediwa ka 1993 go nna Mosupi wa ga Jehofa mme ke ne ka nyala modumedi ka nna yo o matlhagatlhaga e bong Tabitha ka ngwaga wa 2000. Re leka go dirisa nako e ntsi re thusa batho ba bangwe go tlhaloganya Baebele. Ba le bantsi ba re kopanang le bone ga ba dumele gore Modimo o teng e bile ba rata Bokomonisi. Ke ikutlwa ke kgotsofetse thata fa ke ba bontsha gore ba ka itse Jehofa jang.

KAFA KE THUSEGILENG KA GONE

Fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, batsadi ba me ba ne ba gamaregile tota. Le fa go ntse jalo, ba ile ba lemoga gore fa e sale ke itsalanya le Basupi, botshelo jwa me bo fetogile. Ke itumedisiwa ke gore gone jaanong ba bala Baebele e bile ba nna gone kwa dikokoanong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Nna le Tabitha re itumelela lenyalo la rona ka gonne re leka go dirisa kgakololo ya Baebele e e kwaletsweng banyalani. Ka sekai, go dirisa kgakololo ya Baebele e e buang ka go ikanyega mo lenyalong go nonotsha lenyalo la rona.—Bahebera 13:4.

Ga ke tlhole ke boifa sepe e bile ga ke tlhole ke tshwenyega ka bokamoso. Ke ikutlwa ke le karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe la badumedi ka nna, ba ba nang le kagiso ya mmatota e bile ba dirisana sentle. Mo lelapeng leno, re tshwara batho botlhe ka go lekalekana. Seo ke selo se ke se batlang le se ke ba bolong go eletsa go se bona.

^ ser. 12 Leina le fetotswe.